Bomodimo jwa ga Jeso Keresete.


  Lokwalo le la Tshenolo dithuto.

Bomodimotota.


William Branham.

Balang molaetsa...
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.

Tshenolo 1:5,
Le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe,

Tshenolo 1:8,
Ke nna Alefa le Omega, go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.

Jaanong tsotlhe ditlhaloso tse, eleng, 'Ene Yo o', le 'Ene Yo o Neng', le 'Yo o Tla Tlang', le 'Mosupi yo o Boikanyego', le 'Motsalwa pele go tswa mo Baswing', le 'Kgosana ya Dikgosi tsa Lefatshe', le 'Alefa le Omega', le 'Mothatayotlhe', ke ditlhogo le ditlhaloso tsa MOTHO YO O TSHWANANG A LE MONGWE, Yo eleng Morena Jeso Keresete, Yo o re tlhatswitseng mo dibeng tsa rona mo mading a Gagwe.

Mowa wa Modimo mo go Johane o tlhalosa ka jalo go tlhoma bogolo jwa Bomodimo jwa ga Jeso Keresete le go senola Bomodimotota jaaka Modimo a le MONGWE. Mo nakong eno gona le phoso e kgolo. Ke gore go na le Medimo e le meraro boemong jwa a le mongwe fela. Tshenolo e jaaka e filwe Johane ke Jeso, ka Boene, e baakanya phoso eo. Ga se gore go na le Medimoi e le meraro, mme go na le Modimo a le mongwe fela yo o nang le boredi bo le boraro. Go na le Modimo a le MONGWE ka ditlhogwana tse tharo, Rara, Morwa le Mowa o o Boitshepo. Tshenolo e kgolo e ke se kereke ya kwa tshimologong e ne e na le yone, mme e tshwanelwa ke go buselediwa mo malatsing ano a bofelo ga mmogo le molaomotheo wa kolobetso ya nnete e e siameng.

Jaanong baruta ithutelo tumedi ba bosheng ga ba kake ba dumalana le nna ka gore fano go ne go kwadilwe mo makasineng o mogolo wa Bakeresete. “Thuto e o ( ka Boraro mo bongweng) e mo pelong gape ke konokono ya kgolagano e Kgologolo. Ke karolo yotlhe jaaka e le mo bogareng jwa pelo le konokono ya kgolagano e Ntshá. Kgolagano e Ntshá e kgalwa fela jaaka e Kgolagano e Kgologolo ka kakanyo ya gore go na le Medimo e feta bongwe. Entswa Kgolagano e Ntshá ka go tlhatswega mo go tshwanang e ruta gore Rara ke Modimo, le Morwa ke Modimo, le Mowa o o Boitshepho ke Modimo, le gore boraro jo GASE diponalo tse tharo tsa motho a le mongwe,mme batho ba bararo ba eme mo boammaaruring jwa motho a sikana le yo mongwe. Koo re na le thuto e kgolo ya batho ba bararo mme Modimo a le mongwe fela.”

Ba bolela gore gape, “Go ya ka Baebele, Modimo, ga se motho a le mongwe fela, mme ke batho ba bararo mo Modimong a le mongwe. Ke o ne masaitseweng a magolo a Boraro mo bongweng”.

E le ruri ke one. Batho ba le bararo ba ka nna Modimo a le mongwe jang? Eseng fela gore ga gona Baebele e e supang jalo, mme go supa go tlhoka go akanya mo go botlhale. Batho ba ba raro ba ba kgethegileng, le fa ba dirilwe ka selo se se tshwanang, go dira medimo e meraro, kana puo yotlhe e latlhegetswe ke boleng.

Reetsa mafoko a gape, “Ke nna ene Alefa le Omega,”Tshimologo le Bokhutlo go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe“. Se ke BoModimo. Se gase fela moperofeti, monna. Mo ke Modimo. Gape gase tshenolo ya Medimo e meraro, mme ke ya Modimo a le MONGWE, eleng Mothatayotlhe.

Ba ne ba sa dumele mo Medimong e meraro kwa tshimologong ya kereke. Ga o kake wa fitlhela tumelo ya mofuta o o magareng ga baaposetole. E ne ele morago ga paka ya baapasetole e tumelo e neng ya tsena mme e ne ya nna kgang ya moruthutha gape ya nna dithuto tsa makadinale kwa Nicene Council. Thuto ya Modimo tota e ne ya baka kgaogano gonna makoko a mabedi kwa Nicaea. Gape gotswa mo kgaoganong eo go ne ga tswa makoko a mabedi a a farologaneng gotlhelele. E nngwe e ne ya felela e dumela mo medimong e mentsintsi, ba dumela mo Medimong e meraro, mme babangwe ba ne ba dumela mo bongweng. Ee e ne e tla ka bonya go re e etle, mme e ne ya tla, mme re na le yone gone mo nakong eno. Mme tshenolo ka Johane ka Mowa go ya kwa diikerekeng e ne e le, “Ke Morena Jeso Keresete, me ke gone GOTLHE. Ga gona Modimo o mongwe”. Mme o tsentse sekano sa Gagwe mo Tshenolong e.

Akanyang ka se: Ke mang yo eneng e le rragwe Jeso? Mathaio 1:18 ya re, “O ne a fitlhelwa a ithwele ga Mowa o o Boitshepo”. Mme Jeso, ka Boene, o ne a bolela gore Modimo e ne e le Rraagwe. Modimo Rara le Modimo Mowa o o Boitshepho, jaaka re tlhola re bua mafoko a, go dira Rara le Mowa gonna BONGWE. Ele ruri ke selo se le sengwe, go seng jalo Jeso o ne a na le Borraagwe ba le babedi. Mme elangtlhoko gore Jeso o ne a re Ene le Rraagwe ba ne bale bangwe-e seng bobedi. Moo go dira Modimo a le MONGWE.

E re ka se se le nnete go ya ka ditso le ka fa ditemaneng, batho ba ipotsa gore boraro bo dule ko kae. E ne ya nna thuto ya motheo kwa Nicene Council ka 325 A.D (morago ga botsalo jwa ga Jeso). Boraro jo (gotlhelele ga se lefoko le le ka fa ditemaneng) bo ne bo ikaegile ka medimo e mentsi ya kwa Rome. Baroma ba ne ba na le badimo ba bantsi ba ba neng ba ba rapela. Bane gape ba rapela badimo jaaka batshereganyi. E ne e le fela kgato go bitsa badimo ba bone ba bogologolo maina a masha, jalo re na le baitshephi go go dira gore go nne o kare go ka fa Baebeleng. Ka jalo, boemong jwa Jupiter, Venice, Mars, le ba bangwe, re na le Paulo, Petere, Fatima, Christopher, le ba bangwe. Ba ne ba sa kgone go dira gore bodumedi jwa seheitane jwa bone gore bo bereke ka Modimo a le mongwe fela, kajaloba mo kgaoganya ga raro, mme ba dira barapeledi ba baitshephi jaaka ba ne ba dirile barapeledi ba badimo ba bone.

Ga e sale gone foo batho ba paletswe ke go lemoga gore go na le Modimo a le mongwe fela ka ditlhogwana tse tharo kana ditshupo. Ba itse gore gona le Modimo a le mongwe go ya ka Ditemana, mme ba leka go go dira dikgopolo the di molemo gore Modimo o tshwana jaaka ngata ya moretlwa wa sekgoa; batho ba bararo ba na le bomodimo bo bo kgaogantsweng ka go lekana ke botlhe. Mme e papametse fa mo go Tshenolo gore Jeso ke “Yo O gone ”, “Yo O neng A le gone”, le “Yo o Tla Tlang”. Ke “Alefa le Omega”, mo go raya gore Ke “A goya kwa go Z” kana GOTLHE GA GONE. Ke sengwe le sengwe-e leng Mothatayotlhe. Ke sethunya sa Sharon, eleng sethunya sa Mokgatshá, Naledi e e Phatsimang ya Moso, Kala la ya tshiamo, Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepho. Ke Modimo , Modimo Mothatayotlhe. MODIMO A LE MONGWE.

Timotheo wa ntlha 3:16 a re,
“Kwa ntle ga kgang, boteng jwa bosaitseweng jwa poifo Modimo bo bogolo; ke go re: Ene yo o bonaditsweng mo nameng, a siamisiwa ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo merafeng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholelediwa kwa kgalalelong”.
Se ke se Baebele e se buang. Ga e unmake sepe ka motho wa ntlha kana wa bobedi kana wa boraro fa. E bua gore Modimo o ne a bonafaditswe mo nameng. Modimo a le Mongwe. MODIMO yo MONGWE yoo o ne a bonafadiwa mo nameng. Moo go tshwanetse go fetsa kgang. Modimo o tsile a le mo sebopegong sa motho. Mo ga go a ka ga mo dira MODIMO YO MONGWE. ENE ELE MODIMO, MODIMO YO O TSHWANANG. Ene e le tshenolo nako eo, gape ke tshenolo gompieno. Modimo yo MONGWE FELA.

A re boeleng kwa morago mo Baebeleng mme re bone se a neng a le sone kwa tshimologong go ya ka tshenolo e A e fileng ka ga Ene. Jehovah yo mogolo o ne a bonagala a le mo pilareng ya molelo mo Baiseraeleng. Jaaka Moengele wa Kgolagano O tshidile mo pilareng ya molelo eo mme a etelela BaIseraele pele letsatsi le letsatsi. Kwa tempeleng o ne a itsese go tla ga Gagwe ka leru le legolo. Mme letsatsi lengwe O ne a bonafadiwa mo mmeleng o o tshostweng ke lekgarejwana le le neng le baakanyeditswe Ene. Modimo yo o neng a agile fa godimo ga megope ya Baiseraele jaanong o ne a tsena mo mogopeng wa nama mme a nna jaaka motho magareng ga batho. Mme e ne e le MODIMO YO O TSHWANANG.

Baebele e ruta gore MODIMO O NE A LE MO GO KERESETE. MMELE e ne e le Jeso. Mogo Ene go ne go agile botlalo jotlhe jwa Bomodimotota, MO MMELENG. Ga gona sepe se se papametseng go feta seo. Ee,ke masaitseweng. Mme tota nnete-ga e kake ya papamala go feta fa. Jalo fa E ne ese batho ba bararo nako eo, Ga a kake a bo a le batho ba ba raro gompieno. MODIMO O MONGWE FELA: Mme Modimo ene yo o tshwanag o ne a bonafadiwa mo nameng.

Jeso o ne a re, “Ke tswa Kwa Modimong gape ke ya (boela) kwa Modimong”. Johane 16:27-28. Ke sone tota se se neng sa diragala. O ne A nyelela mo lefatsheng ka tsela ya loso, phiitlho, tsogo le tlhatlogo ya Gagwe. Mme Paulo o ne A kopana le ene mo tseleng go ya kwa Damaseko mme A bua le Paulo mme a re, “Saulo, Saulo, o mpogisetsang?” Paulo a re, “Omang, Morena?” A bo a re, “Ke nna Jeso.” E ne e le pilara ya molelo, e le lesedi le le foufatsang. O ne A boetse morago, sone tota se A rileng O tla se dira. A boetse mo popegong e a neng a le mo go yone pele ga A tsaya motlaagana wa nama. Ke gone tota ka fa Johane a neng a go bona. Johane 1:18 “Ga go motho ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa wa one yo o tsetsweng a le esi, yo o mo sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng”. Elangtlhoko fa Johane a reng Jeso KE. O MO sehubeng sa ga Rara.

Luke 2:11 ya re,
“Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena”.
O tshotswe e le Keresete, mme morago ga malatsi a a boferabobedi O ne A rupisiwa O ne A bidiwa Jeso,fela jaaka moengele a ne a ba boleletse. Ke tshotswe ke le wa goo RaBranham. Erile ke tsholwa ba ne ba mpha leina la William. Ene e le KERESETE mme O ne a fiwa leina fa magareng ga batho. Kago eo ya motlaagana wa kwantle e batho ba neng ba kgona go e bona e ne ebidiwa Jeso. E ne e le Morena wa Kgalalelo, Mothatayotlhe a bonafaditswe mo nameng. Ke Modimo Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepho. O tseo tsotlhe.

Balang molaetsa...
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.

Download (English):   Godhead Explained



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Ditatelano Patemose.)


English Newsletter Site.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le
Bitsaanape.Index.

Evañgelio.
Yesu, a re itsephisa
mo libeñ cotle.

Kolobetso ya metsi.

 
 

Maru a legorimo.

Pilara ea Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(English) 

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(English) 

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
dithuto.

Peo ya Kgogela.
Apole ?

Masaitseweng a
Babilone.

  Ditemana ya re...

Lona Bayeserela, utluañ: Yehova Morimo oa rona, ki Yehova eo moñue hela:

Deuteronome 6:4


Click on an image to download PDFs or fullsize picture.


Acts of the Prophet

(PDFs English)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF)

Mountainside and
rosebush in snow,
in China.

Lilelia ea Molelo.

Pilara ea Molelo.
- Houston 1950.

Light on pyramid
rock.


 


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.