Thuto ya ga Balaame.


  Lokwalo le la Tshenolo motseletsele.

Kerekeng ya Tesetamente e Ntšha.


William Branham.

Buisa molaetsa...
Kereke ya Paka ya Peregamo.

Tshenolo 2:14,
“Gonne o na le bangwe ba ba dumalanang le thuto ya ga Balame yo o neng a ruta Balake go baya sekgopi fa pele ga Baiseraele gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto le go dira boaka.”

Jaanong ga o ka ke wa nna le thulaganyo ya ga Senikolaitane mo kerekeng mme ga o ka ke wa nna le thuto e nngwe gape. A o a bona, fa o tlosa Lefoko la Modimo le go tsamaya ga Moya jaaka mokgwa wa kobamelo (ba ba nkobamelang ba tshwanetse go nkobamela ka moya le ka boammaaruri) foo o tla tshwanela go naya batho mofuta o mongwe wa kobamelo go e emisetsa, mme go e emisetsa go kaya go obamela Balaame.

Fa re batla go tlhaloganya gore thuto ya ga Balaame ke eng mo kerekeng ya Tesetamente e Ntšha go botoka gore re boele morago mme re bone gore e ne e le eng mo kerekeng ya Tesetamente e Kgologolo mme re e dirise mo motlheng oo wa boraro mme re bo re e tlisa mo motlheng wa gompieno.

Pego eno e mo go Dipalo kgaolo 22 go ya go 25. Jaanong re a itse gore Baiseraele e ne e le batho ba Modimo a ba tlhophileng. E ne e le Ba-Pentekosete ba motlha wa bone Ba ne ba tshabetse kafa tlase ga madi, botlhe ba ne ba kolobeditswe mo Lewatleng le Lehibidu mme ba tswa mo metsing ba opela mo Moyeng le go bina ka maatla a Moya o o Boitshepo, fa Miriame, moperofeti wa mosadi, a ne a letsa moropa wa gagwe. Jalo, morago ga nako e e rileng ba ntse ba tsamaya bana ba Iseraele ba ne ba fitlha kwa Moabe. A le gakologelwa gore Moabe e ne e le mang. E ne e le morwa wa ga Lote ka mongwe wa bomorwadie, mme Lote le ene e ne e le setlogolo sa ga Aberahame, ka jalo Iseraele le Moabe ba ne ba amana. Ke batla gore le lemoge seno. Bamoabe ba ne ba itse boammaaruri, kana ba ne ba tshela go dumalana le jone kana nnyaa.

Ya re Iseraele a sena go fitlha kwa melelwaneng ya Moabe, a roma barongwi kwa kgosing ya Moabe, a re: “Re bana ba ga rraeno. Re letlelele go feta mo nageng ya gago. Fa batho ba rona kgotsa diruiwa tsa rona di ja kgotsa di nwa sengwe, re tla se duela ka boitumelo.” Mme Kgosi Balake o ne a itumela thata. Tlhogo eo ya setlhopha seo sa Banikolaite e ne e sa batle go letla kereke gore e dire ditshupo tsa yone le dikgakgamatso le ditshupo tse di farologaneng tsa Moya o o Boitshepo, difatlhego tsa bone di phatsima ka kgalalelo ya Modimo. Go ne go le kotsi thata, ka gonne a ka nna a latlhegelwa ke bangwe ba batho ba gagwe. Ka jalo Balake o ne a gana go letla Baiseraele gore ba fete. Tota e bile, o ne a ba boifa thata jaana mo a neng a ya kwa moporofeting yo o neng a mo thapile yo o neng a bidiwa Balaame mme a mo kopa gore a nne motsereganyi fa gare ga gagwe le Modimo mme a kope Mothatayotlhe gore a hutse Iseraele, mme a dire gore ba se ka ba kgona go dira sepe. Mme Balaame, ka a ne a tlhoafaletse go nna le seabe mo dikgannyeng tsa dipolotiki le go nna monna yo mogolo, o ne a itumelela go dira jalo fela thata. Mme ka a ne a bona gore o tshwanetse go atamela, le go amogela bareetsi go tswa go Modimo go hutsa batho ka gonne a ne a ka se kgone go dira jalo ka boene, o ne a ya go kopa Modimo gore a mo letle go tsamaya. Jaanong a seo ga se tshwane le se se dirwang ke Banikolaite ba re nang le bone gompieno? Ba hutsa mongwe le mongwe yo o sa tsamayang ka tsela ya bone.

Fa Balaame a ne a kopa Modimo gore a mo letle go tsamaya, Modimo o ne a mo gana. Ijoo seo se a fatlha! Mme Balake o ne a mo pateletsa, a mo solofetsa tuelo le tlotlo e kgolwane. Ka jalo Balaame o ne a boela kwa Modimong. Jaanong karabo e le nngwe fela e e tswang kwa Modimong e ne e tshwanetse ya bo e lekane. Mme e seng ka ntlha ya ga Balaame yo o neng a ikakanyetsa a le esi. Fa Modimo a bona boikepo jwa gagwe, o ne a mo raya a re a eme mme a tsamaye. O ne a palama esele ka bonako mme a tsamaya. O ne a tshwanetse go lemoga gore seno e ne e le thato ya Modimo fela e e letlelelang mme o ne a ka se kgone go ba hutsa le fa a ne a leka ka makgetlo a le masome a mabedi. A bo batho ba tshwana le Balaame jang ne gompieno! Ba dumela mo Medimong e meraro, ba kolobediwa ka direto tse tharo go na le gore ba kolobediwe ka LEINA, mme lefa go ntse jalo Modimo o tla ba romelela Moya jaaka a ne a dira ka Balaame, mme ba tla tswelela ba dumela gore ba nepile tota, mme fano tota ke Baalame ba ba itekanetseng. Bona, thuto ya ga Balaame. Lefa gontse jalo tswelela. Dira kafa o batang ka teng. Ba re, “Modimo o re segofaditse. Go tshwanetse ga bo go siame.” Ke a itse gore o go segofaditse. Ga ke ganetse seo. Mme ke tsela e e tshwanang le e Balaam a neng a tsamaya ka yone. Ke go gana Lefoko la Modimo. Ke thuto ya maaka.

Ka jalo, Balaame o ne a tsamaya mo tseleng go fitlha moengele wa Modimo a ema mo tseleng ya gagwe. Mme moperofeti yoo (mobishopo, mokadinale, modulasetulo, moporesidente le molebedi yo mogolo) o ne a foufaditswe mo dilong tsa semoya ke go akanya ka tlotlo le kgalalelo le madi mo a neng a sa kgone go bona moengele yo o emeng ka tšhaka e e gonyeditsweng. O ne a ema foo gore a thibele moporofeti yo o neng a tsenwa. Tonkana e ne ya mmona mme ya tshabela kwa pele le kwa morago go fitlha kgabagare e thula leoto la ga Balaame mo leboteng la lentswe. Tonki e ne ya ema mme ya se ka ya tswelela. O ne a ka se kgone. Jalo, Balaame o ne a gologa mme a simolola go e itaya. Go tswa foo tonki e ne ya simolola go bua le Balaame. Modimo o ne a dira gore tonki eo e bue ka loleme. Tonki eo e ne e se peo e ya motswako; e ne e le peo ya kwa tshimologong. O ne a raya moperofeti yo o foufaditsweng a re: “A ga ke tonki ya gago, mme a ga ke a go rwala ka boikanyegi?” Balaame o ne a araba a re, Ee, ee, o tonki ya me mme o ntsere ka boikanyegi go fitlha jaanong; mme fa ke sa kgone go go dira gore o tsamaye, ke tla go bolaya... whoa! Ke eng seno, o bua le tonki? Go a gakgamatsa, ke ne ke akanya gore ke utlwile tonki e bua mme ke ne ke e araba.”

Modimo o ne a bua ka leleme ka nako tsotlhe. O ne a bua kwa moletlong wa ga Beleshasare mme morago ga moo a bua ka Pentekosete. O dira jalo gape gompieno. Ke tlhagiso ya katlholo e e tlang.

Go tswa foo moengele o ne a bonala mo go Balaame. O ne a bolelela Balaame gore fa e ne es e ka tonki o ne a ka bo a sule gone jaanong ka gonne a ne a raela Modimo. Mme fa Balaame a ne a solofetsa gore o tla boela morago, o ne a romelwa a na le kgakololo ya gore a bue fela se Modimo a neng a se mo neile.

Jalo Balaame o ne a fologa mme a aga dibeso di le supa tsa diphologolo tse di phepa tsa setlhabelo. O ne a bolaya phelefu e e neng e le tshwantsho ya go tla ga Mesia. O ne a itse se a tshwanetseng go se dira go atamela Modimo. O ne a na le thuto ya lefoko sentle; mme e seng maatla; e tshwana fela le gone jaanong. A ga lo bone, lona Banikolaite? Go ne go na le Baiseraele kwa tlase kwa mokgatšheng ba ntsha setlhabelo se se tshwanang, ba dira dilo tse di tshwanang mme go ne go na le mongwe fela yo o neng a na le ditshupo tse di latelang. Go ne go na le a le mongwefela yo a neng a na le Modimo. Popego ga e ke tla e go isa gope. Ga e ka ke ya tsaya maemo a ditshupo tsa Semowa. Ke se se neng sa direga kwa Nicaea. Ba ne ba tlhoma thuto ya ga Balaame, e seng ya Modimo. Mme ba ne ba kgopiwa; ee ba wa. Ba ne ba nna batho ba ba suleng.

Fa setlhabelo se sena go dirwa, Balaame o ne a ipaakanyeditse go porofeta. Mme Modimo one a bofa leleme la gagwe gore a se ka a kgona go ba hutsa. O ne a ba segofatsa.

Balake o ne a galefile thata, mme go ne go se na sepe se Balaame a neng a ka se dira ka sepofeto seo. E ne e builwe ke Moya o o Boitshepo. Jalo Balake o ne a raya Balaame a re a ye kwa tlase, kwa mokgatšheng, mme a ba leba kwa morago go bona gore a ga go na tsela epe e a ka ba hutsang ka yone. Mekgwa e Balake a neng a e dirisa e tshwana le e ba e dirisang gompieno. Mekgatlho e megolo ya bodumedi e nyatsa ditlhopha tse dinnye, mme sengwe le sengwe se ba se bonang mo gare ga bone se dira gore go nne le tlhakatlhakano ba a se ntshetsa kwantle ba goelele ka ga sone. Fa e le gore batho ba motlha wa segompieno ba tshela ka boleo, ga go na ope yo o buang sepe ka gone; mme a mongwe wa batlhophiwa a tsene mo mathateng mme pampiri nngwe le nngwe ya dikgang e tla bega ka gone mo nageng yotlhe. Ee, Iseraele o ne a na le diphoso (senama) tsa gagwe. Ba ne ba na le letlhakore la bone le le neng le sa tshwanelwe ke pako; mme lefa go ntse jalo go sa kgathalesege bosaitekanelang ja bone, ka maikaelelo a Modimo ao a dirang ka tlhopho, ka tshegofatso mme eseng ka ditiro, BA NE BA NA LE LERU MOTSHEGARE LE PILARA YA MOLELO BOSIGO, BA NE BA NA LE LEFIKA LE LE BETLILWENG, NOGA YA KGOTLHO LE DITSHUPO LE DIKGAKGAMATSO. Ga ba a ka ba itshepisiwa ka bobone- mme ba ne ba itshepisiwa ka Modimo.

Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Peregamo.


   Baebele ya re...

“A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.”

Deuteronome 6:4



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Mosadi yoo Jesebele.)



Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.


Sephiri sa Kreste.

Webosaete ya
lekwalodikgang
la Seesimane.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le Saense.
Tshupane.

Elija moperofeta.

Ditaba tse monate.
Jesu o swetse
dibe tsa gago.

Kolobetso Metsi.

 
 

Leru le fetang tlhaho.

Pilara ya Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(Seesimane)

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(Seesimane)

Leina La Modimo.

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
motseletsele.

Thutamarope.
Sodoma le Gomora.

Boleo jwa Tshimologo.
A e ne e le Apola?

Masaitseweng a
Babilone.

Tobetsa setshwantsho gore o laisolole PDF
kgotsa setshwantsho sa bogolo jo bo tletseng.


Acts of the Prophet

(PDFs Seesimane)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF Seesimane)

Letlhakore la thaba
le setlhatshana sa
dirosa mo kapokong
kwa China.

Dilili tsa molelo.

Pilara ea Molelo.
- Houston 1950.

Lesedi mo lefikeng
la piramiti.

Modimo o na le
ditlhogo tse di
ntsi:... mme o
ne a na le leina
le le lengwe fela
la setho mme
leina leo ke Jeso.