Ketapele ya Dipaka tsa Dikereke.


  Lokwalo le la Tshenolo motseletsele.

Dikereke kwa Asia Minor.


William Branham.

Buisa molaetsa...
Kereke ya Paka ya Baefeso.

Gore o tlhaloganye sentle molaetsa wa Dipaka tsa Dikereke ke rata go tlalosa melaometheo e e farologanyeng e e nkgontsitseng gore felela ke supile maina a barongwa, le lobaka la dipaka, le mabaka a a umakilweng.

Ka gore thuto e ne e tshwanelwa ke gore ya bo e le masisi thata mo dithutong tse ke kileng ka di ruta, ke ne ka rapela malatsi a mantsi gore Mowa wa Modimo o mpge tlhotheletse. Gotswa foo ke gone ke neng ka bala Ditemana ka Dipaka tsa Dikereke mme ka sekaseka ke ithuta ka ditso tsa kereke tse di ntsi tse keneng ka di fitlhela tse di kwadilweng ke baithuti ba ditso ba ba senang tlhaolele. Modimo ga a ka a palelwa kke go araba thapelo yame, ka gonne ga ke ne ke bala ka ditso le Lefoko, Mowa o o Boitshepho o ne wa nkgontsha go lemoga mokwa mo dikerekeng o o neng o itshupa go tloga ka dikereke tsa gale go fitlhela le bogompienong, mo pakeng e e ya bofelo.

Selotlele sa Morenna se ke neng ka se fiwa gore ke kgone go lemoga moronngwa wa paka nngwe le nngwe ke se se ka fa Lefokong. Tota se ka bidiwa modi wa konokono wa Baebele. Ke sthenolelo e Modimo a sekeng a e fetola, mme le gore ditsela tsa Gagwe ga di fetoge jaaka a sa fetoge. Mo go Bahebere. 13:8 ya re,

“Jesu Keresete e ntse ke ene yo o tshwanang le wa maabane le wa gompieno,le wa ka bosakhutleng.”

Moreri 3:14-15,
“Ke a itse go re, sengwe le sengwe se Modimo o se dirang, se tlaa nnela ruri ka bosakhutleng: ga se kake sa okediwa ka sepe, le fa e le go fokodiwa ka sepe, mme Modimo o go dirile, gore batho ba tle ba boife fa pele ga Gagwe.
Se se kileng sa bo sele teng ka gale; le se se tlaa nnang se ne se ntse se le teng ka gale; mme Modimo o bile o batla gape sone se se fetileng.”

Ke e fano: Modimo yo o sa fetogeng yo o nang le ditsela tse di sa fetogeng. Se a se dirileng LANTLHA O tla tshwanelwa ke go tswelela a se dira go fitlhelela se diriwa la BOFELO. Ga kake ga nna le phetogo epe. Tshwantsha seo le Dipaka tsa Dikereke. Mofuta wa motho yo Modimo a mo thophang go nna morongwa wa paka ya ntlha, le ka fa Modimo a iponafaditseng mo bodireding joo, e tla nna sekai mo dipakeng tsotlhe tsa dikereke tse dingwe. Se Modimo a neng a se dira mo pakeng ya kereke ya ntlha ke se A batang go se dira mo go tse dingwe tsotlhe.

Jaanong re itse tota go tswa mo Lefokong le le neng la gatisiwa ka Mowa o o Botshepho ka fa ya ntlha, kana kereke ya kwa tshimologong, e ne ya tlhomiwa le ka fa Modimo a iponagaditseng mo go ene. Lefoko ga le kake la fetoga kana la fetolwa gonne Lefoko ke Modimo. Johane 1:1,

“E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.”

Go fetola lefoko le lengwe la lone, jaaka Efa a ne a dira, a tsisa sebe le leso, le jaaka le boa mo go Tshenolo 22:18-19,

“...Fa motho mongwe a ka a oketsa, Modimo o tlaa mo okeletsa ka dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong:
Mme fa motho mongwe a ka fokotsa mafoko a lokwalo lo lwa polelelopele, Modimo o tlaa tlosa kabelo ya gagwe mo setlhareng sa botshelo, le mo motseng o o boitshepo, e bong mo dilong tse di kwadilweng mo lokwalong lo.”

Jalo, he se kereke ene ele sone kwa Pentekosete ke tekanyetso. Ke o ne mokgwa. Ga gona mokgwa o mongwe ope. Go sa kgatlhalasege gore baithuti bareng, Modimo GA A ISE A SEKE a fetole mokgwa oo. Se Modimo a se dirileng kwa Pentekosete O tshwanetse go tswelela a se dira go fitlhelela dipaka tsa dikereke di felela.

Lefa baithuti ba ka le bolelela gore paka ya aposetoliki e fedile, le seka la ba dumela. Tshwaelo e e ntseng jalo e phoso ka mabaka a mabedi. Selo sa ntlha, go phoso go akanyetsa gore ga go sa tlhole go na le baaposetoloi, fela ka gore ba kwa tshimologong ba sule. Aposetole goraya yo o romilweng,; mme gona le ba le babntsi ba ba romilweng mo nakong eno, mme ke barongwa ba ba biditsweng. Fa batho ba santse ba bidiwa le go romiwa ka Lefoko la Botshelo go raya gore paka ya baaposetoloi e ntse e tsweletse. Sa bobedi, ba bua ka maata a Mowa o o Boitshepho a bonagadiwang e setse e fetile fa e sale Baebele fediwa. Seo ga se nnete. Ga gona le fa ele Temana e e bolelang jalo, mme ba le bantsi ba setse ba tsere tshwetso ya gore gontse jalo. Seno ke thurufatso ya rona ya go supa gore dintlha tseo tse pedi ga se nnete.

Ditiro 2:38-39,
“Petere a ba raya a re, Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
Gonne lefoko la tsholofetso le raya lona le bana ba lona, le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena Modimo wa rona o tlaa ba ipiletsang.”

Tsholofetso ya nonofo e baaposetoloi baneng ba e newa kwa Pentekosete ke ya “lona (Bajuta), le ko baneng ba lona (Bajuta), le go botlhe ba ba kgakala (Badichaba), le ko go ba Morena Modimo wa rona a tla ba ipiletsang (Bothe Bajuta le Badichaba)”. Molaetsa wa Pentekosete le maatla GA DI KETLA DI EMA, go fitlhelela a emisa go bitsa.

Se kerekeng e ne ya nna le sona kwa Pentekosete tshwanelo e e ka sekeng ya e amogiwa. Gotswa kawa tshimologong, kereke e ne e na le Lefoko la Modimo le le itshekileng. E ne e na le maata a Mowa o bonegegadiwa ka ditshupo tse di farologanyeng le dikgakgamatso le dineo tsa Mowa o o Boitshepho.

Bahebere 2:1-4,
“Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo.
Gonne fa Lefoko le le builweng ka baengele le fitlhetswe le le tlhomamo, mme tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa (Lefoko) ga bona tuelo ya tefiso e e lekalekanyeng;
A na rona re tlaa falola jang, fa re tlhokomologa poloko e e kalo; E e rileng e sena go bolelwa pele ka Morena, ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng;
Modimo le one o ntse o supa nabo ka ditshupo, le dikgakgamatso, le ka dinonofo di le dintsi, le ka dineo tsa Mowa o o Boitshepo, ka fa go rateng ga one?”

Kereke eo ya matlhomo ko tshimologong e ne e sa rulagangwa ke batho. E ne e eteletswe pele ke Mowa wa Modimo. E ne e se tona thata. E ne e ratiwe gape e nyatsitswe. Ene e gateletswe. Ene ya bogisiwa ka go bolaiwa. Ene e le boammaruri mo Modimong. E ne ya tshegetsa mokgwa wa ka gale wa Lefoko.

Jaanong le seka la lathega fa. Ga ke ne kere Modimo le ditsela tsa Gagwe ga di ke di fetoga, ke ne ke sa reye gore kereke le barongwa ba yone ga di kake tsa fetoga. Kereke ga se Modimo. Jalo kereke e kgona go fetoga. Mme se ke se buileng ke ne kere ka ntata ya Modimo yo o sa fetigeng le ditsela tsa Gagwe tse di sa fetogeng re kgona go boela kwa tshimologong mme ra bo re lemoga tiro yantlha ya Modimo e e itekanetseng mme re bo redirisa tekanyetso eo go kala. Ke gone ka fa go dirwang ka teng. Kereke ya Nnete e tla leka go tshwana jaaka ya matlhomo kwa Pentekosete ka nako tsotlhe. Kereke ya Nnete ya nako eno e tla leka go tshwana jaaka ya matlhomo kwa ya ntlha. Mme barongwa ba dikereke, ba ne ba na le Mowa wa Modimo o o tshwanang mo go bone, ba tla leka go tshwana le moaposoloi Paulo. Gaba kake ba tshwana le ene tota tota; mme barongwa ba nnete e tla nna bone ba ba ka nnang gaufi le gotshwana Paulo, yo o neng a na le kgololesego mo bathong botlhe, a ineetse ka botlalo mo Modimong, mme a fa Lefoko la Modimo hela, mme a bonagagatsa maata a Mowa o o Boitshepho. Ga gona ope yo o ka dirang jalo. O tshwanelwa ke go bereka o simolola ka dilo tsa matlhomo. Jaaka go ka twego na le go itsala, Kereke ya Nnete e ta leka ka nako tsotlhe go sala morago dikgato tsa basimolodi ba kwa Pentekosete le barongwa ba gagwe ba tla sala moaposetoloi Paulo, yo o neng ele morongwa wa paka ya kereke ya ntlha. Go motlhofo fela jaalp, gape go a itumedisa.

Ka selotele se, se se motlhofo, mme itumedisa thata, ke ne ka kgona, ka thuso ya Mowa o o Boitshepho, go bala Lekwalo la Tshenolo le ditso gape ka fitlhela mo pakeng nngwe le nngwe, morongwa wa yone, sebaka sa paka nngwe le nngwe, le karolo e morongwa mongwe le mongwe a neng a e tshameka ka maikaelelo a Modimo gotswa Pentekosete go ya go tsena kwa pheleletsong ya dipaka tseo.

Jaanong ka gore le tlhaloganya ka fa re sekasekang se Kereke ya Nnete e neng e ntse ka teng (se aneng a le sone kwa Pentekosete le se a neng a le sone ka paka ya baaposetoloi jaaka e tlhomilwe mo Lefokong mo Lekwalong la Ditiro) re ka dirisa molao o o tshwaang go re supegetsa ka fa kereke e paletsweng ka teng. Phoso, kana diphoso, tse di neng tsa kukunela mo kerekeng ya ntlhagape di ne tsa senolwa mo Lekwalong la Ditiro le la Tshenolo le mo lokwalong la boaposetoloi le tla bonagadiwa ka go ketsega le dipaka jaaka di latelelana, go fitlhelela re tsena mo nakong ya bofelo ya lefifi, kana Paka ya Laodikea.

Jaanong gotswa mo seloteleng se sa ntlha se re se amogetseng gotswa ko Moreneng, foo go tla nnete ennwe e e sa itumedseng.. Ke rile Kereke ya Nnne ka nako tsotlhe e ta leka go tshwana le jaaka e ne e le mo Lekwalong la Ditiro. Seo ke nnete tota. Re lemogole gape gore Lefoko le ruta gore go tla nna le thokonnete e ntsi go fitlhelela gonna lefifi le legolo le le tla timetsangnnete mo nakong ya bofelo fa Modimo a tloga bonala. Potso e e tlang mo megopolong ya rona ke gore; a Modimo o ka latlha batho ba Gagwe le go ba lesa ba wela mo seemong sa tsietso e e feletseng? Ga gona se sentseng jalo, gonne Temana e papametse mogo Mathaio 24:24, ya re Bakgetlwa ga ba KAKE ba tsiediwa.

“Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa bonatsa ditshupo tse dikgolo, le dikgakgamatso; GORE FA GO KA NNA JALO, ba timetse le ba e leng bakgetlhwa ka bosi.”

Mme keng? Karabo e papametse fa pele ga rona. Gona le Kereke ya NNete le kereke e e seng ya nnete. Gona le wa nnete le mofine o e seng wa nnete. Ee mme kereke eo e e seng ya nnete, eleng mme wa mofine o e seng wa nnete, e tla nna e leka go fekeetsa wa Kereke ya Nnete le go ganetsa gore ke, yone ya mmatota gape e ya thomamo eseng Bakgetlhwa. Kereke e e seng ya nnete e ta leka go bolaya ya Nnete. Ke gone ka fa go neng go ntse ka fa teng mo Lekwalong la Ditiro, ke gone ka fa e tlhomilweng ka teng mo dipakeng tse supa, gape ke ka fa bolelwang mo pading ya Baaposetoloi ba ba farologanyeng. Ke gone ka fa e saleng entse ka teng. Ke gone ka fa eleng ka teng le mo bogompienong. Ke ka fa e tlanna ka teng. Ga e kake ya fetoga.

----
Dikereke tse tse di neng di le kwa Asia Minor di ne di nale mokgwa mongwe, ka nako eo ya gale ya bogologolo, e e neng ya nna leungo le le buduleng la dipaka tse di neng di latela. Se eneng e le dimela ta peo morago kwa di ne tsa nna thobo e e buduleng, fela jaaka Jeso a buile,
“Gonne fa ba dira dilo tse mo setlhareng se setala, go tlaa dirwa eng mo go se se omeletseng?” Luke 23:31.

Buisa molaetsa...
Kereke ya Paka ya Baefeso.



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Laodikea - paka ya rona.)


Sephiri sa Kreste.

Webosaete ya
lekwalodikgang
la Seesimane.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le Saense.
Tshupane.

Elija moperofeta.

Ditaba tse monate.
Jesu o swetse
dibe tsa gago.

Kolobetso Metsi.

 
 

Leru le fetang tlhaho.

Pilara ya Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(Seesimane)

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(Seesimane)

Leina La Modimo.

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
motseletsele.

Thutamarope.
Sodoma le Gomora.

Boleo jwa Tshimologo.
A e ne e le Apola?

Masaitseweng a
Babilone.

   Baebele ya re...

Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, lesedi ga le ketla le nna ka phatsimo le ka lotobo;

mme e tlaa nna letsatsi le le lengwe fela le le itsiweng ke Jehofa; e seng motshegare, le e seng bosigo; mme go tlaa dirala, go re, e re ka lotlatlana lwa maitsebowa go tlaa bo go le lesedi.

Sekaria 14:6-7


Tobetsa setshwantsho gore o laisolole PDF
kgotsa setshwantsho sa bogolo jo bo tletseng.


Acts of the Prophet.

(PDFs Seesimane)

God, Hidden and
Revealed in simplicity.

(PDF Seesimane)

William Branham
Life Story.

(PDF Seesimane)

How the Angel came
to me.

(PDF Seesimane)


 


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.