Setlhare sa Botshelo.


  Lokwalo le la Tshenolo dithuto.

Peo ya Kgogela.


William Branham.

Balang molaetsa...
Kereke ya Paka ya Baefeso.

Tshenolo 2:7,
“...Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.”

E ke yone poelo ya bafenyi botlhe ba dipaka tsotlhe. Ga gone go diriwa pitso ya bofelo go ya ntweng, fa retla bong re beile dithebe tsa rona fa fatshe, jalo re tla ikhutsa kwa Paradaiseng ya Modimo mme seabe sa rona e tla nna Setlhare sa Botshelo, ka bosakhutleng.

“Setlhare Sa Botshelo.” A ga se tiriso ya sekapuo bontle? Go umakilwe garago mo Lekwalong la Genesise le gararo mo lekwalong la Tshenolo. Mo mafelong otlhe a a marataro ke mo setlhareng se se tshwanang mme se se tshwantsha tota selo se se tshwanang.

Mme Setlhare Sa Botshelo ke eng? Jalo, santlha re tla tshwanelwa ke go itse gore setlhare ka bosone se emetseng. Mo go Dipalo 24:6, jaaka Balamo a ne a kaya BaIseraele, o ne a re ke “ke ditlhare tse di anameng jaaka makgophanaa o o jadilweng ke Morena.” Ditlhare mo Baebeleng yotle di kaya batho, jaaka mo go Pesalema 1. Ka jalo Setlhare Sa Botshelo e tshwanetse go nna Motho wa Botshelo, mme yoo ke Jeso.

Jaanong mo Tshimong ya Etene go ne go na le ditlhare tse pedi tse di emeng mo gare ga yone. Se le sengwe ene ele Setlhare sa Botshelo, se sengwe e ne ele Setlhare sa Kitso ya Molemo le Bosula. Motho o ne a tshwanelwa ke go tshela ka Setlhare sa Botshelo; mme o ne a sa tshwanela go kgoma setlhare se sengwe fa eseng jalo o ne a tla swa. MMe motho o ne a tsay karolo mo go se sengwe, mme fa a dira jalo, leso le ne la tsena mo go ene ka sebe sa gagwe, mme o ne a kgaogana le Modimo.

Jaanong setlhare seo kwa Etane, Setlhare seo se eneg e le motswedi wa botshelo, e ne e le Jeso. Mogo Johane, go simologa ka kgaolo ya borataro go ya kwa go ya borobabobedi, Jeso o ne a itlhoma e le motswedi wa botshelo jo bo sa khutleng. O ne a ipitsa Senkgwe se se tswang kwa legodimong. O ne a bua ka go intsha setlhabelo le gore fa motho a ne a ja nama ya Gagwe ga a kitla a swa. O ne A bolela gore O ne A itse Aborehame, le gore pele ga ga Aborehame, O ne A LE YO. One a porofeta gore Ene ka Boene o tla ba fa metsi a a nang le bothshelo a e reng fa motho a a nole a ba sa ka ke a thola a nna le lenyora gape, mme a tla tshela ka bosakhutleng. O ne a itshupa e YO MOGOLO KE NNA. Ke ene Senkgwe Sa Botshelo, Sediba Sa Botshelo, Yo o senang Bolhutlo, SETLHARE SA BOTSHELO. One a le kwa morago kwa Etene mo fa gage ga tshimo le fela gaaka a tla nna mo magareng ga paradaise ya Modimo.

Bangwe ba na le mogopolo wa gore ditlhare tse pedi mo tsimong e ne e le ditlhare tse dingwe tse pedi fela tse di tshwanang le tse Modimo a neng a di beile foo. Mme baithuti ba ba kelotlhoko ba itse gore se gase sone. Fa Johane wa mokolobetsi o ne a lelela gore selepe se ne se beilwe mo meding ya ditlhare, o ne a sa bue ka ditlhare fela tsa tlholego, mme o ne a bua ka melaometheo ya semoya. Jaanong mo go I John 5:11 ya re,
“Mme se ke sone se se GATISITSWENG, gore Modimo o re neele botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo jo bo mo go Morwa wa Gagwe.”
Jeso o ne a re mo go Johane 5:40,
“Mme ga le ka ke la ta ko go nna , gore le nne le botshelo.”
Ka jalo kgatiso, e leng Lefoko la Modimo, le bua le papametse lgape le bonafala sentle BOTSHELO boo, BO BO SA KHUTLENG, ke Morwa. Ga le mo go sepe fela.
1 Johane 5:12,
“Yo o nang le Morwa o na leBOTSHELO joo; mme yo o se nang Morwa Modimo GA A NA botshelo joo.”
Jaanong ka gore kgatiso ga e ka ke ya fetoga, ga e ka ke ya fokotswa ka na la fokodiwa, jalo kgatiso e emetse gore BOTSHELO BO MO MORWENG... Ka gore gontse jalo, SETLHARE SE SE MO TSHIMONG E TSHWANETSE YA BO E LE JESO.

Go siame. Fa Setlhare Sa Botshelo ke motho, jalo Setlhare sa Kitso ya Molemo le Bosula ke motho lLE SONE. Ga e kake ga nna se sele. Ka jalo ba ba Siameng le ba ba Boikepo ba ne ba bapile foo fa gare ga tshimo ya Etene. Esekiele 28:13a,
“O ne o (Satane) le mo Etene, eleng tshimo ya Modimo.”

Fa ke gone re amogelang tshenolello ya nnete ya peo ya Kgogela.' Fa ke se se neng tota sa diragala kwa Tshimo ya Kereke. Lefoko la re Efa o ne a tsiediwa ke kgogela. Tota o ne a a raelwa ke Noga. Ya re Genesise 3:1,
“Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: Kana, a ruri Modimo o rile: Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo.”
Sebata se ne se bopilwe gaufi go tshwana le motho ( mme e ne e le phologolo go fetsa) gore e kgone go akanya le go bua. E ne e le sepopiwa se se tsamayang se eme gape ka popego se ne se le mo magareng ga chimpanzee le motho ka ditebego, mme e tshwana thata le motho. Se ne se bopegile go tshwana le motho mo eleng gore peo ya sone ene e kgona, go amana mme e ne ya amana le ya mosadi mme ya mo dira gore a ime. Erile se se diragala, Modimo o ne a hutsa kgogela. O ne a fetola lerapo lengwe le lengwe mo mmeleng wa kgogela gore e gagabe jaaka noga. Boitsanape bo ka leka se bo batlang go se leka, mme ga bo kitla bo lemoga karolo e e tlhaelang. Modimo o ne a bone seo. Motho o botlhale mme o kgona go bona kamano ya motho le phologolo mme o leka go ruragatsa se ka thuto-tlhagelelo. Ga gona thuto-tlhagelelo epe e eleng teng. Mme gone ga nna le kamano magareng ga motho le phologolo. Ke nngwe ya masaitseweng a Modimo a a saleng a nna a fitlhegile, mme fano a a senolwa. Go ne ga diragala gone kwa morago kwa mogare ga Etene fa Efa a ne a fetogela Botshelo go amogela Leso.

Ela thoko gore Modimo o ne a ba raya a reng mo tshimong. Genesise 3:15,
“Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”
Ga re fa Lefoko tlotlo gore mosadi o ne a na le Peo, jalo kgogela e le ruri e tshwanetse ke go bo e na le peo le yone. Ga Peo ya mosadi e ne e le ngwana wa monna ntleng le monna, jalo peo ya kgogela e tla tshwanelwa ke go bo e ne e le ya popego e e tshwanang, mme ke gore go tlshwanetse ga tsholwa motho wa senna yo mongwe ntle le kamano ya motho senna. Ga gona moithuti yo o sa itseng gore Peo ya mosadi e ne e le Keresete Yo o neng a nna teng ka taolo ya Modimo, ntleng le kamono ka thakanelo dikobo ya setho. Gape go itsege thata thokofatso ya thogo ya kgogela e e neng ya bolelelwa pele bolele tota e ne ele seporofeto se se neng se le tebang le se Keresete a tla se wetsang kgathanong le Satane ko sefapanong. Koo kwa sefaponong Keresete o tla thokofatsa thogo ya ha Datane, fa Satane a tla thokofatsa serethe sa Morena.

Karolo e ya Lefoko la Modimo ke tshenolelo ya ka fa peo ya mmatota ya kgogela e ne ya jalwa mo lefatsheng, lefa jaaka re na le pego ya ga Lukase 1:26-35, mo go yone go kwadilwe pego kafa Peo ya mosadi e neng ya gola ya nne selo se se neg sa bonala ntleng le le kamano le motho wa monna.

“JMme e rile ka kgwedi ya borataro, moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galilea, o o bidiwang Nasaretha, A ya kwa kgarebaneng e e beeletsweng ke monna yo o bidiwang Josefe, wa ntlo ya ga Dafite; leina la kgarebane e ne e le Maria. Moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re, Dumela wena yo o sego thata, Morena o na nao: O sego mo basading Mme erile ga a mmona, o ne a fuduiwa thata ke lefoko la gagwe, mme a akanya tumediso e, gore e ka ne e le e e ntseng jang. Moengele a mo raya a re, O se ka wa boifa Maria; gonne o bonye lesego mo Modimong. Mme bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa Mosimane, o tlaa mo raya Leina o re, JESO. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa wa Modimo Yo o Kwa Godimodimo: mme Morena Modimo o tlaa Mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe: O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; mme bogosi jwa Gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo. Mme Maria a raya moengele a re, Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna? Mme moengele a mo fetola a re, Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela: ke gone le sone SEO SELO SE SE BOITSHEPHO SE o tla se tsholang e tla bidiwa Morwa wa Modimo.”

Jaaka Peo ya mosadi e ne e le Modimo a tira go nna mo senameng sa setho, jalo peo ya kgogela ke tsela e Satane a neng a e lemoga gore o ne a kgona go ipulela kgoro go tsena mo letsong la setho. Go ne go sa kgonagale gore Satane (gonne ke selo se se BOPILWENG se le mo semoeng) go tlisa peo mo bothselong mo tsela e Modimo a neng a Itira, jalo pego mo go Genesise e re bulelela ka fa a neng a tshola peo ya gagwe le go itsenya mo letsong mo letsong la setho. Gape gakologelwang gore Satane o bidiwa kgogela. Ke peo ya gagwe kana go ikentela mo letsong la setho ke se re buang ka sone.

Pele ga ga Atamo a itse (go thakanela dikobo), kgogela e ne ya thakanela dikobo le Efa pele ga gagwe. Mme gone ga tsholwa Kaine. Kaine o ne (tshotsweng ke, tsetsweng ke) yo o “Yo o boikepo”. I Johane 3:12. Mowa o o Boithsepho mo go Johane o ne o sa kake le fa e le gope wa bitsa Atame yo o “Yo o boikepo” (gonne ke se a ka se a ka bo a le sone ga e le gore o ne a tsala Kaeng) gape lelefelong le lengwe a ba bitsa Atame “Morwa wa Modimo” yo a neng a le ene ka go bopiwa. Lukase 3:38. Kaine o ne a gola a nna le mokgwa wa ga rraagwe, motlisi wa les, eleng mmolai. O ne a ganetsa Modimo fa Mothatayotlhe a ne a mo itebaganya mo go Genesise 4:5,9,13,14, a mo supegetsa gore mekgwa ya gagwe e ne e se ya setho, go lebega ebile go le kgakala le pego epe ere nang le yone mo Lefokong fa Modimo a neng a lebana le Satane.

5 Mme a se ka a itumelela Kaine le setlhabelo sa gagwe. Mme Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa.
9 Jehofa a raya Kaine a re, Abele monnao Abele o kae? Mme a araba a re, “Ga ke itse: A ke modisa wa ga nnake?
13 Mme Kaine a raya Morena a re, Kotlhao yame e feta mo nka go itshokelang.
14 Bona, gompieno o nkubile mo lefatsheng; mme ke tla iphitlhela sefatlhogo sa Gago; mme ke tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng; mme go tlaa dirala gore mongwe fela yo o mponang a mpolaye.”

Ela thoko kgatiso ya Modimo tota e thoma pego ya matsalo a ga Kaine, Abele le Sethe. Genesise 4:1,
“Mme Atame a itse Efa mosadi wa gagwe; a nna moimana a tshola Kaine, mme a re, Ke bonye monna go tswa ko go Morena.”
Genesise 4:25,
“Atame a itse mosadi wa gagwe gape; mme a tshola ngwana wa mosimane, a mo bitsa leina a re ke Sethe...”
Go na le barwa ba BARARO ba ba tshotsweng morago ga Atame a itse Efa GABEDI. Ka gore Baebele e tsepame gape ke Lefoko la Modimo le le itekanetseng la Modimo, se ga se phoso mme ke se se kwadilweng gore se re fe lesedi. Ka gore barwa ba BARARO ba ne ba tshola morago ga Adame a itse Efa GABEDI, le itse KA BOTLALO gore a le MONGWEFELA mo go bao ba bararo ENE E SE morwa wa ga Atam. Modimo o o gatisitse se ka thamalalo go re supegetsa sengwe. Boammaaruri ja kgang ke gore Efa o ne a na le bana ba basimane bale BABEDI (mawelana) mo popelong ya gagwe, gotswa mo go imisiweng ke batho ba ba FAROLOGANYENG. O ne a ithwele mawelana, ka go imiwa ga ga Kaine go ne ga nna pele ga ga Abele.

Balang molaetsa...
Kereke ya Paka ya Baefeso.


English Newsletter Site.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le
Bitsaanape.Index.

Evañgelio.
Yesu, a re itsephisa
mo libeñ cotle.

Kolobetso ya metsi.

 
 

Maru a legorimo.

Pilara ea Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(English) 

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(English) 

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
dithuto.

Peo ya Kgogela.
Apole ?

Masaitseweng a
Babilone.

  Ditemana ya re...

Bana ba Morimo, le bana ba diabolo, ba bonetse ka mouo. Leha e le mañmañ eo o sa riheñ tsiamo, ga si oa Morimo; le ena eo o sa rateñ mokauleñue oa gague.

Gone e ki taolo e lo sale lo e utlua mo tsimologoñ, gore re ratane.

Esiñ yaka Kaene, eo o la a le oa oa boleo, mi a bolaea mokauleñue oa gague. Mi o la a molaelañ? Gone tiho tsa gague li le boshula, mi tsa mokauleñue oa gague li le tsiamo.

1 Yohane 3:10-12



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Thuto Ya Banikolaitane.)


Click on an image to download PDFs or fullsize picture.


Acts of the Prophet.

(PDFs English)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF English)

Mountainside and
rosebush in snow,
in China.

Lilelia ea Molelo.

Pilara ea Molelo.
- Houston 1950.

Light on pyramid
rock.

If apples made
women realise
they were naked,
it's time to pass
the apples
again.



Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.