Kolobetso ya metsi.
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.
William Branham.Buisa molaetsa...
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.Ke dumela gore go tsaya tshenolo tota gotswa ko Moweng o o Boitshepho go bona boammaruri ka ga Bomodimo tota mo malatsing ano fa releng mo gare ga tshokamiso ya Ditemana tse di ntsi. Mme kereke e e fenyang, kereke e e fenyang e agilwe mo tshenolong jalo re ka solofela gore Modimo a re senolele Nnete ya gagwe.
Le fa gontse jalo, ga o tlhoke tshenolo ka go kolobediwa ka metsi. E foo e papametse ego lebile mo matlhong. A go ka kgonagala gore ka motsotso baaposetole ba bo ba gogelwa gosele go tswa mo taelong e e tlhamaletseng ya Morena go kolobetsa mo Leineng la Rara le Morwa le Mowa o o Boitshepho mme foo ba bo ba fitlhelwa ba le mo botlhokakutlong jwa ka bomo? Bane ba itse gore Leina e ne e le mang, ebile ga gona gope mo Ditemaneng fa ba neng ba kolobetsa ka tsela epe fela fa e se mo Leineng la ga Morena Jeso Keresete.
Fa o dirisa tlhaloganyo e tla go supegetsa gore Lokawalo la Ditiro ke kereke e diragatsa, mme fa bane ba kolobetsa ka tsela e e ntseng jalo, go raya gore ke yone tsela e go kolobediwang ka yone. Jaanong fa o akanya gore moo go bokete, o akanyang ka se? Ope fela yo o neng a sa kolobediwang mo Leineng la Morena Jeso Keresete,o ne a tshwanelwa ke go kolobediwa gape.
Ditiro 19:1-6,
“Mme ga diragala gore ga Apolose a sa ntse a le kwa Korinthe, ga dirala ya bo Paulo a fitlha mo Efeso, a raletse lefatshe ntlheng ya godimo, a fitlhela barutwa bangwe teng, A ba raya a re, A e rile lo dumela a lo ne lwa amogela Mowa o o Boitshepo? Mme ba mo raya ba re, ga re ise re utlwe gore go na le Mowa o o Botshepo o o neiwang. Mme a a ba ra ya a re, Ana lo kolobeleditswe eng?” Mme ba re, Ka Kolobetso ya ga Johane. Jalo Paulo a re, Johane o kolobeditse ka kolobetso ya boikwatlhao, a raya batho a re ba dumele mo go Ene yo o tlaa tlang morago ga gagwe, e bong mo go Jeso Keresete. E rile ba sena go utlwa jalo, ba kolobediwa mo ineng la Morena Jeso. Mme ya re Paulo a sena go ba baya diatla, Mowa o o Botshepo wa tla mo go bone; mme ba bua ka diteme, ba ba ba perofesa.”Ke yone eo. Batho ba ba siameng ba kwa Efeso ba ne ba utlwaletse ka gotla ga ga Mesia. Johane o ne a Mo rerile. Ba ne ba kolobeleditswe boikwatlhaong jwa dibe, ba LEBELETSE gotla go dumela mo go Jeso. Mme jaanong e ne e le nako ya go lebelela kwa MORAGO kwa go Jeso mme ba kolobediwe ka kolobetso ya phimolo ya dibe. E ne e le nako ya go amogela Mowa o o Boitshepho. Mme erile fa ba kolobediwa mo Leineng la ga Morena Jeso Keresete, Paulo on ne a ba baya diatla mme Mowa o o Boitshepho o ne wa tla mo go bone.
Oo, batho bao ba ba rategang ba kwa Efeso, ba ne ba siame; mme fa go ne gona le mongwe yo o neng a na le tshwanelo ya go ikutlwela a sireletsegile, e ne e le bone. Elatlhoko gore ba tswa kgakala jang. Ba dule kgakala go fitlhelela ba amogela Mesia yo o tlang. Ba ne ba Mo ipaakanyeditse. A mme ga le bone gore lefa gontse jalo ba ne ba seka ba mo lemoga? O ne a tla mme a tsamaya. Bane ba tshwanelwa ke go kolobediwa mo Leineng la Morena Jeso Keresete. Ba ne ba tshwanelwa ke go tladiwa ka Mowa o o Boitshepho. Fa o kolobeditswe mo Leineng la Morena Jeso Keresete, Modimo o tla go tlatsa ka Mowa wa Gagwe. Seo ke Lefoko.
Mo go Ditiro 19:6 fa re sa tswang go bala teng Tenana ya teng e ne e le tiragatso yaTemana e e mo go Ditiro 2:38,
“Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo Leineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.”Le a bona, Paulo, ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepho, a bua sone se Petere a neng a se bua ka tlhotlheletso ya Mowa. Mme se se neng sa buiwa GA SE KAKE sa fetolwa. E tshwanetse ya bo e le e e tshwanang go tswa kwa Pentekoseta go fitlhelela mokgetlhwa wa bofelo a kolobediwa.
Mo go Bagalatia 1:8,
“Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege.”Jaanong bangwe ba lona ba le dumelang mo Bonweng kolobetso ya lona e fosegile. Le kolobetsa go ntšhafatdiwa jaaka o kare go tibisiwa mo metsing go ne ga le boloka. Ntšhafatso ga e tle ka metsi; ke tiro ya Mowa. Motho yo ka Mowa o o Boitshepho a neng a fa taelo a re, “Ikwatlhaeng mme le kolobediwe mongwe le mongwe wa lona mo Leineng la ga Morena Jeso Keresete,” taelo ga e ise ere metsi ao a ne a ntšhafatsa. O rile e ne e le bosupi fela ja “go nna le segakolodi se se phepa ko Modimong,.” E ne e le gone fela.
Mo go Petere wa ntlha, 3:21,
“A le one a re bolokang gompieno, ka fa setshwanong sa ammaaruri, e bong kolobetso, (e seng go tlosiwa ga leswe la nama, fa e se karabo ya segakolodi se se siameng, kwa Modimong,) ka go tsoga ga Jesu Keresete,”
Ke a e dumela.Fa gona le mongwe yo onang le megopolo e eseng yone e ditso di ka rurafatsang kolobetso ya metsi ka tsele e nngwe go na le mo Leineng la Morena Jeso Keresete, ke ka gofa kgakololo ya go bala ditso mme o itemogele. Se se latelang ke boammaruri jo bo kwadilweng ka Kolobetso e e neng ya diragala kwa Rome A.D.100 (morago ga botsalo ja ga Jeso) gape go gatisitswe mo Makasineng o o bidiwang TIME wa Sedimonthole 5, 1955.
“Motiakone o ne a tsholetsa letsogo la gagwe, mme Publius Decius o ne a tswa ka lebati la lefelo la kolobetso. Morekisi wa dikgong yo o bidiwang Marcus Vasca o ne a eme mo metsing mo letlangwana la go thuma metsi a mo eme mo dinokeng. O ne a nyenya jaaka Publius a tsena mo letangwana la go thuma go bapa le ene. 'Credis?' a botsa. 'Tumelo,' Publius a araba. 'Ke dumela gore poloko yame e tswa mo go Jeso eleng Keresete, Yo oneng a bapolwa ka puso ya ga Ponto Pilato. Ke ne ka swa le Ene gore ke nne le Botshelo jo bo sa Khutleng le Ene; Jalo o ne a utlwa a tshegeditswe ke matsogo a a nonofileng jaaka a ne a itlogela a wela ka sammamorago mo letamong la go thuma, mme a utlwa lentswe la ga Marcu mo tsebeng ya gagwe lere — 'Ke go kolobetsa mo Leineng laga Morena Jeso Keresete — jaaka a ne kapeswa ke metsi a a tsididi.”
Go fithelela gone kwa nnete e neng ya latlhega (mme ga e a ka ya boa go fitlhelela nako eno ya bofelo — ke go tswa kwa Nicaea go fitlhelela bofelelo jwa lekgolo la dingwaga) ba ne ba kolobetsa mo Leineng la ga Morena Jeso Keresete. Mme e buile. Satane ga a kake a tshegetsa tshenolo fa Mowa o batla go e fa.
Ee, fa go ne go na le Medimo e meraro, o ka nna wa kolobetsa ka Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho. Mme TSHENOLELO E E FILWENG JOHANE e ne e le gore gona le MODIMO A LE MONGWEFELA mme Leina la Gagwe ke MORENA JESA KERESETE, mme o ka kolobeletsa mo MODIMONG A LE MONGWEFELA. Ke sone se Petere a neng a kolobetsa ka tsela e a neng kolobetsa kwa Pentekosete. ne a tshwanelwa ke go sala boammaruri jwa tshenolo eneng e le teng, “Ke gone a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itsetse ruri, fa Modimo o dirile Ene JESO YO O TSHWANANG, e bong ene yo le mmapotseng, eleng MORENA LE KERESETE.” Ke yoo, “MORENA JESO KERESETE.”
Fa e le gore Jeso ke Morena gape ke Keresete, jalo ke Ene (Jeso), mme ga a kake a nna se sele fa e se “ Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepho” mo Mothong a le MONGWE a bonafaditswe mo nameng. GA SE “ Modimo mo bathong ba bararo, boraro jo bo segofaditsweng,” mme MODIMO A LE MONGWE, MOTHO A LE MONGWE ka ditlhogo tse tlharo, le ka bodiredi jo bo raro jo bo bonafatsang ditlhogo tseo. E reetse gape. Jeso e ne yo o tshwanang ke “ Morena gape ke Keresete.” Morena (Rara) le Keresete ( Mowa o o Boitshepho) keJeso, ka gore Ene (Jeso) ke BOBEDI jwa bone ( Morena le Keresete).
Fa moo go sa re bontshe tshenolo ya boammaaruri ya Modimotota ga gona se se tla e supang. Morena GA SE yo mongwe; Keresete GA SE yo mongwe. Jeso yo ke Morena Jeso Keresete — MODIMO A LE MONGWE. Letsatsi le lengwe Filipo o ne a raya Jeso a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tla re kgotsofatsa.” Jeso a mo ra ya a re, “A ke gore ke ntse le lona lobaka lo lo kanakana, ga o ise o nkitse? Yo o mponyeng o bonye Rara; o bua jang, wa re: 'Re bontshe Rara? Nna le Rara re Motho a le Mongwe.”
----
Ga o kake wa kgaoganya Modimo go nna batho ba le bararo kana dikarolo tse tharo. Ga o ka ke wa bolelela Mojuta gore go na le Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho. O tla go fetola ka bofefo go go itsise gore kakanyo eo e dule kae. Bajuta ba itse thuto e gore e ne ya simololwa kwa Nicene Council. Ke sone se ba re sotlang bare re baheitane.Re bua ka Modimo yo o sa fetogeng. Bajuta le bome ba dumela jalo. Mme kereke e fetotse Modimo wa yone yo o sa fetogeng go tswa mo go nneng MONGWE go nna BARARO. Mme lesedi le a boa mo pririmaneng. Go gakgamatsa jang gore nnete e e tsile ka nako e Bajuta ba boelang kwa Palestine. Modimo le Keresete ke motho ale MONGWE. Jeso yo ke MORENA LE KERESETE. Johane o ne a na le tshenolo, mme JESO e ne e le yone Tshenolo, mme o ne a Itira moTemaneng gone fa — “KE Ene Yo oneng A le, Yo o gape Yo o Tlang, Modimothatayotlhe. Amene.”
Fa o sa kgone go tlhaloganye tshenolo, leba kwa Modimong o mo kope go go fa tshenolo. Ke yone tsela fela e e leng gore o tla nna le tshenolelo ka yone. Tshenolo e tshwanetse go tswa kwa Modimong. Ga e ke e tla ka motho, ka bokgoni jwa tlholego, mme ka bokgoni jwa Semoya. O kgona go gakologelwa Ditemana, le fa moo go le molemo,mme ga go kake ga go fa tshenolo. E tshwanetse ya nna tshenolo go tswa kwa Modimong. Lefoko lare ga gona motho ope yo o ka reng Jeso ke Keresete fa e se ka Mowa o o Boitshepho. O tshwanelwa ke go amogela Mowa o o Boitshepho mme ke gone, Mowa o ka go fang tshenolelo ya gore Jeso ke Keresete: Modimo, Yo o Tloditsweng.
Ga gona motho yo o itseng dilo tsa Modimo ga e se ka Mowa wa Modimo le ko go ene yo Mowa wa Modimo o mo senolelang. Re tshwanelwa ke go rapela re kope tshenolelo ya Modimo go feta sepe fela mo lefatsheng. Re amogetse Baebele, re amogetse boammaruri jo bogolo jwa yone, mme e santse e se ka mmatota mo bathong bale bantsi ka gore tshenolo ka Mowa wa Modimo ga e yo mo go bone. Lefoko ga le ise le tsosoloswe. Baebele mo go 2 Bakorithe 5:21 gore rona re nne tshiammo ya Modimo ka kgolagano le Jeso Keresete. A le tlhalogantse? Ya re RETSHIAMO YA MODIMO KA BOENE ka go bo RE LE MO GO KERESETE. Ya re Ene (Jeso) o ne a nna SEBE boemong jwa rona. Ga e re o ne a leofa, mme o ne a re nnela SEBE gore ka tshwaragano ya rona le Ene re bo re nna TSHIAMO ya Modimo.
Fa re amogela kgang (mme re tshwanetse) ya gore tota o ne a re nnela SEBE ka go nna mo maemong a rona, jalo he re tshwanetse ra amogela gape kgang ya gore rona ka tshwaragano le Ene re fetogile go nna YONE TSHIAMO ya Modimo. Go gana e le nngwe ke go gana e enngwe. Go amogela e le nngwe ke go amogela le enngwe. Jaanong re a itse gore Baebele ya rialo. Ga e ka ke ya ganwa. Mme tshenolo ya yone e a tlhaela. Ga e a tlhomama mo bontsing jwa bana ba Modimo. Ke temana e e siameng fela mo Baebeleng. Mme re tshwanelwe ke gore re nne le yone e TSHEDISIWE mo go rona. Moo go tla tsaya tshenolo.
Buisa molaetsa...
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.