Tshenolo ya ga Moitshephi Johane.


  Lokwalo le la Tshenolo dithuto.

Lokwalo le la Tshenolo.


William Branham.

Balang molaetsa...
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.

Tshenolo 1:1-3,
1 Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neileng, gore a e bontshe batlhanka ba gagwe, e bong ya dilo tse di tlaa akofang di dirafala; mme a roma moengele wa gagwe, a e bolelela Johane motlhanka wa gagwe:
2 Yo o supileng ka ga lefoko la Modimo, le ka ga tshupo ya ga Jesu Keresete, ke go re ka ga dilo tsotlhe tse o di bonyeng.
3 Go sego yo o balang, le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone: gonne lobaka lo atametse.

Mokwadi (eseng mosimolodi) wa lekwalo le ke Moitshephi Johane wa semodimo. Bakwala ka ditiragalo ba dumela gore mo malatsing a gagwe a bofelo o ne a nna kwa Efeso, le fa ntswa ka nako ya fa lokwalo le le neng le kwalwa a ne a le kwa setlhakeng sa Patemose. Ga se polelo ka botshelo jwa ga Johane, mme ke Tshenolo ya ga Jeso Keresete mo dipakeng tsa dikereke tsa isago. Mo temaneng ya boraro e biditswe seperofeso, mme seo ke sone se eleng sone.

Lokwalo le gantsi le bidiwa Tshenolo ya ga Moitshephi Johane, mme seo ke phoso. Ke Tshenolo ya ga Jeso Keresete go Bakeresete ba dipaka tsotlhe e e neng ya neelwa Johane. Ke lone fela lokwalo mo Baebeleng yotlhe le le kwadilweng ke Jeso ka sebele, ka go tla a bonafala fa mokwading.

Ke lekwalo la bofelo la Baebele, mme ntswa le bolela ka tshimologo le bokhutlo ba dinako tsa Efangedi.

Jaanong Tshenolo ka segerika ke “apocalypse ” le le rayang “go Sirolola”. Go sIrololwa mo go tlhalosiwa sentle mo sekaing sa fa mmetli wa setshwantsho se se betlilweng a bipolola tiro ya gagwe ya petlo, a e supegetsa balibi. Ke go apola, go senola se se neng se fitlhegile. Jaanong go apola ga se tshenolo fela ya Motho wa Keresete, mme ke TSHENOLO YA DITIRO TSA GAGWE TSA ISAGO MO DIPAKENG TSA DIKEREKE TSE SUPA TSE DI TLANG. Botlhokwa jwa tshenolo ka Mowa mo modumeding wa nnete ga go ka ke gatwe bo gateletswe gantsi. Tshenolelo e botlhokwa mo botshelong jwa gago go gaisa gongwe temogo ya gago. Jaanong ga ke bue ka Lokwalo le la Tshenolo le wena. Ke bua ka tshenolo YOTLHE. E botlhokwa fela thata mo kerekeng. A le gakologelwa Mathaio 16 fa Jeso a botsa barutwana potso e,

Ana batho ba tle ba re nna Morwa Motho ke mang?”
Mme ba ne ba re, Bangwe ba re Johane Mokolobetsi: ba bangwe ba re, Elija; le ba bangwe ba re, Jeremia, kgotsa mongwe wa baperofeti.
Mmea ba raya a re, lona lwa re nna ke mang?
Mme Simone Petere a mo fetola a re O Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.
Jesu a mo fetola a re, O sego, Simone morwa Jona; gonne ga o a go senolelwa ke nama le madi, fa e se ke Rre yo o kwa legodimong.
Le nna ke go raya ke re, O Petere, mme ke tlaa aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di e fenya.

Ba kereke ya Roma ya Sekatuliki bare kereke e agilwe mo godimo ga ga Petere. Jaanong moo go senama tota. Modimo o ka aga kereke ya gagwe jang mo mothong yo o sa iketlang jalo yo o neng a itatola Morena Jeso gape a mo hutsa jaaka a mo itatola? Modimo ga a kake a aga kereke ya Gagwe mo mothong ope yo o tsetsweng mo sebeng. Gape e ne e se letlapa le le neng le rapaletse foo jaaka o kare Modimo o ne a itshepisa lefatshe mo lefelong le letlapa leneng le le fa go lone. Mme ga se jaaka Ba Maporotesetanta ba bua, gore kereke e agilwe mo godimo ga ga Jeso. Ene e le TSHENOLO. E bale ka fa e kwadilweng: “Nama le madi ga di a e SENOLA, GA E SA SENOLWA KE RRE, gape MO GODIMO GA LEFIKA LE (REVELATION) KE TLA AGA KEREKE YAME:” Kereke e agilwe mo Tshenolelong ya, “Go Bua Morena”.

Abele o itsile jang gore a dire eng gore a fe Modimo setlhabelo se se tshwanetseng? Ka tumelo o ne a amogela tshenolo Ya madi. Kaene o ne a seka a nna le tshenolo eo (le fa a ne a ne a na le taelo) jalo o ne a seka a fa stlhabelo se se siameng. Ene e le tshenolo e e tswang kwa Modimong e e dirileng parologanyo gape ya neela Abele botshelo jo bo sa khutleng. Jaanong o ka tsaya se moruti a se buang, kana se barutintshi ba kwa borutelong jwa tumedi ba se buang, le ntswa o ka rutiwa ka manonthotho, go fitlhelela Modimo a go senolela gore Jeso ke Keresete, gape gore ke madi a a go tlhatswang sentle, le gore Modimo ke Mmoloki wa gago, ga o ketla o nna le botshelo jo bo sa khuteng. Ke tshenolo ya Semowa e e dirang jalo.

Jaanong ke rile Lokwalo la Tshenolo ke tshenolo ya ga Jeso le se a se dirang mo dikerekeng tsa dipaka tseo tse supa. Ke tshenolo ka gore barutwana, ka bobone, ba ne ba sa itse nnete e e kwadilweng e. E ne ise e senolwe pele mo go bone. Le gakologelwa gore ba ne ba tla kwa go Jeso mo Lokwalong la Ditiro mme ba MMotsa ba re, “A o busetsa Iseraele bogosi ka baka lono?” O ne a re, “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseng mo thateng ya gagwe.” Banna bao ba ne ba ntse ba akanya ka Jeso a na le puso e e mo lefatsheng. Mme e ne e le puso ya semowa e a neng a tsile go e tlhoma. Le ene o ne a sa kgone go ba bolelela ka maemo a Gagwe mo go yone, gonne Rara o ne a ise a go Mo senolele. Mme morago ga loso le tsogo ya Gagwe, mme ka nako e mo bodireding jwa botshereganyi jwa gagwe, o na le bokgoni jwa go tlhoma mo tshenolong e ya Gagwe mo go Johane gore kgalalelo le boleng teng jwa Gagwe mo kerekeng bo raya eng gape bo tla dira eng.

Mo tshenolong e o re bolelela gore bofelelo jwa ga diabole ke eng. O bolela ka fa a tla berekanag le diabole ka teng le go mo latlhelang mo lekadibeng la molelo. O senola phelelo ya moikepi yo o salang Satane morago. Mme Satane tlhoile seo.

O o kile wa lemoga ka fa Satane a tlhoileng dikwalo tse pedi mo Baebeleng go gaisa tse tsotlhe? Ka baithutabomodimo ba kgololesego le baitsaanape o nna fela a tlhasela Lekwalo la Genesise le Lekawlo la Tshenolo. Mo bobeding jwa tsone dikwalo tse re fitlhela tshimologo ya ga Satane, le ditsela tse di makgaphila tsa gagwe le nyeletso ya gagwe. Ke sone se a di tlhaselang. O tlhoile go bipololwa, mme mo dikwalong tseo o bipolotswe go supa se a leng sone tota. Jeso o ne a re ka ga Satane, “Ga a na karolo mo go Nna gape Ga ke na karolo mo go ene.” Diabole o tla rata go rurufatsa ka parologano; mme ga a ka ke, jalo o dira tshotle tse a ka di dirang go nyeletsa tshepo mo Lefokong. fMme fa kereke e sa dumele Satane mme ya bo e dumela Mowa wa tshenolo ya Lefoko, dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di e fenya.

Mme ke akgele fa go tswa mo bodireding jwa me, fa le sa kgatlhale. Lotlhe le itse gore mpho e e mo botshelong Jwame e fetile tlholego. Ke mpho e e leng gore Mowa o o Boitshepho o kgona gotlhatlhoba le go lemoga malwetse, le dikakanyo tsa dipelo tsa batho, le dilo tse dingwe tse di fitlhegileng tse Modimo a le nosi a ka di itseng mme a bo a di ntshenolela. Ke eletsa gore le ka ema le nna la bona difatlhego tsa batho fa Satane a lemoga gore o tsile go senolwa. Jaanong, ga se batho ba ke buang ka ga bone. Ke Satane yo o tshwereng matshelo a bone ka sebe, le go tlhoka gokgatlhala., le malwetse. Mme o tshwanetse go bona difatlhego tsa bone. Satane o itse gore o tsile go senolwa, mme difatlhego tsa bone di nna lediphetogo tsa ditebego tse di sa tlwaelesegang. Satane o a tshaba. O itse gore mowa wa Modimo o tloga o letlelela batho go itse ditiro tsa gagwe. Ke sone se a tlhoileng bokopano jo thata. Fa maina a malwetse a bitswa le malwetse a senolwa, Satane ga a rate seo. Jaanong se keng? Ga se go bala megopolo, ga se tekeletso , kana boloi. Ke TSHENOLO ka Mowa o o Boitshepho. Ke yone tsela fela e ke ka e itseng ka yone. Ee tlhaloganyo ya senama e tla bitsa sepe fela fa e se Mowa o o Boitshepho.

Tla ke le supegetse lebaka le lengwe la gore keeng Satane a tlhoile Lokwalo la Tshenolo ya ga Jeso Keresete mo kerekeng. O itse gore Jeso Keresete o tshwana maanbane, le letsatsi leno, le ka bosakhutleng, gape ga a fetoge. O itse gore go le gontsi go gaisa diperesente di le masome a ferabongwe tsa barutabodumedi ba ka itse. O itse gore e re ka Modimo a sa fetoge ka tlholego ya Gagwe jalo Ga a fetoge fela jaaka ditsela tsa gagwe. Ka jalo Satane o itse e le ruri gore kereke ya matlhomo kwa Pentekosete e e neng e na le maatla a Modimo (Mareko 16 a le mo tirong) ke Kereke ya Nnte e Jeso a bolelang gore ke ya gagwe. Tsotlhe ga se tsa nnete. go tshwanetse ga nna jalo.

Jaanong gakologelwang se. Keresete mo Kerekeng ya Nnete ke tswelediso ya lokwalo la Ditiro. Mme lokwalo la Tshenolo le supa ka ga mowa wa moganetsakeresete a tla tlang o tsena mo kerekeng mme o e senye, o edira bololo, loleya le go tlhoka maatla. E senola Satane, e senolo ditiro tsa gagwe (ke maiteko a gagwe a go nyeletsa batho ba Modimo le go nyatsa lefoko la Modimo) go tloga gale go fitlhelela a latlhelwa mo lekadibeng la molelo. O lwantsha seo. Ga a kgone go emela seo. O itse gore ga batho ba ka nna le TSHENOLO YA NNETE ya KEREKE YA NNETE le gore ke eng, le gore e emetse eng le gore E KGONA GO DIRA DITIRO TSE DI KGOLO, E tla nna batlhabani ba ba sa bonaleng. Ga ba tshwara tshenolo ya nnete ya mewa e mebedi e e berekang mo kerekeng ya Bakeresete mme ka Mowa wa Modimo ba tlhathobe gape balwantsha mowa wa moganetsakeresete, Satane o tla tlhoka maatla. O tla phuphama ka tota letsatsi leno jaaka ga Keresete a ne a lwantsha maiteko a gagwe a go nna le maatla godimo ga Gagwe kwa sekakeng. Ee Satane ga a rate tshenolo. Mme re a e rata. Fa re na le tshenolo mo matshelong a rona, dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di re fenya, mme re tla di fenya.

Le tla gakologelwa gore kwa tshimologong ya molaetsa o ke ne ka umaka gore Lokwalo le re le ithutang le ke tshenolo ya ga Jeso, ka Boene, mo kerekeng le diriro tsa Gagwe mo dipakeng tsa isago. Go tswa foo ka bo ke umaka gore go tsaya Mowa o o Boitshepho go refa tshenolo e seng jalo re tla palelwa ke go tshwara. Go tsisa megopolo e mebedi e mmogo le tla lemoga gore ga go tseye fela go ithuta mo go tlwaelesegileng gore Lokwalo le senolege le lenne la mmatota. Go tsile go tsaya tiro ya Mowa o o Boitshepho. Go raya gore Lokwalo le ga le kake la senolelwa ope fela ga e se setlhopha sa batho ba ba kgethegileng. Go tla tsaya ope fela yo o nang le tshedimosetso ya seperofeso. Go tla tlhoka bokgoni jwa go utlwa Modimo. Go tla tlhoka taelo ya sefetatlholego, e seng fela moithuti yo o tshwantshanyang temana le temana, le fa etswa moo go siame. Mme masaitseweng a tlhoka thuto ya Mowa e seng jalo ga a kake a tlhola e sedimosega. Ka fa re tshwanetseng go utlwa gotswa kwa Modimong le go nna re butse dipelo tsa rona le go ineela mo Moweng go utlwa le go itse.

Jaaka ke setse ke buile, Lokwalo le (Tshenolo) ke bokhutlo jwa Ditemana. E bile le beillwe gone fela mo lenaaneng la Ditemana; kwa bokhutlong. Jaanong o ka itse gore ke eng fa le re ope fela yo o le balang kana a le utlwa o segofaditswe. Ke tshenolelo ya Modimo e e tla gofang taolo godimo ga ga diabole go mo fenya. Mme le kgona go lemoga lebaka la gore ke eng fa ba ba tla le oketsang kana ba le fokotsa ba tla bo ba huditswe. Go tla tshwanela ke gore go nne jalo, go nne ke mang yo o ka oketsang kana a fokotsa mo tshenolong e e itekanetseng ya Modimo mme a bo a fenya mmaba? Go motlhogo fela jalo. Ga go na sepe se se tshwanang le maatla a a fenyang jaaka tshenolo ya Modimo. Le a boa, mo temaneng ya boraro go boletswe tshegofatso mo go ba ba fang Lokwalo le kelotlhoko e e kgethegileng. Ke akanya gore se se kaya mokgwa wa kgolagano e Kgologolo fa baperesiti ba ne ba balela phuthego Lefoko mo mosong. Le a bona, bontsi bo ne bo sa kgone go bala jalo moperesiti o ne a tshwanelwa ke go ba balela. Fela ga e ne e le Lefoko, tshegofatso e ne e le teng. Go ne go sa kgatlhalesege fa le ne le balwa kana le reediwa.

“Nako e gaufi” Nako e ne e se gaufi nako e e fetileng. Mo botlhaleng le itsholelong ya Modimo tshenolo e kgolo e (lefa e itsiwe ka botlalo ke Modimo) e ne e sa kake ya tla go fitlhela gompieno. Ka jalo ka bonako re ithuta molaomotheo- tshenolo ya Modimo ya paka nngwe le nngwe e katla fela mo pakeng eo, le ka nako e e kgethegileng. Lebelelang ditso tsa Iseraele. Tshenolo ya Modimo kwa go Moshe e tsile fela ka nako e e kgethigileng ya ditso, mme ebile ka go tlhamalatsa e tsile fa batho ba ne ba lelela kwa Modimong. Jeso ka boene, o tsile ka botlalo jwa nako, Ene e le Tshenolo e e feletseng ya Bomodimotota. Mme mo pakeng e (Laodikea) tshenololo ya Modimo e tla tla ka nako ya yone. Ga e kake ya reketla, e bile ga e kake ya tlhaela kgolo. Akanyang ka se gape le se sekegele tsebe sentle, go nne re mo nakong ya bofelo mo nakong eno.

Balang molaetsa...
Tshenolo ya ga Jeso Keresete.


English Newsletter Site.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le
Bitsaanape.Index.

Evañgelio.
Yesu, a re itsephisa
mo libeñ cotle.

Kolobetso ya metsi.

 
 

Maru a legorimo.

Pilara ea Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(English) 

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(English) 

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
dithuto.

Peo ya Kgogela.
Apole ?

Masaitseweng a
Babilone.

  Ditemana ya re...

Gone lehatse ye le noañ pula e e le nelañ ka gantsi, le ba uñuela mauñuo a molemo bona ba ba le lemeloañ, lea bona matsego mo go Morimo;

Mi ye le uñuañ mitlua le meñana, le latlegesega, mi le gauhe le thogako; ye khutlo sa yeona e leñ go hisioa.

Bahebera 6:7-8



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Tshenolo ya ga Jeso Keresete.)


Click on an image to download PDFs or fullsize picture.


Acts of the Prophet

(PDFs English)

Marriage and
Divorce.

(PDF English)

William Branham
Life Story.

(PDF English)

How the Angel came
to me.

(PDF English)


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.