Lefoko le le Tshelang dithuto.

Lefoko le le Tshelang
dithuto.

Mulayo wa mabebo.

Mulayo wa mabebo.


  Lefoko le le Tshelang dithuto.

Molao wa tsalo.

Balang molaetsa...
Kereke ya Paka ya Peregamo.


William Branham.

Ke sone se kelekang go se le bolelela fa. Molao wa tsalo o supa gore setshedi sengwe le sengwe se tshwanelwa ke go tsala losika la sone kana go itsala, le ebile fela jaaka goya ka Genesise 1:11,
“Mme Modimo a re, A lefatshe le tlhoge bojang, mere e e tsalang peo, le setlhare sa loungo se se ungwang ka fa losikeng la sone, se peo ya sone e leng mo teng ga sone, mo lefatsheng: mme ga nna jalo”

Botshelo bopefela jo bo neng bole mo peong bone ja tlhoga mme ja nna semela mme ja nna leungo. Molao one o o tshwanang oo o dirisiwa mo kerekeng. mo letsatsing leno. Peo epefela e e simolotseng kereke e tla tlhoga mme e tshwane le jaaka peo ya ko tshimologong gonne ke peo e e tshwanang. Mo malatsing ano a bofelo Kereke ya Monyadiwa (peo ya ga Keresete) wa nnete o tla fitlha ko Setlhoweng, mme o tla nna kereke e e maemo a a kwa godimo, le letso le le maemo a a kwa godimo, jaaka fa e ntse e atamela go tla ga Morena. Ba e leng Mmonyadiwa ba tla tshwana fela thata le Ene mo e leng gore e bile ba tla nna mo setshwanong sa Gagwe. Se ke gore ba kopane le Ene. Ba tla nna bangwe le Ene. Ba tla bo bale tsupo ya Lefoko la Modimo yo o tshelang. Makoko a diphutlhego ga a kake a ntsha se (ke peo e e seng ya nnete). Ba tla ntsha dithuto tsa bone le ditumelo tsa boheitane tsa bone, tse ba di tlhakantse le Lefoko. Go tshwakanya peo mo go baka dikungwa tse di tswakanyeng.

Morwa wa ntlha (ebong Atame) e ne e le peo ya Lefoko la Modimo le le builweng. O ne a fiwa monyadiwa gore a ikoketse. *Ke lone lebaka la go bo a ne a newa monyadiwa, gore a ikoketse; go tshola morwa yo mongwe wa Modimo. Mme o ne a wa . O ne a uswa ka ntata ya dipeo tse di tswakantsweng. O ne a baka gore a (Atame) swe.

Morwa wa bobedi (eleng Jeso), gape e leng Lefoko le leng Peo la Modimo le le boilweng le leneg le neilwe monyadiwa jaaka le ne le neilwe Atame. Pele ga a mo nyala, o ne a setse a ole. *Ene, jaaka a ne a le mosadi wa ga Atame, o ne a lekwa go bona gore a o ne a tla dumela Lefoko la Modimo mme a bo a tshela, kana a belaele Lefoko mme a bo a swa. O ne a belaela. O ne a tlogela Lefoko. One a swa.

Gotswa mo setlhophenyaneng sa peo ya nnete ya Lefoko, Modimo o tla itsese Keresete le monyadiwa yo o rategang. Ke lekgarebe la Lefoko la Gagwe. Ke lekgarebe gonne ga a itse dithuto le ditumelo tsa boheitane tsa setho. Tsotlhe tse di neng Modimo a Modimo a di solofeditseng gore di bonagale mo lekgarebebeng di tla diragadiwa mo malokong le ka maloka a monyadiwa.

Lefoko la tsholofetso le ne la tla ko lekgarebeng Maria. Mme Lefoko la tsholofetso ene e le Ene, KaboEne, gore a bonagadiwe. Modimo one a bonagadiwa. Ene, Kabo Ene, o ne a supa ka nako eo mme a diragatsa Lefoko le eleng la Gagwe mo lekgarebeng. Ene e le moengele yo o neng a mo tsisetsa molaetsa. Mme molaetsa wa moengele ene e le Lefoko la Modimo. Isaia 9:6. O ne a diragatsa ka nako eo tsotlhe tse di neng di kawadilwe ka ga Ene gonne o ne a amogela Lefoko la Gagwe.

Maloko a monyadiwa wa lekgarebe ba tla Mo rata, gape ba tla nna le bokgoni ja Gagwe, ka gore Ke tlhogo ya bone, mme maatla otlhe ke a Gagwe. Ba ka fa tlase ga Gagwe jaaka dikarolo tsa mebele ya rona di ka fa tlase ga ditlhogo tsa rona.

Elang tlhoko tumalano magareng ga Rara le Morwa. Jeso ga a ise a ke a dire sepe go fitlhelela A se bontshiwa ke Rara. Johane 5:19. Tumalano e jaanong e tshwanetswe ke go nna tleng magareng ga Monyadi le Monyadiwa. O mo bontsha Lefoko la Botshelo. O a le amogela. Ga a ke a le belaela. Ka jalo, ga gona sepe se se ka mo tlhokofatsang , lefa e le leso. Gonna fa peo e jadilwe, metsi a tla se godisa gape. Sephiri sa seo ke se. Lefoko le mo monyadiweng (jaaka le ne le le mogo Maria). Monyadiwa o na le mogopolo wa ga Keresete gonne o itse se A batlang gore go didrwe eng ka Lefoko. O dira ditaelo tsa Lefoko mo Leineng la Gagwe gonne o nale “Go bua Morena.” Gotswa foo Lefoko le tshedisitswe ka Mowa le gore le a diragadiwa. Jaaka peo e e neng ya jalwa mme ya bo e nosetswa, e gila gofitlhelela nako ya thobo, e diragatsa boikaelelo ja yone.

Ba mo sethopheng sa monyadiwa ba dira gorata ga Gagweg fela. Ga go na ope yo o ka ba dirang gore ba dire se sele. Bana le 'go bua Morena' kontle ga moo ba a didimala. Ba itse gore e tshwanetse ya nna Modimo mo go bone yo o dirang ditiro, a diragatsa Lefoko le e leng la Ggagwe. Ga a aka a wetsa tiro ya Gagwe yotlhe ga A ne A le mo bodireding ja Gagwe ja mo lefatsheng jalo o bereka mo le ka monyadiwa. O itse seo, gonne e ne e ise e nne nako ya Gagwe go dira dilo dingwe tse jaanong a tshwanelang ke go di dira. Mme jaanong O tla diragatsa tiro eo ka monyadiwa e A e tlogeletseng nako eno.

Jaanong a re emeng jaaka Joshua le Kaleba. Lefatshe larona la tsholofetso le etla fela jaaka la bone le ne la tla. Jaanong Joshua go raya “Jehovah MMoloki”, gape o emetse moeteledipele wa nako ya bofelo yo o tlaa tlang ko kerekeng fela jaaka Paulo a ne a tla jaaka moeteledipele wa tshimologo. Kaleba o emetse ba ba neng nna le Joshua ka boammaruri.”

Balang molaetsa...
Kereke ya Paka ya Peregamo.


  Ditemana ya re...

Nanoga, u bonesioe: gone seri ya gago le tlile, le khalalelo ea ga Yehova e gu tlabetse.

Gone bona, lehihi le tla khurumetsa lehatse, le lehihi ye lencu merahe: mi uena, Yehova o tla gu tlabela, mi khalalelo ea gague e tla bonoa go uena.

Yesaye 60:1-2



Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.