Hisitori ya Kereke.
<< fetileng
latelang >>
William Branham.Gore o tlhaloganye sentle molaetsa wa Dipaka tsa Dikereke ke rata go tlalosa melaometheo e e farologanyeng e e nkgontsitseng gore felela ke supile maina a barongwa, le lobaka la dipaka, le mabaka a a umakilweng.
Selotlele sa Morenna se ke neng ka se fiwa gore ke kgone go lemoga moronngwa wa paka nngwe le nngwe ke se se ka fa Lefokong. Tota se ka bidiwa modi wa konokono wa Baebele. Ke sthenolelo e Modimo a sekeng a e fetola, mme le gore ditsela tsa Gagwe ga di fetoge jaaka a sa fetoge. Mo go Bahebere. 13:8 ya re, “Jesu Keresete e ntse ke ene yo o tshwanang le wa maabane le wa gompieno, le wa ka bosakhutleng.”
Ke e fano: Modimo yo o sa fetogeng yo o nang le ditsela tse di sa fetogeng. Se a se dirileng LANTLHA O tla tshwanelwa ke go tswelela a se dira go fitlhelela se diriwa la BOFELO. Ga kake ga nna le phetogo epe.
Jaanong re itse tota go tswa mo Lefokong le le neng la gatisiwa ka Mowa o o Botshepho ka fa ya ntlha, kana kereke ya kwa tshimologong, e ne ya tlhomiwa le ka fa Modimo a iponagaditseng mo go ene.
Lefoko ga le kake la fetoga kana la fetolwa gonne Lefoko ke Modimo. Johane 1:1, “E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.”
Jalo, he se kereke ene ele sone kwa Pentekosete ke tekanyetso. Ke o ne mokgwa. Ga gona mokgwa o mongwe ope. Go sa kgatlhalasege gore baithuti bareng, Modimo GA A ISE A SEKE a fetole mokgwa oo. Se Modimo a se dirileng kwa Pentekosete O tshwanetse go tswelela a se dira go fitlhelela dipaka tsa dikereke di felela.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Baefeso.
Dikereke kwa Asia Minor.
Efeso.
Toropo ya Efeso e ne nngwe ya ditoropo tse di kgolo tsa Asia. Gantsi e ne e bidiwa toropo ya boraro ya tumelo ya Sekeresete, Jerusalema e e ya ntlha, le Antioch e le ya bobedi. Ene e le toropo e e humileng thata. Goromente e ne e le ya Roma mme puo e ne e le Segerika.
Balang molaetsa... Kereke ya Paka ya Baefeso.
Semerena.
Toropo ya Semerena e ne e kwa bokone ja Efoso kwa molomong wa lefelo le le bidiwang Semerena Gulf. Ka ntata ya boemelo ja dikepe bo bo ntle e ne e leboremelelo ja kgwebo bo neng bo tumile ka dithoto tse di neng di romelwa kwa ntle. Gape e ne e tlhaolgile ka dikolo tse di rutang thutapuo, mokwalo le puo tsa tlhotlheletso, filosofi, thuto ya bongaka, le dikago tse di ntle.
Lefoko Semerena le raya, “botlhoko,” le tserwe mo lefokong le gotweng, mera. Mera o ne o dirisiwa go omeletsa baswi gore mmele wa bone o seka wa senyega. Ka jalo refitlhela dintlha tse pedi tse di botlhokwa mo leineng la paka e.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Semerena.
Peregamo.
Peregamo (leina la bogologolo) e ne e le kwa Mysia, mo kgaolong e e neg e nosediwa ke dinoka ts tlharo, tse nngwe ya tsone ene e elelela mo lewatleng. E ne e kaiwa e le toropo e ntle e galalela go feta mo Asia. Ene e le toropo ya ngwao e na le motlobo ya dibuka o o neng o tsaya maemo a bobedi morago ga o o neng ole kwa Alexandria. Le fa go ntse jalo e ne ele totopo ya sebe se segolo, e ne e tshabeletswe ke boitsholo jo bo sa siamang ja ngwao ya kobamelo tlhakanelo dikobo ya ga Aesculapius, yo ba neng ba mo obamela a le mo sebopegong noga e e neng e ruetswe gape e jesediwa mo tempeleng.
Setulo Sa Bogosi Sa Ga Satane le Lefelo La Bonno Ja Gagwe. Peregamo e ne e sa simologane e le lefelo le le leng bonno ja ga Satane (go ya ka matshelo a setho). Babilone o nna a dirisiwa jaaka motsemogolo tshwantso ga go buiwa. Kobamelo ya ga Satane e simolotse ko toropong ya Babilone.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Peregamo.
Thiatira.
Go ya ka ditso, toropo ya Thiatira e ne e le one o o neng o se botlhokwa thata mo toropong tsotlhe tse supa tsa Tshenolo. E ne e le mo melelwaneng ya Mysia le Ionia. E ne e dikologilwe ke dinoka di le dintsi, mme di ne di tletse ka menyophi. Karolo ya yone e emolemo e ne ele gore e ne e humile ka lebaka ka ntlha ya mekgatlho ya badiri ba dipitsa tsa letsopa, ba ba dirang ka letlalo, ba ba logang, ba ba fetolang mebala, ba ba dirang diaparo, jalo le jalo. Lidia, morekisi wa leloba le le phepole, o ne a tswa mo motseng ono. E ne e le ene Mo-Yuropa wa ntlha wa ga Paulo go sokologa.
Jaanong lebaka la go bo Moya o ile wa tlhopha toropo e gore e nne yone e e setseng e na le dilo tsa semoya mo motlheng wa bonè e ne e le ka ntlha ya bodumedi jwa yone. Bodumedi jo bogolo jwa kwa Thiatira e ne e le kobamelo ya ga Apollo Tyrimnaios e e neng e kopanngwa le kobamelo ya mmusimogolo. Apollo e ne e le modimo wa letsatsi, e bile e ne e le ene yo o latelang rraagwe e bong Seuse ka maatla.
Go botlhokwa go ela tlhoko gore leina Thyatire ka bolone le kaya gore, “Mosadi yo o Laolang”.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Thiatira.
Saredisa.
Saredisa e ne e le motsemogolo wa Lidia wa bogologolo. E ne ya tswa mo diatleng tsa magosi a kwa Lidia a a kwa Baperesia mme go tswa foo a ya kwa go Alexander yo Mogolo. E ne ya kobiwa ke Antiochus yo Mogolo. Morago ga moo dikgosi tsa Peregamo di ne tsa busa go fitlha Baroma ba tsaya puso. Ka nako ya ga Tiberio e ne ya senngwa ke dithoromo tsa lefatshe le dipetso. Gompieno ke mokoa wa marope e bile ga go na ope yo o nnang mo go yone.
Bodumedi ja motse o e ne e le kobamelo e e seng phepa ya modimo wa sesadi Cybele. Marope a magolo a tempele a sa ntse a ka bonwa.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Saredisa.
Filadelefia.
Philadelphia e ne e le dikilometara di le masome a supa le botlhano kwa borwabotlhaba ja Saredisa. E ne e le toropo wa bobedi o mogolo mo Lidia. E ne e agilwe mo godimo ga dithaba di le mmalwa mo kgaolong e e itsegeng thata ka go lema mofine. Madi a yone a ditshipi a ne a tshwantshitswe tlhogo ya ga Bacchus le setshwantsho sa Baccante (moperesiti wa mosadi wa ga Bacchus).
Teropo e ne e nna le dithoromo tsa lefatshe tse di ntsi, mme lefa go ntse jalo e ne e le yone e neng ya tsaya lobaka le leleele go gaisa diteropo tse supa tse di mo go Tshenolo. Tota e bile, toropo e e santse e le teng ka leina la Se-Turkey la Alasehir, kana Toropo ya Modimo.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Filadelefia.
Laodikia.
Leina, Laodicea, le le rayang, “ditshwanelo tsa batho” le ne le tlwaelesegile thata mme le ne la newa ditoropo tse di mmalwa go tlotla basadi ba segosi ba ba neng ba bidiwa jalo. Toropo e ne e le ya ditoropo tse di neng di le botlhokwa thata mo dipolotiking e bile e humile ka madi kwa Asia Minor. Baagedi ba toropo eo ba ba tlotlegang ba ne ba tlogelela torop eo dithoto tsa bone tse dintsi.
E ne e le lefelo la sekolo se segolo sa kalafi. Banni ba yone ba ne ba itsege thata ka botswerere ja bone mo go tsa botaki le saense. Gantsi e ne e bidiwa'motsemogolo' ka gonne e ne e le boremelelo ja ditoropo dingwe tse di masome a mabedi le botlhano. Modimo wa boheitane o o neng o obamelwa koo e ne e le Seuse. Tota e bile, motse o o kile wa bidiwa Diopolis (Motse wa ga Seuse) go tlotla modimo wa bone. Ka ngwaga wa lekgolo la bone la dingwaga go ne ga tshwarwa lekgotla la kereke le le botlhokwa koo. Dithoromo tsa lefatshe tse di neng di nna di direga gantsi di ne tsa dira gore e phuagangwe.
Buisa molaetsa... Kereke ya Paka ya Laodikia.