Masaitseweng a Babilone.
Kereke Ya Paka Ya Peregamo.
William Branham.Buisa molaetsa...
Kereke Ya Paka Ya Peregamo.Babel ke leina la Babilone la ko tshimologong. Le raya ketsaetsego. Le ne la simololwa ke Kushi, morwa wa ga Ham, mme le ne la gola gofitlhela e nna bogosi jo bo nonofileng jo bo neng bo le ka fa tlase ga puso ya ga morwa wa gagwe, eleng Nimirote, wa motsomi mogolo. Nimirote, go ya ka kgatiso ya mo go Genesise wa lesome le bongwe le ka ditso, o ne a simolola a batla go diragatsa dilo tse tlharo. O ne a batla go aga setshába se se nonofileng, se a neng a e aga. O ne a batla go atisa bodumedi ja gagwe, jo aneng a bo atisa. O ne a bata go itirela leina, mo a neng a go diragatsa. Diphitlheletso tsa gagwe di ne tsa nna His segopotso mo e leng gore Babilone e ne ya bidiwa tlhogo ya gauta mo dipusong tsotlhe tsa lefatshe. Gore tumelo ya gagwe e ne ya tuma thata go rurufadiwa ke ntlha ya gore Lefoko le e kaya le Satane ka botlalo mo go Isaia Kgaolo 14 mme mo go Tshenolo Dikagaolo 17-18. MMe ka ditso re kgona go tlhomamisa gore e ne ya anama ka lefatshe lotlhe mme ke yone motheo wa tsamaiso nngwe lenngwe ya kobamelo ya medimo ya disetwa, le moono wa dithamane, le fa leina la medimo ya teng e farologanye ka dikarolo tsa lefatshe go ya ka puo ya batho. Ga gona pelaelo gore o ne a itirela leina mme ba ba neng ba mo setse morago, fa paka e re tshelang mo go yone e santse e tsweletse (go fitlelela Jeso a Itshenolela barwaraagwe) o tla tswelela a obamelwa a tlotlwa, le fa a setse a le bidiwa ka leina le sele eseng Nimirote, gape a le mo tempeleng e e farologanyeng go se kafe le e a simologileng a bakelwa mo fo yone.
Ka Baebele e sa umake dito tsa ditshába tse dingwe ka botlalo, go tla tshwanela go sekaseka dikgatiso tsa mekwalo ya bogologolo go batla karabo ya ka fa Peregamose e neng ya nna setulo sa tumelo ya Bosatane ya Babilone. Metswedi e megolo ya dikitsiso e tla bo e le mo dikgatisong tsa dingwao tsa Seegepeto le Segerika. Lebaka la se ke gore Egepeto o ne a tsaya boitsaanape le dipalo go tswa mo Bakaladieng mme go tswa foo Gerika ya e tsaya gotswa mo Egepeto.
Jaanong ka baporisita ba ne ba tlhokometse thuto ya maitsaanape a, gape ka maitsaanape a anena dirisiwa e le karolo ya tumelo, re se tse re itse selotlele sa ka fa tumelo ya Babilone e neng ya kgona go oketsa nonofo ya yone mo mafatsheng a mabedi a. Gape go boammaruri gore nakoepe fela setshába se neng se kgona go fenya se setshába se sengwe, ga nako e ntse e tswelela tumelo ya setshába se se fentseng se sengwe e ta bo e nna tumelo ya setshába se fentseng. Go itsege thata gore Bagerika ba ne ba na le dutshupo tse di tshwanang le tsa Zodiake jaaka le ka Babilone; gape go fitlhetswe mo dikgatisong tsa bogologolo tsa Baegepeto gore Baegepeto ba ne ba fa Bagerika kitso ya bone ya medimo e mentsi. Ka jalo masaitseweng a Babilone a ne a gasama gotswa mo setshábeng go ya ko setshábeng go fitlhelela a goroga ko Rome, ko China, ko India tota le ko Bokone le Borwa ba Amerika re fitlhela kobamelo yone e e tshwanang.
Ditso tsa bogologolo di dumelana le Baebele gore tumelo ya Babilone e ne e le ruri e se tumelo ya ko tshimologong ya batho ba lefatshe ba gale. E ne e le ya ntlha go fapoga gotswa mo tumelong ya ko tshimologong; mme e ne e se ka bo yone ya kwa tshimologong. Bakwala ditso ba ba tshwanang le Wilkinson le Mallett ba ile ba supa ka tsela e e tlhatswang pelo go tswa mo ditlankaneng tsa bogologolo gore ka nako nngwe batho botlhe ba lefatshe ba ne ba dumela mo MODIMO a le MONGWE, yo o kwa godimo, yo o sa khutleng, yo o sa bonaleng, Yo ka Lefoko la molomo wa Gagwe a neng a bua dilo tsotlhe gore di nne gone, le gore ka botho jwa Gagwe O ne a le lorato, a le molemo e bile a siame. Mme jaaka Satane a tla tswelela a senya se a ka se kgona, re mo mmona a senya megopolo le dipelo tsa batho gore ba gane nnete. Ereka ka metlha a ne a leka go obamelwa jaaka ekete ke ene Modimo mme eseng motlhanka le sebopiwa sa Modimo, o ne a tlosa kobamelo mo Modimong gore a tle a e goge kwa go ene mme ka jalo a godisiwe. O ne tota a diragatsa keletso ya gagwe ya go gasa tumelo ya gagwe mo lefatsheng lotlhe. Seno se netefaditswe ke Modimo mo bukeng ya Baroma, “E rile ba itse Modimo, ba se ka ba mo galaletsa jaaka Modimo, go fitlhelela ba nna lefela mo dikakanyong tsa bone, mme ka ntlha ya lefifi la dipelo tsa bone ba amogela bodumedi jo bo senyegileng go fitlha ba obamela dibopiwa mme e seng Mmopi.”
Gakologelwang, Satane e ne e le sebopiwa sa Modimo (Morwa wa Moso). Ka jalo re fitlhela gore ko go kileng ga bo go a nanisiwa nnete magareng ga batho, mme ba botlhe ba ne ba kgomarela boammaruri jo bo bongwefela joo, mme go ne ga tla letsatsi le setlhopha se segolo se ne sa fetoga go tswa mo Modimong mme ba gasagasa kobamelo ya sediabolo lefatshe ka bophara. Ditso di bolela gore ba ba neng ba le letso la ga Shem ba ba neng ba ema le nnete e e sa fetogeng ba ne ba lebaganwe ke kganetso e e teileng e e neng e tswa ko go ba letso la ga Ham yo o neng a tswa mo boammaruring mme dumela maaka a ga diabole. Ga gona nako ya go tshwara puisano ka se; e ne ya umakiwa fela gore le kgone go lemoga gore go ne go na le ditumelo tse pedi mme tse pedi fela, mme yo o bosula o ne a anama le lefatshe lotlhe.
Kobamelo ya Modimo a le mongwefela e ne ya fetolwa go nna kobamelo ya medimo e e mentsi kwa Babilone. Maaka a ga diabolo le masaitseweng a ga diabole a ne a e ma kgatlhanong le boammaruri ja Modimo le masaitseweng a Modimo kwa teropong eo. Satane ka nnete o ne a nna modimo wa lefatshe mme o ne a pataletsa gore a obamelwe ke ba a ba tsiedietseng, a ba dira gore ba dumele gore e ne e le Morena ka nnete.
Tuemelo ya medimo e e mentsi ya ga mmaba e ne ya simolola ka thuto ya boraro mo bongweng. E ne ele morago bogologolo tala fa mogopolo ya “Modimo a le mongwefelaone mo bathong ba bararo” e simologa. Go gakgamatsa jang gore baithutab bodumedi ba bo ba sa kgona go lemoga se; mme tota go supa gore ba ne ba tsieditswe ke Satane jaaka bagologolwane le bone ba ne ba tsiediwa, ba ntse ba dumela mo bathong ba bararo mo BoModimong. E kare re ka supegetswe lefelo le le ngwefela mo Lefokong fa go nang le taolo ya thuto eo. Ga go gakgamatse gore fa ditlogolwana tsa ga Ham di ne tsa tsaya tsela ya bone ya kobamelo ya ga Satane e e neng e akaretsa dintlha tsa konokono tsa medimo e meraro gore ga gona le fa ele fa go ka latedisiwang ditlogolwana tsa ga Shem di fitlhellwa di dumela mo selo se sentseng jang kana ba na le meleto ya meleto e e neng e na le mofuta wa yone. A ga go gakgamatse gore Bahebero ba ne na dumela fa Modimo a bua a re, “Reetsang, O Iseraele, Morena wa lona ke Modimo ke Modimo a le MONGWEFELA? Aborahame, e leng setlogolwana sa ga Shem, mo go Genesise 18 o ne a bone Modimo ale Mongwefela a na le baengele ba babedi.
Jaanong tumedi e ya batho ba bararo mo mothong a le mongwe e bolelwa jang? Ene e bolelwa ka khutlotharo fela jaaka e bolelwa kwa Roma mo bogompienong. Mo go gakgamatsang, ke gore Bahebere ga ba ise ba ko ba nne le mogopolo o ntseng jalo. Jaanong ke mang yo o buang nnete? A ke Bahebere kana ke Babilona? Kwa Asia mogopolo wa tumelo ya medimo e mentsi ya medimo e e meraro mo go a le mongwefela e dule mo setshwantshong sa sefikantswe se se neng se le ditlhogo tse tlharo di le mo mmeleng o le mongwefela. O tlhalosiwa jaaka botlhale jo boraro. Kwa India, ba ne ba e fitlhelaIn mo dipelong tsa bone go mo tlhalosa jaaka modimo a le mongwe mo dipopegong tse tlharo. Jaanong mo o tota ke thutabodumedi ya malatsi a sesha. Kwa Japane go na le Buddha yo mogolo yo o nanng le ditlhogo tse tlharo jaaka jo re sa tshwang go bo kaa.
Mme selo se se ba senolang mo go tsotlhe ke e e simololang mogopolo wa tumelo ya boraro mo bongweng ya Modimo a le mo dipopegong tse tlharo tsa: 1 Tlhogo ya monnamogolo e e tshwantshang Modimo Rara, 2 Kgoloko mo masaitseweng e ne e supa “Peo” se se rayang Morwa. 3 Diphuka le mogatla wa nonyane (lephoi). Se ke thutho e e neg e le ya Rara, Morwa le Mowa o o Boitshepo, batho ba bararo mo BoModimong, tumelo ya boraro mo bongweng ya mmatuta. O kgona go bona selo se se tshwanang kwa Rome. Jaanong mme ke botse gape, a ga go gakgamatse gore diabole le baobamedi ba gagwe e bile tota ba ne ba na le nnete e e senotsweng e le ntsi go gaisa ya ga rratumelo, (Aborahame) le ditlogolwana tsa gagwe? Aga go gakgamatse gore baobamedi ba ga Satane, ba ne ba itse go le gontsi ka Modimo go na le bana ba Modimo? Jaanong seo ke se barutabudumedi ba sesha ba leka go re bolelela ga ba bua ka tumelo ya boraro mo bongweng. Gakologelwang selo se sengwefela se go tsa fano: mekwalo ke dintlha tse di boammaruri mme se ke ntlha e e boammaruri- Satane ke moaki le rramaaka, mme gopefela fa a tlang ka lesedi e ntse ke maaka. Ke mmolai. Mme thuto ya gagwe ya tumedi ya boraro mo bongweng e sentse bontsi mme etla tswelela e senya go fitlhelela Jeso a tla.
Go ya ka ditso ga go a aka ga tsaya lobaka go fetolwa gore go nne dikgopolo tsa Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepo. Satane o ne a tsaya kgato go tsamaela kgakala go tswa mo boammaruring. Mogopolo o mosha wa BoModimo jaanong e ne e le: 1 Rara wa bosakhutleng, 2 Mowa wa Modimo o ne wa elama MOTHO wa mme. (A seo se go dira gore o akanye?) 3 Morwa wa Semodimo, leungo la go elamelwa moo, (peo ya Mosadi).
Mme deabole ga a kgotsofale. Ga a ise a fitlhelele kobamelo ya gagwe, fa e se ka tsela e e sa tlhamalalang. Jalo o santse a dira gore batho ba tsamaele kgakala mo boammaruring. Ka masaitseweng a gagwe o senolela batho gore ga e sale Modimo rara yo o mogolo yo o sa bonaleng ga a kgatlhale ka matshelo a batho, mme o nna a didimetse ga a tshwantshangwa le one, jalo go latela gore a bo a obamelwa ka tidimalo. Tota go raya go mo ikgatlholosa ka fa o ka kgonang ka teng, fa e se gotlhelele. Thuto e ne ya gasama le lefatshe le yone, mme gone gompieno kwa India le bona ditempele tsa mmopi mogolo, modimo yo o didimetseng, ba palo potlana.
Ka gore go ne go sa tlhokafale go obamela rara mmopi, e ne ele fela ka tlhologo gore kobamelo e ne ya fetogela ko go “Mme le Ngwana” jaaka dididrisiwa tsa kobamelo. Kwa Egepeto go ne go na le yone kobamelo e e tshwanang ya mme le ngwana ba ba neng bidiwa Isis and Osiris. Kwa India e ne e le Isi le Iswara. (Elathoko ebile maina a tshwanana.) Kwa Asia e ne e le Cybele le Deoius. Tumelo e e ne ya nna teng le kwa Rome le kwa Gerika. Le kwa China. Jalo, akanya kgakgamalo ya bangwe ba barongwa ba kereke ya Roma ya Katoliki fa ba ne ba tsena kwa China mme ba fitlhela koo Madonna le Ngwana ba na le marang a lesedi a tswa mo tlhogong ya ngwana. Setshwantsho sa sefikantswe se ne se tshwananle se se neng se le kwa Vatican fa e se ka pharologano ya dipopego dingwe tsa sefatlhego.
Jaanong go re tlama go lemoga mme le ngwana ba ko tshimologong. Modimo wa sesadi yo eleng Mmè, wa ko tshimologong kwa Babilone e ne e le Semiramis yo o neng a bidiwa Rhea kwa mafatsheng a botlhabatsatsi. O ne a tshwere ngwana mo matsogong a gagwe, yo le fa ene e le ngwana, o ne a kaiwa a le molelele, a nonofile, a le montle le bogolo jang a le kgogedi mo basading. Mo go Esekiele 8:14 o ne a bidiwa Tammuz. Mo bakwading ba maemo a a ko godimo o ne a bidiwa Bacchus. Ko Babiloneng o ne a bidiwa Ninus. Se se supelang boammaruri ja gore o supilwe e le ngwanaa le mo matsogong mme le fa gontse jalo a ba a kaiwa a le monna yo mogolo wa senata ke gore o itsege e le “Monna wa gagwe le Morwa wa gagwe”. Dingwe tsa ditlhogo tsa gagwe e ne e le “Mogatsa Mmaagwe”, mme kwa India ko bobedi bo itsegeng ka maina Iswara le Isi, ene (e leng mogatse) o supilwe a le ngwana a le mo lebeleng la mosadi wa gagwe.
Buisa molaetsa... Kereke Ya Paka Ya Peregamo.