Ditatelano Patemose.


  Lokwalo le la Tshenolo dithuto.

Johane a le kwa Patemose.


William Branham.

Balang molaetsa...
Ditatelano Patemose.

Tshenolo 1:9-10
Nna Johane, mogalona, le yo ke tlhakanetseng le lona pitlagano ya ga Jesu, le bogosi, le bopelotelele jwa gagwe, ke ne ke le mo setlhakeng se go tweng Patemose, ka ntlha ya lefoko la Modimo le tshupo ya ga Jesu.
Ka bo ke tsenywe ke Mowa ka letsatsi la Morena, mme ka utlwa lentswe le legolo kwa morago ga me, e kete la lonaka.

Ditatelano tse tsa diponatshegelo tsa Tshenolelo ya Motho yo eleng Jeso Keresete di ne tsa neelwa Johane fa a kobetswe kwa setlhaketlhake se se bidiwang Isle of Patmos. Sethakethake se sennye se se bokgakala jwa dimmaele di le masome a mararo gotswa kwa letshitshing la Asia Minor kwa lewatleng le le bidiwang Aegean Sea. Ka Se ne se tletse mantswe gape se na le dinoga tse di ntsi, le bommantseane le mashokgwa a mantsi, go ne go sena kgwebo e ntsi teng, jalo se ne se dirisiwa ke Bogosi jwa Roma jaaka motsana o ba neng ba isa magolegwa a a atlholetsweng melato e megolo, magolegwa a sepolotiki lalo jalo.

Le tla lemoga gore Johane o setse a ikaile mo Bakereseteng e le mokaulengwe yo o mo pitlaganong. E ne e le ka nako e kereke ya gale e neng e le mo dipodisegong. Bodumedi jwa bone bo ne bo se fela “gore gongwe le gongwe go ne go buiwa kgatlhanong le jone” mme batho ka bo bone ba ne ba tshwarwa ba tsenngwa mo kgolegelong gape ba bolawa. Johane, jaaka bontsi jwa ba bangwe, o ne a bogiswa ke kgolegelo ka lobaka la Lefoko la Modimo le bopaki ka ga Jeso Keresete. Fa a ne a tshwarwa, ba ne ba lekela lefela go mo bidisa mo mafureng a a belang mo lobakeng la dioura dile masome mabedi le bone, mme ba ne ba palelwa ka a ne a seka a diragalelwa ke sepe. Badiredi ba ba neng ba tenegile ba ne ba palelwa ba bo ba mo atlholela go ya kwa kgolegelong kwa Patemose jaaka moloi Mme Modimo o ne a na le ene, mme o ne a namolwa mme a tswa kwa setlhakatlhakeng mme a boela kwa Efeso kwa a neng a tswelela gape e le moruti go fitlhelela nako ya loso la gagwe.

Kgalalelo ya Motho Wa Boene e e menaganeng ga supa.

Tshenolo 1:14-16,
14 Tlhogo ya gagwe ya bo e le tshweu le moriri wa gagwe, jaaka boboa jo bosweu, go le gosweu jaaka kapoko; matlho a gagwe a bo a ntse jaaka kgabo ya molelo. 15 Mme dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e e gotlhilweng, jaaka e kete e ntlafaditswe mo leubeng; lentswe la gagwe ya bo e kete go suma ga metsi a le mantsi. 16 Mme a bo a tshotse dinaledi di supa ka seatla sa gagwe se segolo; mo molomong wa gagwe ga bo go tswa tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi; sefatlhogo sa gagwe sa nna jaaka letsatsi fa le phatsima ka thata ya lone.

Go bonafala ga ga Jeso kwa go Johane, go gogomosa maikutlo gape le go tlhotlheletsa jang, yo o neng a kobilwe ka ntata ya Lefoko, mme bonang, LEFOKO le le tshelang jaanong le eme fa pele ga gagwe. A ponatshegelo e e sedimosang, gonne sengwe le sengwe se se tlhalosiwang se botlhokwa. A tshenolelo ya kgalalelo ya Boene.

1.Moriri wa Gagwe o ne o le mosweu jaaka kapoko.

Johane lantlha o a lemoga gape o umaka bosweu jwa moriri wa Gagwe. O ne o le mosweu, gape o phatsima jaaka kapoko. Mo e ne e se ka ntata ya dingwaga tsa Gagwe. Oo, nnyaa. Moriri o mosweu o o phatsimang ga o supe botsofe mme o supa boitemogelo, kgolo, le botlhale. Wa Bosakhutleng ga A tsofale. Nako ke eng mo Modimong? Nako ga e re e sepe se se kalo ko Modimong, mme botlhale bo raya sengwe se segolo. Go tshwana le fa Solomone a ne a kopa botlhale kwa Modimong gore a atlhole batho ba Iseraele. Jaanong e etla, moatlhodi wa lefatshe lotlhe. O tla bo a rwesitswe serwalo sa botlhale. Ke sone se moriri o o mosweu o o tsabakelang o se supang.

Ene e le moatlhodi a bula dilkwalo gape a atlhola ka tsone. Daniele o ne a mmona a tla mo marung. Ke sone tota se Johane a neng a se bona. Ba ne ba mmona tota ka go tshwana. Ba ne ba bona Moatlhodi a apere moitlamo wa gagwe wa katlholo mo magetleng, a eme a le phepa gape a le boitshepho, a tletse ka botlhale, a tshwanelwa ka botlalo ke go atlhola lefatshe mo tshiamong. Haleluja.

2. Matho a Gagwe a ne a tshwana le molelo.

Akanya ka seo. Matlho ao a kile a bo a le leoto a tletse ka dikeledi tsa kutlobotlhoko le bopelotlhomogi. Matlho ao a a neng a lela ka kutlwelobotlhoko kwa phuphung ya ga Lasaro. Matlho ao a a neng a seka a bona bosula jwa babolai ba ba neng ba Mo kaletsa mo sefapaanong mme mo kutlobotlhokong a goa a re, “Rara ba intswharele.” Jaanong matlho ao ke kgabo ya molelo, matlho a Moathodi Yo o tla busulosetsang ba ba neng ba Mo gana. Mo maikutlong otlhe a setho a a kileng a a bonafatsa a le magolo fa a ne a bonala jaaka Morwa Motho e ne e le one a, O ne a tlhola a lela. Mme le fa etswa a ne a go lela le kutlobotlhoko o ne antse a na le Modimo mo go Ene. Matlho o ne ao a ne a bona diponatshegelo. A ne a leba kwa boteng jwa dipelo tsa batho le go bala megopolo ya bone mme a itse ditsela tsotlhe tsa bone tse di farologanyeng. Yo o neng a tukisa matlho a setho se se bolang e ne e le Modimo, Yo o neng a lelela kwa go ba ba neng ba sa itse gore O ne A le mang., “... Fa le sa dumele gore Ke Ene, le tla swela mo dibeng tsa lona.” Johane 8:24.
“Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre,le seka lwa ntumela. Mme fa ke dira( ditiro tsa ga Rre), le fa lesa ntumele , dumelang ditiro ...” Johane 10:37,38.
Jaaka Jeremia wa bogologolo, O ne a le moperofeti yo o lelang, gonne batho ba ne ba seka ba amogela Lefoko la Modimo mme ba tlhokomologa tshenolo.

Matlho a a jaaka kgabo ya molelo a Moatlhodi a legompieno a a gatisang matshelo batshidi botlhe. A tabogela kwa le kwa mo lefatsheng ka bophara, ga gona se A sa seitseng. O itse dikeletso tsa pelo le se kgato nngwe le nngwe e ikaeletseng go se dira. Ga gona se se fitlhilweng se a ka sekeng a se senole, gonne dilo tsotle ga di apogile fa pele ga Gagwe ka One o re nang le go dirana nao. Akanya ka seo, O itse le se o se akantseng gone jaana.

Ee, o eme jaaka Moatlhodi go ne fale ka matlho a a tukang go lekanya katlholo. Letsatsi la mautlwelobothoko le fedile. Oo, o kare batho ba ka ikwatlhaya gape ba batle sefatlhego sa Gagwe mo tshiamong fa go santse go na le nako. Gore ba dire sehuba sa gagwe mosamo wa bone pele ga lefatshe le nyera mo molelong.

3. Dinao tsa Kgotlho.

“dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e e gotlhilweng, jaaka e kete e ntlafaditswe mo leubeng.” Kgotlho e itsege ka bothata ja yone bo bo gakgamatsang. Ga gona sepe se se itseweng se se ka e robang. Mme kgotlho e e kayang dinao tsa Gagwe e gakgamatsa thata mme ka moo e ne ya falola teko ya leubelo la molelo o o tukang thata, teko e ope a iseng a ko a e ralale. Mme seo ke nnete. Gonne Kgotlho e kaya Katlholo ya Bomodimo: katlholo e Modimo a e ntshitseng le go e diragatsa.

Dipalo 21:8, 9,
“Jehofa a raya Moše, a re: ”Itirele noga ya kgotlho o e pege mo mokgorong; go tlaa dirafala gore mongwe le mongwe yo o lomilweng, o tlaa re a e bona a tshele.“ Moše a dira noga ya kgotlho, a e pega mo mokgorong, ga dirala e ne e re fa noga e lomile motho mongwe, e re a leba noga ya kgotlho a tshele.”
Baiseraele ba ne ba leofile. Sebe se ne se tshwanelwa ke go atlholwa. Jalo Modimo a laela Moshe gore a pege noga ya kgotlho mo lepakong, mme yo o neng a e lebelela o ne a bolokilwe mo kotlhaong ya sebe sa gagwe.

Mme letsatsi lengwe dinao tseo tsa kgotlho di tla ema mo lefatsheng. O tlanna Moathodi wa lefatshe lotlhe, mme ka tekano le itekanelo O tla Atlhola motho. Mme go tla bo go sena go itlhokomolosa katlholo eo. Ga gona go boela morago tshiamo eo. Go tlabo go sena go e fetola. Yo o sa siamang o tla sala fela a sa siama; yo o makgaphila o tla sala a ntse makgaphila. Yo o Sa Fetogeng ga a ketla a ba fetoga gone koo, Gonne gaise a fetoge gape ga a ketla a fetoga. Dinaotseo tsa kgotlho di tla thubaganya mmaba. Di tla nyeletsa moganetsakeresete, sebata le They will destroy the anti-christ, le etshwantsho sa sebatana le tsotlhe tse di bosula mo matlhong a gagwe. O tla nyeletsa ditsamaiso tsa kereke tse di tsereng Leina la Ggawe fela go senya phatsimo ya lone mme di di thubaganye go di nyeletsa ga mmoge le moganetsa keresete. Botlhe baikepi,baheitane, balatola Modimo, naithuta Modimo, ba lwela kgololesego. Leso, bobipo, le phupu di tla bo di le teng. Ee di tla bo dile teng. Gonne ga a tla, dikwalo di tla bulwa. Ke gone ga le kereke e ebololo le makgarebe a matlhano a dieleele ba tla bonalang. O tla tlhaola dinku gotswa mo dipoding. Ga A tla O tla tsaya puso, gonne ke ya Gagwe, mme O tlabo a na le dikete tse lesome tsa didikadike, eleng monyadiwa wa Gagwe, yo o tlang go mo direla. Kgalalelo! Ooh, ke gone jaana e seng jalo ga go kake ga thola go nna. Ikwatlhae pele ga go nna tlhari. Tshoga mo baswing mme o batle Modimo gore o tladiwe ka Mowa o o Boitshepho eseng jalo o tla fetwa ke botshelo jo bo sa khutleng. Dira jalo fa go santse go na le nako.

4. Lentswe la Gagwe le ne le le jaaka modumo wa metsi a mantsi.

Jaanong metsi a emetse eng? E utlweng mo go Tshenolo 17:15,
“... Metsi a o a bonyeng kwa seaka se dutseng teng, ke ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo.”
Lentswe la gagwe e ne e kare modumo wa matshwititshwiti a batho ba bua. E ne e le eng? Ke katlholo. Gonne a ke mantswe a matshwititshwiti a basupi, ba ka Mowa o o Boitshepho mo dipakeng tsotlhe ba ne ba pakela Keresete le go rera Efageli ya Gagwe. E tla bo e le lentswe la motho mongwe lemongwe yo o emang ka katlholo kgatlhanong le moleufi yo tlase keng a tsibogele tlhagiso. Mantswe a barongwa ba ba supa le tla utlwala le le kwa godimo le le utlwalang sentle. Bareri bao ba ba boikanyego ba ba neng ba rera maata a poloko ya ga Jeso, ba ba neng ba rera kolobetso mo Leineng la ga Morena Jeso, ba ba rerilemg go tlatswa mo boteng le maatla a Mowa o o Boitshepho, ba ba neng ba emela Lefoko go gaisa ka fa ba ne ba emela matshelo a bone; botlhe e ne ele lentswe la ga Jeso Keresete ka Mowa o o Boitshepho modipakeng tse dintseng di feta. Johane 17:20,
“Le gone ga ke rapelele bone bosi, mme ke rapelela le ba ba dumelang mo go Nna ka lefoko la bone”

Oo, ga le ne le ka go lemoga. E ne e le metsi a a neng a senya lefatshe, mme ene ele one metsi a a tshwanang a a neng a boloka Noa gape a bolokela Noa lefatshe lotlhe. Reetsang lentswe la Gagwe, le lentswe la bathanka ba gagwe, jaaka ga le biletsa batho boikwatlhalo le botshelo.

5. Mo letsogong la Gagwe la moja gone go na le dinaledi tse supa.

“Mme o ne ana le dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja.” Jaanong ee re setse re itse go tswa mo temaneng ya masome mabedi gore dinaledi tse supa di raya eng tona. “Mme masaitsegeng a dinaledi tse supa ke baengele ( barongwa) ba dikereke tse supa.” Jaanong re re sa kake ra dira phoso fa ka ntlha epefela, ka gore O a re e senolela. Baengele ba ba basupa ke barongwa ba dipaka tse supa tse di latelelanang tsa dikerekeka. Ga di a bitswa ka maina. Ba thomilwe ba le basupa, paka nngwe le nngwe e na le morongwa a le mongwe. Go tswa mo Pakeng ya Baefeso go tla go tsena mo Pakeng eno ya Laodikea morongwa mongwe le mongwe o ne a tlisa molaetsa wa nnete mo bathong, ga ba ise ba palelwe ke go o tshegetsa Lefoko la Modimo la paka epefela. Mongwe le mongwe wa bone o ne a le tshegetsa. Bane ba thomame mo boikanyegong ja bone mo leseding la tshimologong. Jaaka paka nngwe le nngwe e ne e gogela kgakala gotswa mo go Jeso, barongwa ba Gagwe ba ba ikanyegang bane ba busetsa morago go boela mo Lefokong. Bokhone ja bone bone botswa mo Moreneng eseng jalo ba ne ba ka bo ba sa kgona go fekeetsa boleo jo bo neng bo tsweletse ka go oketsega. Bane ba sireletsegile mo thokomelong ya Gagwe, gonne go ne go se sepe se se neng se ka ba ngaporolola go tswa mo diatleng tsa Gagwe, gape go ne go se sepe se se neng se ka ba kgaoganya le lerato la Modimo, a e ka nna bolwetse, kotsi, bosaikatega, leuba, botshelo kana leso. Bane ba ineetse ka boammaruri mo go Ene mme ba ne ba tshegeditswe ke bothataesi ja Gagwe.They were truly yielded to Him and kept by His omnipotence. Bane ba sa kgatlhalele dipogisego tse ba neng ba kobana le tsone mo tseleng ya bone. Bane ba na le kutlobothoko gape ba tshotlego mme go ne go tsisa kgalaletso kwa Modimong gore ba ne ba kailwe ba tshwanela ke go boga ka ntlha ya Gagwe. Mme ka go lebogela poloko ya Gagwe ba ne ba tuka ka lesedi la botshelo ja Gagwe mme ba bontsha lerato la Gagwe, bopelotelele, boikokobetso malebogong, bokgwago, bonolo, boikanyego. Mme Modimo o ne a a ba eme nokeng ka dikgakgamatso leditshupo, metlholometlholo. Bane ba bonwa molato gore ba feteletse thata mo tumelong. Bane ba kgalwa ke makoko mme ba sotliwa ka go jewa ditshego, mme ba ne ba tshegetsa Lefoko.

Mme kgomotso e ga se fela ya barongwa ba dipaka tsa dikereke tse supa. Modumedi mnngwe le mongwe yo o mo seatleng sa Modimo gape a kgona go dirisa Lerato le nonofi ya Gagwe, le go amogela tshologelo molemo e e tletseng ya se Modimo a leng sone mo modumeding. Se Modimo a se fang morongwa, le ka fa a segofatsang le kafa a dirisang morongwa, ke sekai sa tshiamo le tlhokomelo ya Gagwe go badumedi BOTLHE ba e leng dikarolo tsa a mmele wa Gagwe. Amene.

6. Tšhaka e e magale mabedi.

“Mme mo molomong wa gagwe go ne gotswa tšhaka e e magale mabedi..” Mo go Bahebere 4:12, “Gonne lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo.” Mme mo molomong wa gagwe go ne gotswa tšhaka e e magale mabedi mo eleng LEFOKO LA GAGWE.

Jaanong Paulo o ne a re Lefoko le tsile ka maatla le ka lentswe. Tota Lefoko le le neng la reriwa le ne la itshupa. Jaaka kgabo, tsháka le ne la tsena mo matswalong a batho, mme jaaka thipa ya ngaka e sega e kgaola malwetse la bo golola batshwarwa. Gongwe le gongwe ko badumeding bao ba gale ba ne ng aba goya, “bane ba tsamaya ba rera Efangeli (Lefoko) mme Modimo a tlhomamisa Lefoko leo ka go latelwa ke ditshupo.” Balwetse ba ne ba fodisiwa, matimone a ne a kgaphelwa kwa ntle, gape ba ne ba bua ka diteme. Seo e ne e le Lefoko mo tirong. Lefoko leo ga le ise le ko le palelwe mo melomong ya Bakeresete ba ba dumelang. Mme mo pakeng e ya bofelo le fano le le nonofile thata gape le legolo go gaisa jaanong mo monyadiweng wa Lefoko wa nnete wa Lefoko. Oo, letsomanyane, lona ba leseng bantsi ka palo le tshwaretse mo Lefokong, tlatsang melomo le dipelo tsa lona ka yone, mme letsatsi lengwe Modimo o tla le fa puso ya Gagwe.

7. Sefatlhego sa Gagwe jaaka Letsatsi.

Mo go Tshenolo 21:23,
“Mme toropo ga e tlhoke gore letsatsi le o phatsimele, le fa e le kgwedi; gonne kgalalelo ya Modimo o nea o bonesa, gape Kwana ke lesedi teng.”
E ke Jerusalema yo Mosha. Kwana e tla bo e le mo toropong eo, mme kagore o tla bo a le teng, lesedi le tla bo le sa tlhokege Letsatsi ga le ketla le tlhaba le go phatsima koo, gonne ke Ene Letsatsi le Lesedi teng, ka Boene. Dichaba tse di tlang mo go yone ditla tsamaya mo leseding la Ggagwe. A ga le itumelele gore letsatsi leo le setse le gorogile? Johane o bone letsatsi leo letla. Lefa go ntse jalo Morena Jeso, tla kabofefo!

Malaki 4:1-3,
“Gonne bonang letsatsi le etla, le le tla tukang jaaka leiso la boubelo: botlhe ba ba mabela, ee, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa nna dirine: mme letsatsi le le tlang le tla ba fisa, go bua motlha o o tlang o tlaa ba laila, go bua Morena wa Masomosomo, ga o ketla o ba tlogelela le fa e le modi kana kala.
Mme lona lo boifang leina la me, Letsatsi la tshiamo le tlaa le tlhabela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tswela kwa ntle, lo tla gola jaaka dinamane tsa lesaka.
Mme le tlaa gataka baikepi; gonne ba tla bo ba le molora ka fa tlase ga dinao tsa lona mo letsatsing le ke tla dirang se ka lone, go bua Morena wa masomosomo.”

Ke eo gape. LETSATSI le phatsima kwa ntle ka maatla a lone yotlhe. Oo, maatla a Morwa Modimo a phatsima mo gare ga ditlhomo tsa dikerese tsa gauta tse supa. Gone foo o eme, eleng Moatlhodi, Ene yo o bogileng le go re swela. O ne a itlamago tsaya bogale ja Kotlao ya Bomodimo. O ne A gatisa segatisetsong sa mofine sa tšhakgalo e e boitshegang le bogale ja Modimo A le nosi. Jaaka re setse re boletse, mo moleufing lentswe la Gagwe le tshwana jaaka modumo wa mosumo wa makhubu a metsi a loso mo lotshitshing le le matlapa. Mme mo baitshephing, lentswe la Gagwe le tshwana jaaka modumo wa moopelo o o monate wa molatswana jaaka fa o kaname o ikhuditse, o kgotsofetse mo go Jeso. O re phatsimela ka marang a Gagwe a a thuthafatsang a lorato A re, “Le se boife, Ke Nna Yo o Neng Ale, Yo o Leng, O o Tlang; Ke nna Mothatayotlhe. Ko ntle game ga gona ope yo mongwe. Ke Alefa le Omega, eleng GOTLHE ga one.” HKe sethunya sa mokgatšhame, Naledi e e Phatsimang ya Moso. Ke ene yo o montle thata mo moweng wame go gaisa ba ba didikadike tse di lesome. Ee, letsatsi le legolo leo le tloga le tlhaba le Letsatsi la Tshiamo le tla tlhaba ka phodiso mo diphukeng tsa Gagwe.

Balang molaetsa... Ditatelano Patemose.


English Newsletter Site.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le
Bitsaanape.Index.

Evañgelio.
Yesu, a re itsephisa
mo libeñ cotle.

Kolobetso ya metsi.

 
 

Maru a legorimo.

Pilara ea Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(English) 

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(English) 

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
dithuto.

Peo ya Kgogela.
Apole ?

Masaitseweng a
Babilone.

  Ditemana ya re...

Mme ya re ke mmona ka wela fa dinaong tsa gagwe, ka sala ekare ke fela. mme a mpaya seatla sa gagwe sa moja a re, O se ka wa boifa; Ke Nna wa Ntlha le waBbofelo;

Ke nna yo o tshelang; mme ke ne ke sule; mme, bonang, ke tshela ka bosakhutleng; Amene; mme ke ke tshotse dilotele tsa bobipo le leso.

Tshenolo 1:17-18.



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Setlhare sa Botshelo.)



Click on an image to download PDFs or fullsize picture.


Kina Eo,
Eo O tla Nañ.

Keresete. Ditlhomo
tsa Dipone tsa gouta.

Acts of the Prophet

(PDFs English)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF English)

Mountainside and
rosebush in snow,
in China.

Lilelia ea Molelo.

Pilara ea Molelo.
- Houston 1950.

Light on pyramid
rock.


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.