Molaetsa wa go phirima ga letsatsi.
Thabeng ya Sunset.
William Branham.Buisa molaetsa...
Ke eng se se kgatlhang mo thabeng?E ne go se lebaka le le leele, ke ne ke eme mo borerelong bo, fa Mowa o o Boitshepo o ne wa re, “Letsatsi le tla tla fa ba tla ntshang kota fa pele ga ntlo ya gago; ba tla sutisa kgoro ya gago. Ka jalo, o tla go itlhokomolosa, o sa go galefelele.” Ke ne ka bona kgoro yame e thubegile mme e le mo letlhakoreng la thaba. Ke ne ka bona thota e e fa pele game, e epolotswe yotlhe, mapolanka le dilo tse dingwe di ntse di beilwe koo sengwe se neng se e thubagantswe teng. O ne a re...
Ke ne ka leba, mme go ne go na le Ricky yo monnye yo o neng a tlhatlogetse koo mme a diga kgoro eo, o dirile se. Ke ne ka re, “Ke eng o ne o sa mpolelele?” O ne a ithaya gore o botlhale go nkgaisa, mme ka tshwanelwa ke go mo betsa. Mme e rile go diragala, “Ga ke a dira se ka gore ke ne ke le mo lefelong la bolwelo ja mabolo, mme ke bata fela gore o itse”, mme ka bo ke mo ratha gape. Mme e rile fa ke mo latlhela fa fatshe, ke ne ka mo tsholetsa gape mme ka mo ratha a wela fa fatshe gape. Ke ne ka mo kuka, ka makgetlho a le mararo kana a le mane, mme ka mo ragela ko thabeng. Mme jalo ke ne ka ya koo, mme ka re, “Seo ga se a siama”. Ke ne ka mo tsholetsa mme ka mo dumedisa ka seatla, ka bo ke re, “Ga ke go galefele, mme ke batla fela gore o itse gore ga o ka ke wa bua le nna ka tsela e e ntseng jalo.”
Mme e rile ke retologa gore ke boele ko morago, Mowa o o Boitshepo o ne o eme fa kgorong, o ne wa re, “Jaanong o feta se. Fa kota eo e sena go wela fa fatshe, retologela kwa bophirima.”
Lekwalo le, ke sengwe le sengwe se ke se tlhokang,
Lekwalo le ke motswako o o molemo,
Ke tsela e e ntshupegetsang gore ke tile mathata ame jang.
Amene! Mme Lekwalo leo ke Lefoko, mme Lefoko leo ke Modimo. E dira gore o tile mathata a gago, e go bolelela gore o dire eng.Dingwaga di le tharo tse di fetileng ke ne ka utlwa gore tsala yame, wa motlhatlhobi wa toropo, o nna gaufi le nna, akokotela kota. Ke ne ka tswela konte koo mme ka re, “Go diragetseng, Mud?” Tsala yame yo e leng morwa wa ga Rre. Kgosi.
O ne a re, “Billy, ba tsile go oketsa tsela e”.
Lotlhe le a gakologelwa. Ke ne ka re, “E ka tswa e le borogo”. Ke ne ka raya Mokaulengwe Woods ka re, “Tlhokomela dithoto tsa gago. Gongwe borogo joo bo tla feta fa, sengwe se se tshwanang le seo.” Tsela e ne e onetse e senyegile; ditena, maje, di ne di latlhetswe gongwe le gongwe. Mme ke ne ka re... Ke ne ka re, “Tlhokomela dithoto tsa gago”. MMe e rile ke...
Rre. King o ne a mpolelela gore seo se ne se tsile go diragala.
Ke ne ka tsena, ka raya mosadi wame yo o neng a ntse foo ka re, “Moratiwa, gona le sengwe se se kwadilweng ka seo. Ke GO BUA MORENA, gologongwe.”Ke ne ka tsena ka tsaya lekwalo lame, ka le bala, mme ka bo ke re, “Go tsile go diragala...” Morago ga dingwaga tse di borobabobedi!
Mme e rile ke le bala, ke ne ka re, “moratiwa ke nako ya gore re lebe ko bophirima”.
Malatsi a le mabedi morago ga moo, ke ne ke eme mo phaposing eo mo e ka nnang ka oura ya lesome mo mosong mongwe, mme ka tsena mo moweng wa Modimo. Ke ne ka bona setlhophanyana seo sa maphoi se fofa, mme ka lebelela dinonyane tseo tse dinnye. Le a go gakologelwa. Ke ne ka bona baengele ba le supa ba ba neng ba lebega jaaka phiramiti, ba tla ba tabogela kwa go nna. O ne a re, “Retogela kwa bophirima, o ye kwa Tucson, o nne dikilometara di le masome a mane kwa bokone botlhaba. Mme o tla bo o kokomolola bogoma kana sethulaphoko mo diaporong tsa gago.Mokaulengwe Fred Sothmann, yo o neng a ntse foo a ntebile gone jaanong, o ne a le teng mo mosong oo. Ke ne ke lebetse ka gone.
Ke ne ka re, “Go ne ga thunya sengwe jaaka thoromo ya lefatshe, se se neng sa tshikinyang sengwe le sengwe mo nageng. Ga ke bone gore motho o ka kgona jang e falola mme a tshela jang.” Ke ne ke tshugile. Ke ne ke eme kwa Phoenix, lotlhe ba lo reeditseng mo bosigong jono le ka ntshupela. Ke ne ka rera mo thero ya setlhogo sa, Borra, Ke Nako Mang? “Re fa kae?” Ke ne ka ya Bopgirimatsatsi. Bontsi ba lona fa le na le theipi eo, bontsi ja lona bo ne ba e utllwa go buiwa, ngwaga kana go feta ngwaga pele go diragala.Ke ne ka ya kwa Bophirima, ke ipotsa gore go tla diragala eng. Letsatsi lengwe ke ne ka amogela pitso go tswa ko Moreneng. Ke ne ka bolelela mosadi wame, ka re, “Moratiiwa, ke... gongwe tiro yame e weditswe”. Ke ne ke sa itse. Ke ne ka re, “Ke... Modimo, Modimo o tshwanetse a bo a feditse ka nna jaanong mme ke tla ya Gae. Tsamaya le Billy, le tseye bana. Modimo o tla go bulela tsela, ka tsela ngwe. Tswelela pele o tshela ka go ikanyega mo Modimong. O dire gore bana ba fetsa sekolo, ba godise ka kgakololo ya Modimo.”
O ne a re, “Bill, ga o itse- gore seo se boammaaruri”.
Ke ne ka re, “Nyaa. Mme motho o ne a ka se kgone go falola seo.”
Moso mongwe Morena o ne a ntsosa, a re, “Tsamaya o ye ko Sabino Canyon.” Ke ne ka tsaya pampiri le Baebele yame.
Mosadi wame a bo a re, “O ya kae?”
Ke ne ka re, “Ga ke itse. Ke tla ta ke go bolelela fa ke boa.”Ke ne ka tlhatlogela kwa mokgatšheng, ka tlhatlogela kwa godimo ko dintsu di neng di fofa teng. Ke ne ke lebile dikgama tse di neng di eme foo. Ke ne ka khubama ka mangole ka rapela, mme ka tsholetsa diatla tsame, mme tšhaka ya wela mo setleng same. Ke ne ka leba mo tikologong. Ke ne ka ipotsa gore, “Seo ke eng? Ga tsenwe. Ke tshwere Tšhaka e mo seatleng sa e; e phatsima, e galalela, e e tsabakela mo letsatsing.” Ke ne ka re, “Jaanong, ga go na batho mo dikilometareng di le dintsi go tswa fa ke leng teng, go ya kwa godimo mo mokgatšheng ono. Seo se ka tswa se tswa kae?”
Ke ne ka utlwa Lentswe le re, “Ke Tšhaka ya Kgosi.”
Ke ne ka re, “Kgosi e dira monna yo o tshotseng tšhaka motlhabani.”
Ene, eleng Lentswe, o ne a boa, a re, “E seng tšhaka ya kgosi, mme, ‘Tšhaka ya kgosi’, ‘Lefoko la Morena.’” A re, “O se boife. Ke Kgogo ya Boraro. Ke tlhomamisiwa ga bodiredi ja gago.”Ke ne ke ya letsomong le tsala yame, ke sa itse gore go ne go tsile go diregala eng.
Mme mongwe o ne a nteletsa, ene yo o neng a nkgala ka setshwantsho seo sa Moengele wa Morena, ene yo o neng a se tsaya. Ke ne ka tshwanelwa ke go ya kwa Houston ka morwawe, ka gonne o ne a tsile go atlholelwa leso mme o ne a tsile go bolawa mo malatsing a sekae. O ne a nkgatlhantsha mme a ntlamparela a bo a re, “A ko o akanye fela, monna yo ke neng ke mo kgala ke ene yo otsileng go boloka morwaake yo e leng ene fela. Mokgatlho wa batho o nnaya se ba se bitsang Oscar, kana le fa e le eng se o batlang go se bitsa, ka go boloka botshelo.Go tswa foo re ne ra boela morago, mme ke ne ka ya go tsoma kwa thabeng. Nna le Mokaulengwe Fred re ne ra tswa mo ntlong eo moso mongwe, mme ke- ke ne ke setse ke ipolaetse mathinthinyane wame, mme ka leba mme ka bona lefelo le ba neng ba ya kwa go lone. Ke ne ka mo raya ka re, “Mokaulengwe Fred, ya kwa thabeng e le phakela mo mosong, fa letsatsi le tlhaba, mme ke tla ya kwa go e nngwe. Ga nkitla ke hula mathinthiunyane, ga nkitla ke mo bolaya. Mme fa ba simolola gape ka tsela e, motlhape oo, ke tla hulela fa pele ga one gore ba boele ko morago.”
Mokaulengwe Fred o ne a ya koo mme go ne go se na bo mathintshinyane. O ne a ntsholeletsa seatla mme ka mmona. Ke ne ka fologela mo mokgatšheng, ke le mo dikhuting tse dikgolo, letsatsi le ne le tloga le tlhaba. Ke tla tla ka kwa letlhakoreng le lengwe la thota, ke sa akanye sepe ka seporofeso. Ke ne ka nna fa fatshe, ka leta, ke ikhuditse; ke ne ka akanya gore, “Go diragetse eng ka bo mathinthinyane bao?”
Ke ne ka tsholetsa yame... O ne a nna fa fatshe jaaka ba letso la seIndia nna, le a itse, ba huna maoto ba a kabagantse. Ke ne ka lebelela leoto la obarolo yame, mme go ne go na le sethulaphoko. Ke ne ka e tsaya. Mme ke ne ka re, “Go a gakgamatsa! Ke fano, mo e ka nnang dikilometara di le masome a mane kwa bokonebotlhaba ja Tucson. Mosimanyana wame e bong Joseph o ntse fale o nkemetse.” Mme fa ke simolola go leba, ke ne ka bona motlhape wa bo mathinthinyane o tla o le bokgakala ja dimetara di ka nna sekete go tswa fa ke neng ke le teng, ko godimo ga thaba, mme ka latlhela sethulaphoko fa fatshe. Ke ne ka re, “Ke tsile go ba hula. Ke tla ya go tsaya Mokaulengwe Fred, mme ke tla gokelela pampiri e e supang tsela, mo godimo ga motoroko o, mme re tla ya go tsaya Mokaulengwe Fred.”
Mme ke ne ka simolola go tlhatlogela kwa ko godimo ga thaba, ke siane ka bonako jo ke neng nka kgona ka jone mo letlhakoreng le lengwe. Ka tshoganyetso fela, ke ne ka akanya gore mongwe o mphudile. Ke ne ke ise ke ko ke utlwe modumo o o ntseng jalo, o ne wa tshikinya naga yotlhe. Mme, e rile fa go diragala jalo, ke ne ka bona Baengele ba le supa ba eme fa pele game.Ke ne ka kopana le Mokaulengwe Fred le bone moragonyana ga foo. A re, “E ne e le eng?”
Ke ne ka re, “E ne e le yone.”
“O tsile go dira eng?
“Boela ko lapeng. Gonne, GO BUA MORENA, masaitseweng a a supa a aneng a fitlhegile mo Baebeleng mo dingwageng tse tsotlhe, makoko a le sengwe le sengwe, Modimo o tsile go re senolela masaitseweng ao a a supa mo Dikanong tse Supa”
Go ne go na le kgolokwe e e neng e tlhatloga go tswa fa fatshe, e tshwana le mouwane o bopega. Fa e sena go dira jalo, e ne ya tlhatlogela kwa thabeng, ya simolola go dikologa e ya kwa bophirima, go tswa kwa e tswang teng. Saense e ne ya e bona morago ga lebakanyana, e le boleele ja dikilometara di le masome a mararo le bophara ja dikilometara di le masome a mabedi le botlhano, e le mo gare ga kgolokwe ya phiramiti.Mme letsatsi le lengwe, ke ne ke eme foo, ka bo ke retolola setshwantsho e se lebisa ko mojeng, mme se ne se supa Jesu jaaka a ne a ntse mo Dipakeng tse di Supa tsa Kereke, a rwele wiki e e tshweu, a supa Bomodimo jo bogolo. Ke Ene Alefa le Omega; ke Ene wa Ntlha le wa Bofelo; ke Ene Moatlhodi yo Mogolo wa Bosakhutleng jotlhe, O eme foo go tlhomamisa Molaetsa wa oura eno. Mme go tla nna lesedi mo nakong ya maitseboa! Mo go gotle ke ka ga eng? E ne e le eng?
Ke ne ka ya ko bophirimatsatsi. E rile fa ke feta le Banks Woods mo thabeng yone eo, le ntswe le ne lare, “Tikela lentswe ko godimo. Raya Rre. Woods gore, ‘GO BUA MORENA, o tla bona Kgalalelo ya Modimo.’”
Letsatsi le le latelang, fa ke ntse ke eme foo, go ne ga nna le sefefo se seneg sa tsubutla mo dithabeng. Matlapa a a neng a le bokgakala ja dimetara di le tharo kgotsa di le nne go tswa mo tlhogong yame a ne a kgaola ditlhare ko godimo. Go ne ga thunya mo go golo gararo, mme bakaulengwe ba tla ba tabogile. Go ne go na le banna ba ka nna 15 ba eme foo, baruti le bothle ba farologanyeng. “E ne ele eng?” O ne are, “Ke eng?”
Ke ne ka re, “Ke katlholo e e tlang ko letshitshi le le bidiwang West Coast.”Malatsi a ka nna mabedi morago ga moo, thoromo ya lefatshe e ne ya batla e nwedisa Alaska. Lesedi le leneng le le ko mo godimo ga Thabeng ya Sunset kwa Sekgweng sa Coronado kwa Arizona e ne e le la eng? Ke eng se se sa tlwaelesegang se se diragetseng ko godimo kwa, se se bakang batho gore ba kgweeletse go tswa bophirimatsatsi ba ye ko botlhabatsatsi, ba tla ba se sela matlapa a a neng a le fa gaufi le kwa go neng go thunya teng? Mme nngwe le nngwe ya one, letlapa mengwe le lengwe, le na le dikhona tse tharo, tse di neng tsa kgaolwa. (Boraro ke Bongwe.) Ba adilwe mo ditafoleng, mo dipampiring tse di bokete, naga e yotlhe. Ke eng selo se se se sa tlwaelegang se se mo Thabeng ya Sunset kwa Sekgweng sa Coronado?
Junior Jackson yo o reeditseng, a le gakologelwa toro e a neng a e lora e ke neng ka e ranola, e re, “go tsamaela ko phirimaneng ya letsatsi”? Mme se se ne sa diragala kwa godimo ga Thaba ya “Sunset”. Ke nako ya maitseboa, nako ya fa letsatsi le phirima. Molaetsa wa go phirima ga letsatsi ka nako ya ditso di dela, nako ya seporofeso se fela, ke raya, nako ya go seporofeso se diragadiwa. Mme go tla nna le Lesedi ka nako ya maitseboa, mo godimo ga Thaba ya Sunset kwa Sekgweng sa Coronado, dikilometara di le masome a mane kwa bokone ja Tucson. Lebelela mo mmepeng mme o bone gore a Sunset Peak e teng foo. Ke gone koo go neng ga diragala teng. Ke ne ke sa itse ka gone go fithelelamaloba.
Sengwe le sengwe se se... Se se sa ketlang se swa. Se nna se ntse se iphetola. Go tswa ka nako ya se se diragetseng, go ya kwa setshwantshong sa ga Jesu a eme a re lebile; mme jaanong re lebile Thaba ya Letsatsi le le phirimanang, le Lesedi la letsatsi le le phirimanang. Lesedi la mo maitseboeng le setse le tsile, Modimo o a itshupa. Ke eng? Ke boammaaruri ja gore Modimo le Keresete ke selo se le sengwe. Ke ba le ka fe ba ba neng ba bona wiki e e “tshweu,” e A neng A e rwele, jaaka re ne ra bua ka yone mo go Tshenolo 1? Bonang, Bomodimo jo Bogolo, Bolaodi jo Bogolo; ga go na lentswe lepe gape, ga go na modimo o mongwe, ga go na sepe se sengwe! “Mo go Ene botlalo jotlhe ja Bodimo bo agile mo go Ene ka sebele,.” Baengele ka Bobone e ne e le wiki ya Gagwe. Amene.
Go diragetse eng kwa Thabeng ya Sunset? Modimo o ne a tlhomamisa Lefoko la Gagwe. Kesone se se tsositseng modumo o. Ela tlhoko, ke Modimo a diragatsa Lefoko la Gagwe le a le solofeditseng, go tswa mo go Tshenolo 10:1 go ya go 7, Mme mo malatsing a Molaetsa wa moengele wa bosupa, masaitseweng a Modimo a tshwanetse a bo a weditswe.“ Masaitseweng a a fitlhegileng a a mo go Tshenolo 10:1 go ya go 7, Molaetsa wa bofelo wa paka ya kereke ya bofelo. Paka e e diragatsa se se kwadilweng mo Lokwalong la ga Moitshepi Luke 17:30 e leng, “Letsatsi le Morwa motho a tla senolwang ka lone.”
“Gape go tlhaga baperofeti ba maaka le BoKeresete ba maaka, ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso, mo e leng gore go ne go ka tsietsa le Bakgethwa fa go ne go kgonega.” Batho bantse ba belaela. Mme jaaka go tlwaelesegile, kereke le yone e maketse.Mmeba saense, mo Tucson yotlhe ba ntse ba kwala ditlhogo mme ba di tsenya mo pampiring ya dikgang. Ko morago kwa Thabeng ya Lemmon, dikapa ditshwantso tse dikgolo ga di a ka tsa e kapa fa e ne e tlhatloga go tswa fa re neng re eme teng; e tsamaya e ya kwa bophirima, go supa gore nako e fedile. Ga e kake ya sutla mme go na le karolonyana fela koo; e kwa letshitshing le la West Coast. Katlholo e ne ya nna fela jaaka e ne ya nna. Go ya kwa godimo kwa Phoenix go ya kwa Prescott le go kgabaganya dithaba go ya kwa West Coast, go ya kwa... E ne e ya kae? Go fitla kwa Alaska, mme e a duma, e ytsamaela kwa tseleng eo.
Mme ba ba sekasekang le botlhe ba ba kwa Tucson ba santse ba botsa, dipatlisiso tsa saense di leka go bona gore ke eng. Le ko godimo ga e kake ya bo e le mouwane, monyo kana sepefela ko godimo koo. “Le dirilwe ke eng? Le ko kae?” Ba gakgamaditswe ke go bona Leru leo le le sa tlwaelegang e le mo loaping fela jaaka ba ne ba gakgamala fa Badisadinaledi ba ba neng ba sala morago Naledi, bare, “O kae yo o tsaletsweng go nna Kgosi ya Bajuda?” E ne e le eng? Modimo o diragatsa lefoko la Gagwe, “Mme go tla tlhaga go tswa mo go Jakobe.”
Mme Modimo wa Legodimo o ne a solofetsa gore go tla nna le masedi a maitseboa. Dingwaga di le tharo tse di fetileng, masaitseweng a e ne e le seporofeso? “Jaanong ke ditso. Se fetile. Tsholofetso e diragaditswe. Nako ke mang, rra, gape ke eng se se ngokelang se? Ke Modimo a diragatsa Lefoko la Gagwe! O tshwana maabane, gompieno le ka bosakhutleng.
Buisa molaetsa...
Ke eng se se kgatlhang mo thabeng?