Keresete O Senotswe Mo Lefokong La Gagwe.
<< fetileng
Ke makgaola kgang.
William Branham.Buisa molaetsa...
Keresete O Senotswe Mo Lefokong La Gagwe.Jaanong ke ile go buwa ka serutwa sena sa: Keresete A Senotswe Mo Lefokong Le E Leng La Gagwe. Ka foo, mo Ditshegofatsong, foo go emeng setshwantsho sa Keresete, a eme gone foo, jaana. Moo ke kwa ke neng ka akanya ka ga setlhogo se. Jaanong, Keresete le Lefoko ke se se tshwanang. Lo a bona?
Ba re, “Baebele e ne ya dirwa jang...?” Batho ba a bua. Ke ne ke pagame le monna e se kgale thata. O ne a re, “Akanya ka ga gone. Rona fano mo lefatsheng leno, tsela e re leng ka yone, mme re itse fela kgotsa re kgona fela go buwa gore re bolokilwe ke naane nngwe ya Majuta e e bidiwang Baebele.”
Ke ne ka re, “Rra, ga ke itse ka foo o buang seo, fela ga ke dumele gore ke naane ya Majuta,” ke ne ka bua.
O ne a re, “Sentle, lo rapela, lo rapela eng? Ke ne ka lopela mokete-kete le dilo tse di rileng; ga ke a ka ka go tlhaloganya.”Ke ne ka re, “Ga o rapele sentle. Ga re a tshwanela le gope go rapela go fetola monagano wa Modimo; re tshwanetse go rapela go fetola monagano wa rona. Monagano wa Modimo ga o tlhoke sepe se se fetoga. Lo a bona? Lo a bona, go jalo.” Ke ne ka re, “Eseng se o se rapeletseng...” Ke itse mosimane wa monana wa Mokhatholike, nako nngwe, ne a na le buka ya thapelo, a bua dithapelo, le gore mmaagwe a tshele. Mme o ne a swa, mme o ne a latlhela buka ya thapelo mo molelong. Sentle, lo a bona, ga ke tshegetse buka ya thapelo; fela, le fa go le jalo, lo a bona, wena o tsaya mokgwa wa go akanya o o phoso. O leka go bolelela Modimo gore o dire eng. Thapelo e tshwanetse go nna, “Morena, mphetole ke tshwanele Lefoko la Gago.” Eseng, “Fetoga,” eseng, “ntetlelele ke fetole monagano wa Gago. Wena o fetole monagano wa me. ” Lo a bona? “Wena o fetolele monagano wa me ko thatong ya Gago. Mme thato ya Gago e kwadilwe fano mo Bukeng e. Mme, Morena, o seka- seka wa ntetla ke tsamaye go tsamaya Wena na le wa me- monagano wa me o tlhomege fela jaaka monagano wa Gago. Mme foo fa monagano wa me o tlhomegile jaaka monagano wa Gago, fong ke tlaa dumela Lefoko lengwe le lengwe le Wena o le kwadileng. Mme Wena o ne wa re, mo teng moo, Wena o tlaa dira 'sengwe le sengwe se direle ga mmogo molemong' wa bao ba ba Go ratang. Mme ke a Go rata, Morena. Gone gotlhe go direla ga mmogo molemong.”
-----
Lemogang jaanong, fa re boela mo polelong, re tshwanetse ra nna le sengwe se sengwe se o ka ikaegang ka sone. Go tswhanetse ga nna sengwe se o ikaegileng ka sone, ka mafoko a mangwe, ka konokono. Mme mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le thaego ya konokono kana e e feletseng. Ke ne ka rera ka ga gone nako nngwe, mo dingwageng tse di fetileng, ka se se feletseng, lefelo le e leng lefoko la bofelo.Jaaka motshwaraphala ko motshamekong wa kgwele, fa a re ke nnô, seo e a bo e le sone. Go sa kgathalesege gore o bona gontse jang, motshwaraphala o buile gore ke nnô. O ne wa re, “Ke-ke-ke ... E ne e se nnô. E ne ya ya... Ke bonye...” Go sa kgathalesege gore ke eng, fa a rile, “ke nnô,” ke gone, ke makgaola kgang. Ke, ke ene makgaola kgang.
Gape roboto kemakgaolakgang, fa e re, “tsamaya.” O a re, “Ee, ke, ke itlhaganetse, ke tshwanetse...” Nnyaya, nnyaya. Ya re, “O eme o fa bakgweetsi ba bangwe ba santse ba tsweletse ba tsamaya.” A le a bona? Ke makgaola kgang.
Jaanong, go tshwanetse ga nna maitsetsepelo mo sengweng le sengwe se o se dirang. Go tshwanetse ga nna le boitsetsepelo fa o tlhopha mosadi wa gago. Go tshwanetse ga nna le mosadi yo o mo tlhophileng. Jaanong, go tshwanetse ga nna le nako e, o neng wa ya go reka koloi, gore o tlile go tlhopha efe. A e tla nna Ford, Chevy, Plymouth, koloi e e tswang kontle ga lefatshe, sepese e leng sone, o tshwanela ke go nna le maitsetsepelo. Mme go ntse fela jalo le ka botshelo ja Mokeresete. Go tshwanetse go nne le thaego ya konokono.
-----
Ee, lekoko lengwe le lengwe ke thaego ya konokono ko badumeding ba lone. Mme, mo go nna, mme ko ba ba ke solofelang gore ke etelela pele ko go Keresete, mme ka Keresete, Baebele ke thaego ya rona ya konokono. Go sa kgathalesege... Ka gore, Modimo ne a re, “A lefoko la motho mongwe le mongwe e nne leaka, mme Lame Boammaaruri.” Mme ke a dumela gore Baebele ke thaego ya konokono ya Modimo. Go sa kgathalesege se ope o sele a se buang; Ke thaego ya konokono. Baebele ga se buka ya ditsamaiso. Nnyaya, rra. Yone ga se buka ya ditsamaiso, le e seng ditaelo tsa go dira le tshiamo le bosula.Baebele ga se buka ya ditsamaiso, ditsamaiso di le dintsi jalo, le jalo jalo. Nnyaya, rra. Ga se buka ya go dira le tshiamo le bosula. Nnyaya, rra. Ga se yone. Le e seng gore Yone ke buka ya ditso, gotlhelele. Kgotsa, Yone ga se le e leng buka ya thuto ya bodumedi. Ka gore, ke tshenolelo ya ga Jesu Keresete. Jaanong fa o bata go bala ka ga seo, lona ba le kwalang bo dibukaneng tsaa lona, le ka kwala, gore ke mo go Tshenolo 1:1 go fitlhelela ko temaneng ya bo 3, jaaka, fa Baebele e le “Tshenolo ya ga Jesu Keresete.”
-----
Jaanong lemogang Baebele ena. Bangwe ba bone ba ne ba re, “Ao, ee, Le dirile sena, Le dirile sele.” Mme tla ke le bolelele sengwe, a re fela...
A re tseneng mo ditsong tsa Baebele, ka motsotso, re boneng gore E tswang kae. E ne ya kwadiwa ke bakwadi ba le masome a manê ba ba farologaneng. Banna ba le masome a manê ba kwadile Baebele, mo lebakeng la dingwaga tse di makgolo a le lesome le borataro, le mo dinakong tse di farologaneng, e bonela pele ditiragalo tse di botlhokwa thata tse di kileng tsa diragala mo ditsong tsa go diragala. Mme ga go na le fa e le phoso mo nngweng ya Dibuka tsotlhe tse di masome a marataro le borataro. Ijoo! Ga go mokwadi ope fa e se Modimo ka Boene yo o ka kgonang go tsepama jaana. Ga go Lefoko le le lengwe le le ganetsang le lengwe.Gakologelwang, dingwaga di le makgolo a le lesome le borataro di kgaogane, Baebele e ne ya kwadiwa, go tloga go Moshe go ya kwa- ko losong lwa ga- la ga Johane kwa setlhakatlhakeng, kana Setlhakatlhakeng sa Patemose. Dinyaga di le makgolo a le lesome le borataro, mme e ne ya kwadiwa ke bakwadi ba ba farologaneng ba le masome a manê; mongwe o ne ebile a sa itse yo mongwe, mme ba ne ba se E itse e le “Lefoko.” Bangwe ba bona ga ba ise ba bo ba bone “Lefoko.” Mme erile ba E kwala, mme ba ne ba tlhaloganngwa go nna baporofeti, foo, fa ba ne ba tsenya diporofeto tsa bone mmogo, nngwe le nngwe ya tsone e ne e lomagana e le nngwe ko go e nngwe.
-----
Jaanong, fa re e fa sekai, go tswa... Go ka tweng fa re ne re ile koo mme ra tsaya dibuka di le masome a marataro le borataro tse di dirang le mmele, di kwadile ke dikolo tsa kalafi di le masome a manê tsa boaka, di le lekgolo le lesome le borataro, kgotsa di le makgolo a lesome le borataro? Ke a ipotsa gore ke tswelediso ya mohuta ofeng e re neng re tlaa e tlhagisa? Nnyaya, ga go na tswelediso epe mo go seo.Mme ga gona le fa e le Lefoko le le lengwe mo Baebeleng le le ganetsang le lengwe. Ga gona moporofeti ope yo o kileng a ganetsang yo mongwe. Monngwe le mongwe wa bone, o ne a itekanetse. Mme erile yo mongwe wa bone a ne a tla a fa seporofeso, mme moporofeti yoo wa boammaaruri o ne a tla a bo a bua ka ene, mme ga bo go bonatswa. A le a bona? A le a bona? Ka jalo Baebele ke Lefoko la Modimo, mo badumeding botlhe ba boammaaruri.
-----
Jaanong lemogang, mme ga go phoso mo Dikwalong. Jesu, Lefoko la Modimo, o lemoga dikakanyo tse di mo pelong. “Lefoko la Modimo le nonofile, le bogale,” Bahebere 4:12. “Lefoko la Modimo le bogale go feta, le nonofile go feta tšhaka e e magale mabedi, ebile ke molemogi wa dikakanyo le maikaelelo a monagano.” A le a bona? Le tsamaela ko tlase ko tlhaloganyong, mme ntshe, gape le tlhatlhoba. Go tlhatlhoba ke eng? “Dira go itsewe, go senola go itsege.” Mme seo ke se Lefoko la Modimo le se dirang. Gompieno re a re, “Kereke ya Khatholike ke Lefoko la Modimo; Baptisti, ya Methodisti, ya Pentekoste, motlaagana.” Moo ga se gone. Lefoko ke tshenolo; Modimo, a senotswe ke Lefoko.-----
Le itekanetse thata, Lefoko la Modimo le itekanetse thata, le e leng mo Kgolaganong e Kgologolo le e Ntšhwa, ke diphato tse pedi le seoposengwe se le sengwe. Go ntse jalo. Kgolagano e Kgologolo ke sephato sa Yone, le Kgolagano e Ntšhwa ke sephato sa Yone; Go kopantshe, o na le tshenolo yotlhe ya ga Jesu Keresete. Foo baporofeti ba a bua, mme fano Ke Motho; le a bona, diphato tse pedi le seoposengwe se le sengwe.Jaanong, gakologelwang, Kgolagano e Kgologolo ga e a felela fa e se na e Ntšhwa. Gape e Ntšhwa e ne e ka se felele fa e se na e Kgologolo. Ke lone lebaka le kerileng ke diphato tse pedi, seoposengwe se le sengwe. Ka gore, baporofeti ba ne ba re, “O tlaa bo a le fano! O tlaa bo a le fano! O tlaa bo a le fano; ba tlaa Mo dira se. Ba tlaa Mo dira se!” Mme ke yo O fano, “O ne a le fano! O ne a le fano, mme ba ne ba Mo dira se, ebile ba ne ba Mo dira se.” Ke sa tswa go rera ka seo masigo a a fetileng.
Jaanong, gore a kgone go ithuta Lekwalo, Paulo ne a bolelela Timotheo, “Ithute Lone, o lebanya Lefoko la Modimo ka tshwanelo, le e leng Boammaaruri.”
Ke tsone tse tharo tse di tshwanetsweng go dirwa mo Lekwalong. Mo go diriseng Lefoko la Modimo, go na le dilo tse tharo tse o sa tshwanelang go di dira. Jaanong a re ithuteng ka tseo mo metsotsong e lesome e e latelang; dilo tse tharo tse o sa tshwanelang go di dira. Mme lotlhe ko ntle ko mo lefatsheng ka bophara, gope ko o leng teng, o tlhomamise gore o gakologela dilo tse ga o sena pensele gore o di kwale. O tshwanetse go dira dilo tse. Re le bolelela nako yotlhe gore o tshwanetse gore o dire jang, jaanong ke tlile go go bolelela se o sa tshwanelang go se dira.Jaanong, ga o a tshwanela go akanyetsa Lefoko. O a re, “Ee, ke dumela gore Le raya se.” Le raya sone se le se buang. Ga Le tlhoke moranodi ope. Gape ga o a tshwanela go baya Lefoko mo bonnong jo bo phoso. Mme ga o a tshwanela go oketsa Lefoko. Mme fa re ka dira dingwe tsa tse, gotlisa ketsaetsego le tlhakantsuke mo Baebeleng.
Lemogang. Go akanyetsa Jesu, mo popegong ya Modimo mo popegong, o tlaa Mo dira- o tlaa Mo dira Modimo a le mongwe ko ntle ga boraro. Go akanyetsa Jesu Keresete a le Lefoko, o tlaa Mo dira Modimo a le mongwe go tswa mo borarong, kgotsa o tlaa Mo dira Sebelebele sa bobedi mo Bomodimong. Mme go dira seo, o tlaa tlhakatlhakanya Lekwalo lotlhe. Ga o kitla o fitlha gope. Ka jalo ga Le a tshwanelwa go akanyetswa. Mme fa o bua gore selo sengwe, o tsenya phuthololo mo go Sone, mme o Se dirisa nako e nngwe; kgotsa Se ne sa dirisiwa ka nako e nngwe, wena gape o dira phuthololo e e sa nepagalang.
-----
Dilo tse tharo tse di tshwanetsweng go dirwa. Lefoko ga le a tshwanela go akanyetswa, kana go Le dirisa ka fa le sa tshwanelwang, go Le akanyetsa, kana go se-... kana go Le faposa. Le tshwanetse go tlogelwa le nne ka fa Modimo a le buileng ka teng.Mo lefatsheng, Ke Lekwalo la masaitseweng. Batho ba dumela gore Ke Buka ya masaitseweng. Nako nngwe ke bua le monna yo o tumileng thata mo toropong fano, yo o nang le maemo a a botlhokwa thata mo Bokereseteng, mme o ne a re, “Ke lekile go bala Buka ya Tshenolo bosigo bongwe.” O ne a re, “Johane o tshwanetse a bo a ne a jele pherefere e e ntsi mme a nna le sebeteledi.” Le a bona, Buka ya masaitseweng.
Mme, fa mo modumeding wa boammaaruri, E le tshenolo ya Modimo a senolwa mo pakeng e re tshelang mo go yone. O ne a re, “Mafoko Ame ke Mowa le Botshelo.” Jesu one a rialo. Gape, “Lefoko ke Peo e mojwadi a e jwetseng.” Re a itse gore moo ke boammaruri. Ke Modimo mo popegong ya Lefoko, mme o ka ranolwa fela ke Ene ka Sebele.
Tlhaloganyo ya setho ga e na bokgoni ja go ranola tlhaloganyo ya Modimo. Tlhaloganyonyana- nyana e nang le selekanyo e ka kgona jang go ranola Tlhaloganyo, fa re sa kgone go ranolelana ditlhaloganyo? Mme le lemoga, gore ke Ene fela A le nosi yo ka e ranolang, gape O e ranolela ope yo a ratang. Ga e a ka ya re, “Baswi ba bogologolo, jaaka ba ne ba tsamaya mo lefatsheng mo dinakong tse di farologaneng le ka mekgwa ya mefutafuta.” “Modimo, mo dinakong tse di farologaneng le mekgwa ya mefutafuta ne a Itshenolela baporofeti.” A le a bona?
Buisa molaetsa...
Keresete O Senotswe Mo Lefokong La Gagwe.