Thuto ya Banikolaitane.


  Lokwalo le la Tshenolo motseletsele.

Kereke ya Paka ya Peregamo.


William Branham.

Buisa molaetsa...
Kereke ya Paka ya Peregamo.

Tshenolo 2:15,
“O bile o na le bangwe ba ba tshegeditseng thuto ya Banikolaitane, e e leng selo se ke sa serateng.”

Le tla gakologelwa gore ke ne ka supa mo Pakeng ya Baefeso, gore lefoko, Senikolaitane, le tswa mo mafokong a mabedi a Segerika: Nikao le le rayang go fenya, le Lao le le rayang phutlhego ya kereke. Nikolaitane go raya, “go fenya phutlhego”. Ke eng fa selo se e le selo se se sa siamang? Ga se a siama ka gonne Modimo ga a ise a ko a beye Kereke ya Gagwe mo diatleng tsa boeteledipele bo bo tlhophilweng bo bo tsamaisanyang le tlhaloganyo ya sepolotiki. O beile kereke ya Gagwe mo tlhokomelong ya banna ba ba tlhomilweng ke Modimo, ba ba tladitsweng ka Mowa, baba tshelang Lefoko ka go ba fepa ka Lefoko. Ga a k a kgaoganya batho ka ditlhopha gore ditirelo di etelelwepele ke boperesita jo bo boitshepo. Go boammaruri gore boeteledipele bo tshwanelwa ke go nna boitshepo, mme le phutlhego e tshwanelwa ke go nna boitshepo. Mo godimo ga moo, ga gona gope mo Lefoko fa baperesita kana baruti kana ba ba ga gare le Modimo le batho, kana gore go na le lefelo le fa ba kgaogantsweng mo kobamelo ya bone ya Morena. Modimo o batla botlhe go Mo rata le go Mo direla botlhe. Senikolaitane se senya melao eo mme go na le moo se kgaoganya baruti le batho le go dira baeteledipele go itsaya jaaka barena mo go ba batho boemong ja go nna batlhanka.

Jaanong thuto e e simolotse e le diiro mo pakeng ya ntlha. Go lebega gore mathata a mo mafokong a mabedi a: 'bagolwane' (batiakone) le 'balebeledi' (babishopo). Le fa Lefoko le supa gore go na le bagolwane bangwe mo kerekeng nngwe le nngwe, ba bangwe ba simolotse (Ignatius e le mongwe wa bone) go ruta gore kakanyo ya mobishopo e ne e le nngwe e e neng e na le maemo a a kwa godimo kana e na le taolo le go laola bagolwane.

Jaanong boammaruri ba kgang ke gore lefoko 'mogolwaner' le supa se motho a leng sone, ga lefoko 'mobishopo' le supa maemo a a tshwanang. Mogolwane ke monna. Mobishopo ke maemo a monna. 'Mogolwane' le sale letswa ebile le tla tswelela le raya go latelana ga maemo ka dingwaga mo Moreneng. Ke mogolwane, eseng ka gore o tlhophilwe kana o tlhomilwe, le jalo, mme ka gore O MOGOLWANE. O katisitswe thata, eseng setlaboshane, yo o ikanyegang ka gore o na le itemogelo gape a sa bolo go direla go tlhomamisa maitemogelo a gagwe a Sekeresete.

Mme nyaa, babishopo ga ba a ka ba sala morago mekwalo ya ga Paulo, mme go na le moo ba ne ba tsaya pego ya ga Paulo ka nako ya fa a ne a biditse bagolwane gotswa kwa Efeso go tla kwa Miletus mo go Ditiro 20. Mo temaneng ya 17 go begiwa jaana, ba ne ba bidiwa “bagolwane” mme mo temana 28 ba ne bitswa balebedledi (babishopo). Mme babishopo ba, (ga go na pelaelo gore ba ne ba na le mowa wa sepolotiki le go ba eletsa gonna le thata) boemong ja moo 'balebeledi' ba ne ba le kwa godimo ga mogolwane wa mo lefelong yo o nang le maemo mo kerekeng ya gagwe. Mo go bone mobishopo jaanong e ne e le yo a okametseng a laola baeteledipele ba le bantsi ba lefelo. Mogopolo o o ne o se ka fa Lefokong lefa e le mo ditsong, le ntswa monna wa seemo se se tshwanang le sa ga Polycarp o ne a ikaigile ka tsamaiso e e ntseng jalo.

Ka jalo, se seneng sa simolola e le tiro mo pakeng ya ntlha se ne sa dirwa thuto mme go ntse jalo le mo nakong eno. Babishopo ba santse ba bua gore ba na le taolo ya go laola le go berekisanya le bone ka fa ba ratang ka teng, go ba baya mo maemong a ba ba a ratelang mo bodireding. Se se gana le ketelelopele ya Mowa o o Boitshepo Yo a neng a re, “Ntomololelang Paulo le Barenabase, gore ba ye tirong e ke e ba bileditseng” Se ke moganetsa-Lefoko le moganetsa-Keresete.

Mathaio 20:25-28,
“Mme Jesu a ba ipiletsa, mme a re Le a itse fa balaodi ba Baditšhaba ba le bogoma mo go bone, le bagolo ba bone ba gagamatsa taolo mo go bone. Mme ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; Mme gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona: Fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.“

Mathaio 23:8-9,
“Mme lona, le se ka la bidiwa Rabi, gonne Moruti wa lona O mongwe fela; mme lona lotlhe le bomorwarraalona. Mme leo se ka la bitsa ope rraeno mo lefatsheng: gonne Rraeno o mongwe fela, Yo o leng kwa legodimong.”

Gore re kgone go tlhalosa se le go feta, tla ke tlhalose Sekolaitane ka tsela e e ntseng jaana. Le gakologela mo go Tshenolo 13:3 gore ya re,
“Mme ka bona tlhogo nngwe ya sone, e kete se ne se kile sa tlhokofatswa gore se swe: mme go gothokofatswa ga sone go ne go fodile: mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago.”

Jaanong re itse gore tlhogo e e thokofaditsweng e ne e le Mmuso wa Roma wa seheitane, dipuso tsa dipolotiki tsa lefatshe tseo. Tlhogo e e ne ya tlhagelela gape e le “Mmuso wa semowa wa Katoliki ya Roma”. Jaanong lebelela se ka kelotlhoko. Roma ya boheitane e ne ya dira eng se eneng ya nna lebaka la go bo a atlegile? O ne a, “kgaoganya le go fennya.” Eo e ne e le peo ya Roma- kgaoganya o bo o fenya. Meno a gagwe a tshipi a ne a kgagolakanya a bo a ja. Yo a neng a mo kgagolakanya a bo a mo ja o ne a sa kgone go rula gape jaaka fa a ne a senya Carhage le go mo tshela letswai. Yone peo ya tshipi e e tshwanang e ne ya salela mo go ene ga a tlhagelela e le kereke e e seng ya nnete, le maikemisetso a gagwe a sala a ntse a tshwana-go kgaoganya le go fenya. Seo ke Senikolaitane mme Modimo ga a se rate.

Jaanong ke ntlha ya ditso e e itsegeng gore e rile ga phoso e tsenelela mo teng ga kereke, batho ba ne ba simololatse gokwaisa ba lwela go tsaya maemo a bobishopo ka mabaka a gore maemo a a ne a fiwa ba ba neng ba rutegile thata gape ba na le dikhumo tse di bonalang gape ba na le mogopolo wa sepolotiki. Kitso ya setho le lenaneo le ne la simolola go tsaya marapo mo botlhaleng ja SeModimo le Mowa o o Boitshepo o ne o sa tlhole e laola. Se e le ruri bosula jo bo kotsi, gonne babishopo ba ne ba simolola go tshegetsa gore go ne go sa tlhole go tlhokafala Mokeresete yo o boitsholo jo bo phepa go rera Lefoko kanago dira ditiro mo kerekeng gonne se se le botlhokwa e ne e le dikarolo le meletlo tse di neng di le botlhokwa. Se se ne sa letelela banna (bareedi) gore ba robale le basadi mo phutlhegong.

Ka dithuto e e dirilweng ke motho ya go tlhatosa babishopo maemo mo go seng ka fa Lefokong, se se neg se latela e ne e le go fa direto tsa maemo tse di agang tsamaiso ya bodumedi; gonne go ise go ye kae go ne go setse go na le maemo a bobishopo ba bagolo ba ba neng ba okametse bobishopo le bakadinale ba ba neng ba okametse bobishopo ba bagolo mme ka nako ya ga Boniface wa boraro go ne go na le mopapa yo o neng a okametse botle, e leng Mopontifi.

Ke eng ka thuto ya Banikolaitane le go kopanngwa ga Bokeresete le SeBabelona maduo a tshwanetse go nna se Esekiele a neng a se bona mo kgaolo 8:10,
“Jalo ka tsena, mme ka bona; mme bonang, ga bo go le setshwano sengwe le sengwe sa dilo tse di gagabang, le sa ditshedi tse di maswe, le medimo yotlhe ya disetwa ya ba ntlo ya Iseraele, tsa bo di kwadilo ditshwantsho mo loboteng.”

Tshenolo 18:2,
“Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re, Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jaa mewa e e maswe le bonno ja mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo ja nonyane nngwe le nngwe e e makgaphila le e e ilwang, gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe.”

Jaanong thuto e ya Banikolaitane, molao o o neng wa simololwa mo kerekeng ga o a ka wa atlega ka batho ba ba ntsi gonne ba ne ba kgona go bala lekwalo le le sa tlwaelegang kana polelwana mo Lefokong e e kwadilweng ke mongwe motho yo o semodimo. Jalo kereke e ne ya dira eng? E ne ya o ne a kgaola barutuntshi ba basiami le go fisa memeno. Bane ba re, “go tsaya thutego e e faphegileng go bala le go tlhaloganya Lefoko. Ke eng Petere a ne a re bontsi ja dilo tse di neng di kwadilwe ke Paulo di ne dile thata go tlhaloganyesega.” Ga ba sena go tsaya Lefoko mo bathong, ka bonako go ne ga tla nako e batho ba neg ba reetsa se moperesita a neng se bua fela, le go dira se a ba se bolelelang. Bane ba bitsa seo Modimo le Lefoko le le Boitshepo. Bane ba tsaya marapo mo ditlhaloganyong le matshelo a batho mme ba ba dira batlhanka ba boperesiti jwa bobusaesi.

Jaanong fa o batla go tlhomamisa gore Kereke ya Katoliki e bata matshelo le ditlhaloganyo tsa batho, reetsa fela taelo ya ga Theodosius X. Taelo ya Ntlha ya ga Theodosius.

Taelo e e ne ya ntshitswa ka bonako morago ga a sena go kolobetswa ke Kereke ya Ntlha ya Roma. “Rona ba babusibagolo ba bararo re tla dira gore batho ba re ba busang ba tshwarelele le go ngaparela tumelo e e neng ya rutwa ke Moitshepi Peter ko Baromeng, e e neng ya e bolokwa ka boikanyegi ka ngwao gape e janong e e ne ya bolelwa ke mopapa, eleng Damasus wa ko Roma, le Petere, eleng mobishopo wa kwa Alexandria, monna wa ko Apostolic holiness go ya ka according go tlhomiwa ga Baaposetoloio, le dithuto tsa Efangele; a re dumeleng mo BoModimo bo bongwefela ja Rara, Morwa le Mowa o o Boitshepo, ja yo mogolo ka go lekana mo Borarong jo bo Boitshepo. Re laela gore balatedi ba tumelo e ba bitswe Bakeresete ba Katoliki ; re tla tshwaya balatedi botlhe ba ba se nang tlhaloganyo ba ditumelo tse dingwe tse tsa maina a a sa itsegeng a baingwaodi, gape re di nang ka leina le le tumileng thata la baikeodi, gape re thibela ditirelo tsa diphutlhego tsa bone tse ba di bitsang dikereke. Kwantle ga go kgala tshiamiso ya bomodimo, ba tshwanetse go lebelela kotlhao e e bokete e bolaudi ja rona, bo e kaeleng ka botlhale jwa selegodimo bo tla akanyang tshwanetse go dirwa...”

Melao e e lesome le botlhano e e filweng ke mmusimogolo yo, one wa amoga baefangelee go dirisa ditshwanelo tsa bone tsa bodumedi, o ne wa ba ntsha mo ditirong tsotlhe tsa puso, mme wa ba tshosetsa ka go ba duedisa madi a kotlhao, ka go ba gapela, le go ba koba, e bile mo mabakeng mangwe, go nna le kotlhao ya loso.

Le itse go reng? Re tsamaela gone mo tseleng eo gompieno.

Kereke ya Katoliki ya Roma e ipitsa Mma dikereke. E ipitsa kereke ya ntlha ya kwa tshimologong. Seo ke nnete. E ne e le Kereke ya Ntlha ya kwa Roma e e neg ya kgeloda mme ya tsena mo sebeng. Ke yone eneg ya simolola makoko. Go ne ga fitlhelwa ditiro le thuto ya Banikolaitane mo go yone. Ga gona yo o ka ganetsang gore ke mme. Ke mme mme o tsetse barwadi. Jaanong morwadi o tswa mo go mme. Mosadi yo o apereng seaparo se se bohibidu jo bo letlhololo o kotame mo dithabeng tse supa tsa kwa Roma. Ke seaka mme o tsetse barwadi. Barwadi bao ke dikereke tsa Porotesetanta tse di neng tsa tswa mo go ene mme tsa boela gape mo mokgatlhong le mo Bonikolaitaneng. Mmè yono wa dikereke tse e leng bomorwadie o bidiwa seaka. Ke mosadi yo o neng a sa ikanyege mo maikanong a gagwe a lenyalo. O ne a nyetswe ke Modimo mme morago ga moo a dira kgokafalo le diabolo mme mo kgokafalong ya gagwe o ne a tshola barwadi ba ba tshwanang le ene. Motlhakanô ono wa mmè le morwadie o kgatlhanong le Lefoko, o kgatlhanong le Moya mme ka jalo ke moganetsa Keresete. Ee, MOGANETSAKERESETE.

Jaanong pele ke tswelela pele ke batla go umaka gore bobishopo bano ba ne ba akanya gore ba kwa godimo ga Lefoko. Ba ne ba bolelela batho gore ba ka itshwarelwa maleo a bone fa ba a ipolela. Seo e ne e se boammaaruri. Ba ne ba simolola go kolobetsa masea mo lekgolong la bobedi la dingwaga. Tota e bile ba ne ba kolobetsa ka kolobetso ya go tsalwa sesha. Ga go gakgamatse go bo batho ba tlhakane tlhogo gompieno. Fa e le gore ba ne ba tlhakane tlhogo thata ka nako eo, ba le gaufi thata le Pentekosete, jaanong ba mo seemong se se utlwisang botlhoko thata, ba le kgakala le boammaaruri jwa ntlha ka dingwaga di ka nna 2000.

Kereke ya Modimo, go na le tsholofelo e le nngwe fela. Boela kwa Lefokong mme o nne le lone.

Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Peregamo.


Sephiri sa Kreste.

Webosaete ya
lekwalodikgang
la Seesimane.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le Saense.
Tshupane.

Elija moperofeta.

Ditaba tse monate.
Jesu o swetse
dibe tsa gago.

Kolobetso Metsi.

 
 

Leru le fetang tlhaho.

Pilara ya Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(Seesimane)

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(Seesimane)

Leina La Modimo.

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
motseletsele.

Thutamarope.
Sodoma le Gomora.

Boleo jwa Tshimologo.
A e ne e le Apola?

Masaitseweng a
Babilone.

   Baebele ya re...

“Gonne e ke yone kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo,” go bua Jehofa; “ke tlaa tsenya melao ya me mo mogopolong wa bone, ke e kwala le mo pelong tsa bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.

Bahebere 8:10



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Thuto ya ga Balaame.)


Modimo o na le
ditlhogo tse di
ntsi:... mme o
ne a na le leina
le le lengwe fela
la setho mme
leina leo ke Jeso.


Tobetsa setshwantsho gore o laisolole PDF
kgotsa setshwantsho sa bogolo jo bo tletseng.


Acts of the Prophet.

(PDFs Seesimane)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF Seesimane)

Letlhakore la thaba
le setlhatshana sa
dirosa mo kapokong
kwa China.

Dilili tsa molelo.

Pilara ea Molelo.
- Houston 1950.

Lesedi mo lefikeng
la piramiti.


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.