Laodikia - paka ya rona.


  Lokwalo le la Tshenolo motseletsele.

Kereke ya Paka ya Laodikia.


William Branham.

Buisa molaetsa...
Kereke ya Paka ya Laodikia.

Tshenolo 3:15-19,
15 Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, e bile o se molelo: Ke rata go re o bo o le tsididi kgotsa molelo.
16 Jaanong ka o le bothitho fela, o se molelo le fa e le tsididi, ke tla go kgwla kwantle ka molomo Wame.
17 Gonne o a re, ke mohumi, ke na le dithoto tse di ntsi tse di oketsegileng, ga ke tlhoke sepe; mme ga o itse fa o bohutsana, le yo o tlhomolang pelo, le mohumanegi, le sefofu, le yo o sa ikategang;
18 Ke go gakolola gore o reke gouta mo go nna, e e itshekisitsweng ka molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o apare, mme ditlhong tsa go tlhoka go sa ikatega ga gago di se ka tsa senoga; le setlolo sa matlho go tshasa matlho a gago, gore o tle o bone.
19 Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela, ke a ba Otlhaya: ka jalo, tlhagafala, mme o ikotlhaye.

Fa re ntse re bala se mmogo ke tlhomamisa gore le lemogile gore Mowa ga o a bua sepe se se molemo ka paka e. O ba latofatsa ka dilo tse pedi a bo a ba bua katlholo ya Gagwe mo go bone.

(1) Tshenolo 3:15,16 “Ke itse ditiro tsa gago gore ga o tsididi e bile ga o bolelo: Ke eletsa e kete o ka bo o le tsididi kana o le mogote. Jaanong ka o le bothitho fela, o se molelo le fa e le tsididi, ke tla go kgwela ko ntle ka molomo wa me.”

Re tla sekaseka kgang e ka kelotlhoko. E bua gore setlhopha se sa kereke ya paka ya Laodikia se bothitho. Go nna mololo mo go tlhoka kotlhao go tswa ko Modimong. Kotlhao ke gore o tla ba kgwela kontle ga molomo wa Gagwe. Ga re batle go latlhega fa jaaka batho ba le bantsi ba latlhegile. Ba bua ka go tsela ya go tlhoka botlhale gore Modimo o ka go kgwela kontle ga molomo wa Gagwe mme seo se supa gore ga go na boammaaruri bope mo thutong ya boitshoko ja Baitshepi. Ke batla go baakanya ka fa le akanyang ka yone gone jaanong. Temana e ga e a neelwa motho mongwe. E filwe kereke. O bua le kereke. Mo godimo ga moo, fa le ka nna fela le tshegeditse Lefoko mo megopolong ya lona le tla gakologelwa gore ga go na gope mo le reng re mo MOLOMONG wa Modimo. Re kwadilwe mo diatleng tsa Gagwe. Re rwelwe mo sehubeng sa Gagwe. Bogologolo ka nako ya paka e esa itsiweng ga nako re ne re le mo mogopolong wa Gagwe. Re mo lesakeng la Gagwe la dinku, le mo mafulo a Gagwe, mme ga re mo molomong wa Gagwe. Mme ke eng se se mo molomong wa Morena? Lefoko le mo molomomg wa Gagwe.
Mathaio 4:4,
“Mme a araba a re, Go kwadilwe ga twe, Motho ga a ketla a tshela ka senkgwe fela, mme o tshela ka Lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.”
Le rona Lefoko le tshwanetse go nna mo melomong ya rona. Jaanong re a itse gore kereke ke mmele wa Gagwe. Ke gone fa fa e tsayang maemo a Gaggwe. Ke eng se se tla bong se le mo molomong wa kereke? Ke LEFOKO.
1 Petere 4:11,
“fa motho mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko a Modimo.”
2 Petere 1:21,
“Gonne ka nako e e fetileng seporofeto ga se a ka sa tla gorata ga motho fela: mme e ne e le ka banna ba ba boitshepo ba Modimo ba ne ba bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo.”
Jaanong ke eng se se phoso ka batho ba ba malatsi a bofelo? BA DULE MO LEFOKONG. GA BA SA TLHOLE BA LE TLHAGA KA GA LONE. BA MOLOLO KA GA LONE. Ke tsile go tlhomamisa seo gone jaanong.

MaBapotisete ba na le ditumelo le dithuto tsa bone tse di theilweng mo Lefokong mme ga o kake wa di fetola. Ba re malatsi a baaposetoloi a dikgakgamatso a fetile mme ga go na Kolobetso ya Mowa o o Boitshepo morago ga go dumela. Ba-Methodist ba bua (ba ikaegile ka Lefoko) gore ga go kolobetso ya metsi (go kgatsha ga se kolobetso) le gore go itshepisiwa ke kolobetso ka Mowa o o Boitshepo. Kereke ya ga Keresete e na le bokgoni jo bogolo mo kolobetsong ya go tsosolosiwa mme mo makgetlhong a le mantsi ba tsena mo metsing e le baleofi ba ba omileng mme batswe ele baleofi ba ba metsi. Lefa go ntse jalo ba bus gore thuto ya bone e theilwe ka Lefokong. Tsamaya go fitlhela o tsena kwa Bakereseteng ba Pentekosete. A ba na le Lefoko? Ba leke ka Lefoko mme o te o bone. Ba tla ananya Lefoko la Modimo go emelwa ke maikutlo ka nako nngwe le nngwe. Fa o ka kgona go ntsha ditshupo tse di tshwanang le lookwane le madi le diteme le ditshupo tse dingwe, e ka tswa e le mo Lefokong kana nnyaa, kana e ka tswa e le go le ranola sentle go tswa mo Lefokong, bontsi bo tla dumela. Mme jaanong go diragetseng eng ka Lefoko? Lefoko le ne la beelwa ko tlhoko, ka jalo Modimo a re, “Ke kgatlhanong le lona lotlhe. Ke tla le kgwela kwantle ga molomo Wame. Se ke bokhutlo. Ka bosupa mo dipakeng tse supa, ga ke ise ke bone sepe fa e se batsho ba tseetseng kwa godimo mafoko a bone go feta Lame. Ka jalo, ka bokhutlong ja paka e ke tla le kgwela kwantle ga molomong Wame. Go fedile. Ke tsile go bua sentle. Ee, ke fa mo gare ga Kereke. Amen wa Modimo, yo o ikanyegang le yo o boammaaruri o tla iponagatsa mme e TLA NNA KA MOPOROFETA WAME.” Oo ee, go ntse jalo.

Tshenolo 10:7,
“Mme e tlaa re mo malatsing a lentswe la moengele wa bosupa, fa a tlaa tloga a letsa, foo go bo go wediwa masaitseweng a Modimo, ka fa mafokong a a molemo a o a boleletseng baperofeti batlhanka ba One.”

Ke leo. O romela moporofeta yo o tlotlomaditsweng. O romela moporofeti morago ga dingwaga di ka nna dikete tse pedi. O romela motho yo o sa tsamaelelaneng le mokgatlho, thutego, le lefatshe la bodumedi jaaka Johane wa Mokolobetsi le Elija wa bogologolo, O tla utlwa fela go tswa mo Modimong mme o tla bua fela “go bua Morena” mme a bue mo boemong ja Modimo. O tla nna molomo wa Modimo mme JAAKA GO BOLETSWE MO GO MALAKI 4:6, O TLA RETOLOLA DIPELO TSA BANA GO BOELA KO GO TSA BORRAABONE. O tla busetsa bakgetlhwa ba malatsi a bofelo mme ba tla utlwa moperofeti yo o tlhomamisitsweng a bua boammaaruri jo bo tlhomameng jaaka go ne go ntse ka Paulo. O tla busetsa boammaaruri mo go bone jaaka ba ne ba na le bone. Mme ba ba kgetlhilweng ba tla nna le ene ka letsatsi leo e tla nna bone ba ba tla supang Morena ka boammaaruri le go nna Mmele wa Gagwe le go nna lentswe la Gagwe le go dira ditiro tsa Gagwe. Hallelujah! A le lemoga seo?

Go sekaseka ditso tsa kereke ka bokhutshwane go tla supa kafa kakanyo e e leng boammaaruri ka teng. Mo Dipakeng tsa Lefifi Lefoko le ne le sa tlhole le itsiwe ke batho gotlhelele. Mme Modimo o ne a romela Luther ka LEFOKO. Ba-Lutheran ba ne ba bua mo boemong ja Modimo ka nako eo. Mme ba ne ba rulaganya, mme gape Lefoko le le itshekileng le ne la latlhega ka gonne mokgatlho wa kereke o ne o sekametse mo go dumeleng dithuto tsa motheo le ditumelo, e seng Lefoko le le motlhofo. Ba ne ba sa tlhole ba kgona go bua mo boemong ja Modimo. Go tswa foo Modimo o ne a romela Wesley, mme e ne e le lentswe le le nang le Lefoko mo pakeng ya gagwe. Batho ba ba neng ba amogela tshenolo ya gagwe go tswa ko Modimong e ne ya nna makwalo a a tshelang a a neng a balwa le go itsiwe ke batho botlhe mo pakeng ya bone. Fa Ba-Methodist ba ne ba palelwa, Modimo o ne wa tsosa ba bangwe mme go ne ga tswelela jalo go tsamaya ka dingwaga go fitlhelelamo pakeng e ya bofelo go nna le batho ba bangwe gape mo lefatsheng, bao ba tla bong ba le ka fa tlase ga morongwa wa bone go nna lentswe la bofelo la paka ya bofelo.

Ee rra. Kereke ga e tlhole e le “molomo” wa Modimo. Ke molomo wa yone ka sebele. Ka jalo Modimo o a e tlhanogela. O tla e didimatsa ka moperofeti le monyadiwa, ka gore lentswe la Modimo le tla bo le le mo go ene (monyadiwa).
Ee go ntse jalo, ka go re e supa mo kgaolong ya bofelo ya Tshenolo temana 17, “Mowa le monyadiwa ba re tla”.
Lefatshe le tla utlwa gape ka tlhamalalo go tswa mo Modimong jaaka kwa Pentekosete; mme eleruri Monyadiwa yoo wa Lefoko o tla kgalwa jaaka mo pakeng ya ntlha.

Jaanong o ne a goeletsa mo pakeng e ya bofelo a re, “Le na le Lefoko. Le na le Dibaebele di le dintsi le feta, mme ga le dire sepe ka Lefoko fa e se go le kgaoganya le go le thubaganya, le tsaya se le se batlang mme le tlogela se le sa se batleng. Ga o kgatlhalele go le TSHELA, mme le kgatlhwa ke go tlhola le le go ganetsana ka lone. E kete o ka bo o le tsididi kana o le bolelo! Fa e le gore o ne o le tsididi mme o sa go gana, nka kgona go itshokela seo. Fa e le gore o ne o ka thagafalela go itse boammaaruri le go tshela, Ke ne ke tla go akgola ka seo. Mme fa le amogela Lefoko Lame mme le sa le tlotle, Nna ke tla gana go le tlotla. Ke tla go kgwela kwa ntle ka gonne o mpherosa sebete.”

Jaanong mongwe le mongwe o a itse gore metsi a a bothitho a dira gore o feroge sebete. Fa e le gore o batla go kgwa, metsia abolelo ke one a siametseng go nowa. Kereke e e bothitho e ferositse dirile gore Modimo sebete mme O boletse gore o tla e kgwela kwa ntle. Go re gakolola kafa A neng A ikutlwa ka teng pele ga morwalela, a ga go a nna jalo?

E kete kereke e ka bo e le tsididi kana e le mogote. Se se molemo le go feta ke gore e tshwanetse go nna tlhaga (mogote). Mme ga e a nna tlhaga. Katlholo ya yone e setse e builwe. Ga e sa tlhole e le lentswe la Modimo mo lefatsheng. O tla nna a bolela gore ke Lentswe la Modimo mo lefatsheng, mme Modimo ga a rialo.

Modimo o sa ntse a na le lentswe go ya kwa bathong ba lefatshe, fela jaaka A file monyadiwa lentswe. Lentswe leo ke lmo monyadiweng jaaka re setse re buile mme re tla bua ka lone moragonyana.

(2) Tshenolo 3:17-18, “Ka gore o bua o re, Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe; mme o sa itse fa o le sotlegile, e bile o le bohutsana, le lehuma, le bofofu, gape o sa ikatega; Ke go gakolola gore o reke gouta mo go nna, e e itshekisitsweng ka molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o apare, mme ditlhong tsa bosaikatega jwa gago di se ka tsa senoga; le setlhare sa matlho go itlotsa matlho gore o tle o bone.”

Jaanong lebelela mafoko a ntlha a temana e, “ka gonne wa re”. Bonang, ba ne ba bua. Ba ne ba bua e le melomo ya Modimo. Se se supa se tota ke neng ke se kaya fa ke ne ke bua ka ditemana 16-17. Mme le fa ba bua jalo, seo ga se dire gore go nne jalo. Kereke ya Katoliki e bolela gore ke molomo wa Modimo, e buagore ke lentswe le le tlhomamisitsweng la Morena. Ke itse go le gontsi gore batho ba ka nna boikepo mo semoyeng jang, mme ba maungo a matshelo a bone a tsamaelelana le peo e e mo go bone, mme re itse gore peo eo e tswa kae, a ga go a nna jalo?

Ke reke ya Laodikia e a bua ya re: “Ke humile, ke humile thata, ga ke tlhoke sepe”. Ke gone go itseela kwa godimo ga gagwe. O ne a itebelella mme ke sone se a neng a ipona a le sone. O ne a re, “Ke humile”, mo go rayang gore o humile ka dilo tsa lefatshe le.
O ikgantshatsetsa fa pele ga sefatlhegosa ga Jakobe James 2:5-7,
“Reetsang, bakaulengwe ba me ba ba rategang, A Modimo ga o a ikgetlhela bahumanegi ba lefatshe go nna bahumi mo tumelong le barua-boswa ba bogosi bo a bo solofeditseng ba a ba mo ratang? Mme le ne la nyatsa bahumanegi. A bahumi ga ba le gatelela, gape ba bo ba le gogela ko pele ga dikgotlatshekelo? A ga se bone ba ba thapatsang Leina le le nang le le tshwanela le le biditsweng ka lone?”
Jaanong ga ke reye gore motho yo o humileng ga a kake a nna wa Semowa, mme rotlhe re itse gore Lefoko le bua gore ke ba sekae bahume ba ba semowa. Bahumanegi ke bone ba ba leng bantsi mo mmeleng wa kereke ya boammaaruri. Jaanong, fa kereke e ka nna le dikhumo tse dintsi, re itse selo se le sengwefela; go kwadilwe mo dikgorong tsa yone go twe: “Ichabod” (ke gore kgalalelo ya Modimo e dule). O ka se ka wa ganetsa seo, ka gore seo ke Lefoko.

Buisa molaetsa...
Kereke ya Paka ya Laodikia.


Sephiri sa Kreste.

Webosaete ya
lekwalodikgang
la Seesimane.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le Saense.
Tshupane.

Elija moperofeta.

Ditaba tse monate.
Jesu o swetse
dibe tsa gago.

Kolobetso Metsi.

 
 

Leru le fetang tlhaho.

Pilara ya Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(Seesimane)

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(Seesimane)

Leina La Modimo.

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
motseletsele.

Thutamarope.
Sodoma le Gomora.

Boleo jwa Tshimologo.
A e ne e le Apola?

Masaitseweng a
Babilone.

   Baebele ya re...

Bona, ke eme fa kgorong ke kokota: fa motho mongwe, le fa e le mang a utlwa lentswe Lame, a bo a mpulela, Ke tlaa tsena kwa go ene ke je nae, le ene le nna.

Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a nne le Nna mo setulong Same sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke kotame le Rre mo setulong sa Gagwe sa bogosi.

Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.

Tshenolo 3:20-22



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Keresete kwa ntle ga Kereke.)




Tobetsa setshwantsho gore o laisolole PDF
kgotsa setshwantsho sa bogolo jo bo tletseng.


Acts of the Prophet.

(PDFs Seesimane)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF Seesimane)

Letlhakore la thaba
le setlhatshana sa
dirosa mo kapokong
kwa China.

Dilili tsa molelo.

Pilara ya Molelo.
- Houston 1950.

Lesedi mo lefikeng
la piramiti.


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.