Nako ya bofelo
motseletsele.<< fetileng
latelang >>
Ba BaTloditsweng mo Nakong ya Bolefo. Ditiragalo tsa Motlha wa Gompieno di Tlhalosiwa sentle ka Seperofiso. Modimo wa Motlha o o Bosula. Molaetsa wa go phirima ga letsatsi.
Pula e nela basiami le basiamologi.
William Branham.Balang molaetsa...
Ba BaTloditsweng mo Nakong ya Bolefo.Mathaio 24:23-24,
23 Foo fa mongwe a ka lo raya a re, Bonang, Keresete ke yo, gongwe ke yole; lo se ka lwa dumela.
24 Gonne go tlaa tlhaga Bokeresete ba seng ba boammaaruri, baporofeti ba maaka, mme ba tlaa dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso; go lekana gore, fa go ne go kgonega, ba tlaa tsietsa bone bakgethwa.Ke batla lo lemogeng fano mo go Mathaio 24, Jesu o ne a dirisa lefoko la “Bokeresete,” B-o-k-e-r-e-s-e-t-e, “Bokeresete.” E seng Keresete, mme “Bokeresete,” bontsi, e seng bongwe. “Bokeresete.” Jaanong, lefoko Keresete le raya “Yo o tloditsweng.” Mme jaanong fa e le gore ke “yo o tloditsweng,” go ka se ka ga nna le a le mongwe fela, mme ba bantsi, tloditsweng, “ba ba tloditsweng.” Lo a bona?
Fa e seng jalo, fa A ne a batlile go e tlhalosa go fetelela gore re tle re kgone go tlhaloganya botoka, O ne a ka bo a rile, “Mo metlheng ya bofelo go tlaa tlhaga batlodiwa ba eseng ba boammaaruri.” Jaanong, seo se lebega se sa kgonafale, le a bona, lefoko la, “tloditsweng.” Mme lebelelang mafoko a a latelang, “le baporofeti ba maaka,” b-a-p-o-r-o-f-e-t-i, bontsi.Jaanong, yo a tloditsweng, ke, “yo o nang le molaetsa.” Mme tsela e le nngwe fela e molaetsa o ka anamisiwang keka yo a tloditsweng, mme seo e tla bo e le moporofeti, yo a tloditsweng. “Go tla tlhaga batlodiwa , ba maaka.” Moporofeta o ruta se molaetsa wa gagwe o leng sone. Baruti ba ba tloditsweng, mme batho ba ba tloditsweng ba na le thuto ya maaka. Ba ba tloditsweng, “Bokeresete,” bontsi; “baporofeti,” bontsi. Mme fa go na le selo se se tshwanang le Keresete, bongwe, jaanong bano ba tlaa tshwanela ke go nna “ba ba tloditsweng,” gore seporofeto sa se ba neng ba se ruta se tla bo se farologanye ka gore ba ba tloditswe, ba tloditswe.
Jaanong, ke thuto ya sekolo sa Letsatsi La Tshipi, re batla go — go leka go tlisa se ko makgaolakgangeng, ka Dikwalo, e seng ka se mongwe o sele a se buileng ka sone, mme go bala Dikwalo fela.
O ka nna wa re, “Se se ka nna jang? A ba ba tloditsweng ba tla...”
Ba ne ba le eng? “Bokeresete,” B-o-k-e-r-e-s-e-t-e, ba ba tloditsweng. “Bokeresete, le baporofeti ba maaka.” Ba ba tloditsweng, mme baporofeti ba maaka!Jesu o ne bua, gore, “Pula e nela basiami le basiamologi.”
Jaanong, mongwe o ka nthaya a re, “A o dumela gore tlotso eo e e mo bathong bao e supa gore ke tlotso ya Mowa o o Boitshepo?” Ee, rra, Mowa o o Boitshepo wa boammaaruri wa Modimo o o mo mothong, mme le fa go ntse jalo e se ba boammaaruri. Jaanong reetsang ka tlhoafalo mme lo boneng se A se buileng. “Mme ba tlaa bontsha ditshupo le dikgakgamatso, go fitlhelela go tsietsa ba ba Ikgetlhetsweng fa go ne go kgonega.” Mme ba tloditswe ka Mowa o o Boitshepo wa boammaaruri. Ke a itse gore se se utlwala e kare ke boeleele, mme re tlile go tsaya nako, mme re go tlhalosa ka Lefoko, gore seo tota ke GO BUA MORENA, ke Boammaaruri.-----
Mathaio 5:45,
45 Gore lo tle lo nne bana ba ga Rraabo ba ba kwa legodimong; gonne o dira letsatsi la gagwe gore le tsoge mo bosuleng le... le na le pula e e molemo, e bong pula e e maswe le ...basiamologi.
(Pula e tshologela mo godimo ga tse di bosula jaaka tse di molemo.)Bahebere 6:7-8,
Gonne, (reetsang) lefatshe... le nwa mo puleng e e nna e le nela, gore le kgone go tlhogisa ditlhatshana tse di ba tshidisang tse di le apesang, ba amogela ditshegofatso go tswa ko Modimong:
Mme seo se se ungwang mitlwa... se mmitlwa o o ganwang, gape se gaufi le go hutsiwa; se bofelo jwa sone e leng go fisiwa.-----
Jaanong tshwantshanya seo le Mathaio 5:24 gape. Lemoga, Jesu o ne a re pula le letsatsi di tla mo lefatsheng, le Modimo a le romang go baakanya dijo le dilo tsa batho ba lefatshe. Mme pula e romelwa mo lefatsheng go dira dijo, le ditlhatshana tse di jewang. Mme mofoka, mefero, fa e le mo tshimong, le yone e amogela pula go tshwana. Pula yone e e godisang korongke yone pula e e godisang mefero.-----
Jaanong, fa, pula e nela mo ditlhatshaneng tsa tlholego tsa lefatshe, ke setshwantsho sa pula ya Semowa e e fang Botshelo jo Bosakhutleng, e nela mo Kerekeng, gonne e re bitsa pula ya sephai le pula ya kgogolammoko. Mme ke pula, e e tshologelang go tswa mo Moweng wa Modimo, go tsena mo Kerekeng ya Gagwe.Lemogang, ke sengwe se se sa tlwaelesegang thata fano. Lo a bona? Fa dipeo tseo di ne di jalwa mo mmung, ka tsela epe fela e di tseng ka fa tlase ga mmung, e ne e le mmitlwa selo sa ntlha. Mme foo korong e e neg ja jwalwa mo mmung, le ditlhatshana, e ne e le ditlhatshana le kwa tshimologong. Mme setlhatshana sengwe le sengwe se ne se itsala, gape, go supa gore se ne se le kwa tshimologong ya tlholego.
“Mme ba tlaa tsietsa Bakgetlhwa fa go ne go kgonega,” 'ka gore ba nelwa ke pula e e tshwanang, tshegofatso e e tshwanang, ba dira ditshupo tse di tshwanang, le dikgakgamatso tse di tshwanang. Lo a bona? “Ba tlaa tsietsa, kana ba tla tsietsa bakgetlhwa fa go ne go kgonega.” Jaanong, mmitlwa ga o kake wa dira sepe fa e se go nna mmitlwa le fa e lekorong ga e kake ya nna sepe fa se korong; ke se Mmopi wa nngwe le ngwe ya tsone a neng a se tlhoma kwa tshimologong. Bao ke Bakgetlhwa. Pula yone e e tshwanang!
-----
Jaanong letsatsi le ralalela ka kwano le bo le budusa tlhaka. Jaanong, ga le kake la budusa yotlhe ka nako nngwe. Fa e tswelela e, gola go itekanela, e butswa ka metlha yotlhe go fitlhelela e nna le tsebe e e feletseng. Ka jalo e, gontse jalo, le ka Kereke. E simolotse kwa bonnyenyaneng jwa yone, kwa morago kwa metlheng ya lefifi, ko e neng e le ka fa tlase ga mmu. E godile jaanong go tsena mo boitekanelong. Mme re kgona go go bona, go felelela, ka fa Modimo ka tlholego a nnang a...Ga o kake wa kgoreletsa tlholego. Ke jone bothata ja gompieno. Re fofisa dibomo, koo ko lewatleng, re le senya ka didibomo tsa atomic. Le senya mmu oo montsi naki le nako, ka go e latlhela ka mo go one. Lo kgaola ditlhare; matsubutsubu a tlile go le tsaya. Le latlhela dilo mo nokeng; e tlaa penologa. O tshwanetse go batla tsela e Modimo a dirang dilo ka teng mme o nne mo go one. Re dirile batho makoko mo dikerekeng le makgotlheng; bonang fela se re nang le sona! Nnang mo tseleng e e tlametsweng ke Modimo ya gone.
Mme, le a bona, “O romela pula,” a re boeleng ko thutong ya rona, “ko basiameng le basiamologing.” Jesu o go bolelela fano jaanong, mo go Mathaio 24, e tlaa nna sesupo ka nako ya bofelo. Jaanong, fa e le gore sesupo se tshwanetse go itsiwe fela kwa bofelong ja nako, ka jalo e tla tshwanela ke go nna morago ga go bulwa ga Dikano tseo. Lo a bona? Ke tshupo ya bokhutlo. Mo go tla nna, fa dilo tse di dirafala, e tla bo e le kwa bokhutlong jwa nako. Mme e tlaa nna sesupo, jaanong, gore Bakgetlhwa ba se ka ba tsietsego mo dilong tse. A le a tlhaloganya? Jaanong, go tshwanetswe gore go senolwe, go bonatswe.
Lemogang, gore korong le mofero di tshela ka Tlotso e e tshwanang e e tswang kwa Legodimong. Tsoopedi di a ipelela. Ke gakologelwa se, fa ke bua ka ga tiragalo e e neng ya dirala mo letsatsing la fa re neng re le kwa Green 's Mill. Ke ne ka bona ponatshegelo eo. Mme go ne go na le lefatshe le legolo, mme le ne le lemolotswe. Mme lantlha, go ne ga ta Mojwadi. Ke batla go le tlhalosetsa seo. Elang tlhokogore ke eng se se neng sa tla la ntlha, le gore ke e ng se se neng sa se latela. Mme fa Monna yo a neng a apere bosweu a tla mo lefatsheng, a jala peo, jaanong O ne a setswe morago ke monna mongwe, yo a neng a apere diaparo tse dintsho, a lebega e le senokwane, e le lenweenwee a tla fa morago ga Gagwe. Mme morago ga se se sena go diragala, ke ne ka bona dijwalo tsoopedi di tlhoga. Mme jaaka di ne di gola, e nngwe e ne e le korong mme e nngwe e ne e le mofero.
Mme go ne ga tla leuba, go tswa foo, go ne go lebega ekete, tsoopedi di ne di obametse fa fatshe di lelela gore pula e ne. Go tswa foo go ne ga tla leru le legolo le leneng le apesitse fa godimo ga tsone mo lefatsheng, mme pula e ne ya na. Mme korong e ne ya emelela ya bo e re, “A go Bakwe Morena! A Morena a Bakwe! ” Mme mofero o ne wa emelela wa goa wa re, “A go Bakwe Morena! A go Bakwe Morena! ” Maduo a a tshwanang. Tsoopedi di ne di nyeletswa ke letsatsi, tsotlhe ka bobedi di ne di swa. Mme gotswa foo korong e ne ya tla mme ya tshwarwa ke lenyora. Mme ka gore e ne e le mo tshimong e le nngwefela, tshimo e e tshwanang, lefelo le le tshwanang, ka fa tlase ga molomo o o tshwanang, go ne ga tswa korong gape ga tswa mohoka ka selo se se tshwanang. Lemogang, metsi a a tlotso a a tshwanang a a godisitseng korong, a ne a godisa mofero.
One Mowa o o Boitshepo o o tlotsang Kereke, o o ba nayang keletso go pholosa mewa ya botho, o o ba nayang maata go diragatsa metlholo, O fologela mo basiamologing go tshwana le mo basiaming. One Mowa o o tshwanang! Jaanong, ga o kake wa o lebelela ka tsela e nngwe e sele wa bo o tlhaloganya Mathaio 24:24. O ne a re, “Go tla tlhaga Bokeresete ba maaka,” ba maaka, ba ba tloditsweng. Ba tloditswe ka Selo sa boammaaruri, mme ba le baporofeta ba maaka ba Sone, e le baruti ba maaka ba Sone. Ke eng se se ka dirang gore motho a batle go nna moruti wa maaka wa selo se se leng Boammaaruri? Jaanong re tloga re tsena mo lotshwaong la sebatana mo nakong e e sa fediseng pelo, mme le tla lemoga gore ke lekoko. A le a bona? Baruti ba maaka; ba maaka, ba tloditswe. Bokeresete ba ba tloditsweng, mme e le baruti ba maaka. Ke yone tsela fela e o ka go lemogang.
-----
Lemogang, mme ke se di se ungwang se se le bolelelang pharologanyo. “Ka leungo la tsone,” Jesu a re, “le tla diitse.” “Motho ga a robe moretlwa mo sitlwasitlwaneng,” le fa sitlwasitlwane se ntse se le gônê mo mofineng. Moo go ka kgonega, fela leungo le tla e tlhalosa.
Leungo ke eng? Lefoko, go nna leungo la motlha. Ke se dithuto, tsa bone di leng sone. Dithuto tsa eng? Dithuto tsa motlha, gore re mo nakong efe. Thuto ya motho, thuto ya lekoko, fela, kgotsa Lefoko la Modimo ka motha?
Jaanong, nako e tsamaya ka bonako, gore re tle re kgone go nna mo go seo nako e telele. Mme ke tlhomamisitse gore lona ba le fano, gape ke tlhomamisitse gore lo kgabaganya setšhaba, le kgona go bona se ke lekang go se go bolelela, ka ntlha ya rona ga re bolo go nna mo gontsi go feta mo go sone.Mme o ka nna wa bona gore Tlotso e tsena mo basiamologing, baruti ba maaka, mme e ba dira gore ba dire sone tota se Modimo a se ba boleletseng gore ba se dire; mme ba tlaa go dira, lefa go ntse jalo. Ka goreng? Ga ba kgone go go thibela. Mmitlwa o ka nna eng fa e se go nna mmitlwa? Go sa kgathalesege gore se kgatšhetswe pula e e molemo jang, e tshwanetse ya nna mmitlwa. Ke sone se Jesu a neng a re, “Ba tlaa bo ba le gaufi thata mo e leng gore go tlaa tsietsa Bakhetlhwa,” ba ba leng mo meding, “fa go ne go kgonega,” mme ga go kgonege. Korong ga e kgone go dira sepe fa e se go ungwa korong; ke gotlhe mo e ka go ungwang.
Balang molaetsa...
Ba BaTloditsweng mo Nakong ya Bolefo.