Mosadi Yoo Jesebele.


  Lokwalo le la Tshenolo dithuto.

Kereke ya Paka ya Thiatira.


William Branham.

Balang molaetsa...
Kereke ya Paka ya Thiatira.

Tshenolo 2:20-23,
20 Mme ke go nyaletsa selo se, gore o leseletsa mosadi yo go tweng Jesebele, yo o ipitsang moperofeti wa sesadi; o a ruta, o fepisetsa batlhanka ba me mo kgokafalong, le mo go jeng dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo.
21 Mme ka mo naya lobaka gore a ikwatlhaye; mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe.
22 Bona, ene ke mo latlhela mo bolaong, le ba ba dirang boaka nae, mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa ikwatlhaele ditiro tsa bone.
23 Ke tlaa bolaya bana ba gagwe ka loso; mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse fa ke le ene yo ke hukutsang diphilo le dipelo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona ka fa ditirong tsa lona.

Selo sa ntlha le se se botlhokwa thata se re se ithutang ka Jesebele ke gore ga se morwadia Aberahame, e bile go tsenngwa ga gagwe mo merafeng ya Iseraele ga se ga go amogelwa semoyeng jaaka go ne ga dirwa ke Ruthe wa Momoabe. Nnyaa, rra. Mosadi yo e ne e le morwadia Ethbaal, kgosi ya Sidona (mo go I Dikgosi 16:31), yo e neng e le moperesiti wa ga Ashethorethe. O ne a nna kgosi ka go bolaya yo o neng a mo eteletse pele e bong Pheles. Ka jalo re kgona go bona ka bonako gore e ne e le morwadia mmolai. (Se tota se re gopotsa Kaine.) Mme tsela e a neng a nna karolo ya Iseraele ka yone e ne e se ka ditsela tsa semoya tseo Modimo o neng o di tlhomile gore Baditšhaba ba amogelesege; mme o ne a tsena ka go nyala Ahabe, kgosi ya ditso tse di lesome tsa Iseraele. Jaanong tshwaragano e jaaka re bone e ne e se ya Semoya; e ne e le ya bopolotiki. Ka jalo mosadi yo yo o neng a ineetse mo kobamelong ya medingwana o ne a se na keletso epe ya go nna moobamedi wa Modimo yo o Esi wa Boammaaruri, mme go na le moo o ne a tla ka maikaelelo a a neng a sa belaele a go faposa Iseraele mo Moreneng.

Jaanong Baiseraele (merafe e e lesome) ba ne ba setse ba itse gore go obamela dinamane tsa gouta go ne go kaya eng, mme ba ne ba ise ba rekisediwe kobamelo ya medingwana, ka gonne Modimo o ne o obamelwa mme molao wa ga Moshe o ne o amogelwa. Mme go tloga ka nako ya fa Ahabe a ne a nyala Jesebele, kobamelo ya medingwana e ne ya anamale go oketsega ka tsela e e utlwisang bothoko. Fa mosadi yo a ne a nna moperesiti mo ditempeleng tse a neng a di agetse Astarte (Venus) le Baale (eleng modimo wa letsatsi) Baiseraele ba ne ba tsena mo mathateng.

Re akantse ka seno jaanong re ka simolola go bona se Moya wa Modimo o se dirang mo pakeng e ya Thiatira. Ke e.
Ahabe o ne a nyala Jesebele mme o ne a dira jalo e le tsela ya bopolotiki ya go nonotsha bogosi ja gagwe le go bo sireletsa. Ke sone tota se kereke e neng ya se dira fa e ne e nyalana le puso ka nako ya ga Constantine. Boobabedi ba ne ba kopana ka mabaka a sepolotiki, le fa gone ba ne ba dira ekare ke sengwe sa semowa. Gone jaanong ga go na ope yo o ka dirang gore ke dumele gore Constantine e ne e le Mokeresete. E ne e le moheitane yo o neng a lebega jaaka Mokeresete. O ne a takile difapaano tse ditshweu mo dithebeeng tsa masole. E ne e le ene mosimolodi wa Knights of Columbus. O ne a baya sefapaano mo toreng ya kereke ya St. Sophia mme ka go dira jalo a simolola ngwao.

E ne e le mogopolo wa ga Constantine go phutha batho botlhe, baheitane, Bakeresete ba leina fela le Bakeresete ba boammaaruri. Mme ka lobakanyana go ne go lebega e kete o tla atlega ka gonne badumedi ba boammaaruri ba ne ba tla go bona gore a ba ka kgona go busetsa ba ba neng ba kgelogetse kgakala le Lefoko. Fa ba ne ba bona gore ba ne ba ka se kgone go ba busetsa mo boammaaruring, ba ne ba patelesega go kgaogana le setlhopha sa sepolotiki. Mme fa ba dira jalo, ba ne ba bidiwa diingaudi mme ba bogisiwa.

Mma ke go bolelele gore re na le selo se se tshwanang se se diragalang jaanong. Batho botlhe ba a phuthegana ba kopana. Ba kwala Baebele e e tla tshwanelang mongwe le mongwe e ka tswa e le Mojuda, Mokatoliki kana Moporotesetanta. Ba na le Lekgotla la bone la Nicaea mme ba le bitsa Lekgotla la dikereke tsa mafatshe. Mme a o itse gore mekgatlho e yotlhe e lwa le mang? Ba lwa le Pentekosete ya boammaaruri. Ga ke bue ka mokgatlho o o bidiwang Pentekosete. Ke raya bao e leng ba Pentekosete ka gonne ba tletse ka Moya o o Boitshepo mme ba na le ditshupo le dimpho mo gare ga bone ka gonne ba tsamaya mo boammaaruring.

Fa Ahabe a ne a nyala Jesebele ka mabaka a bopolotiki o ne a rekisa botsalwapele ja gagwe. O nna leloko la mokgatlho mongwe mme o rekisa botsalwapele ja gago, mokaulengwe, a o batla go dumela kana nnyaa. Setlhopha sengwe le sengwe sa Baporotesetanta se se kileng sa tswa mme sa boela morago se ne sa rekisa botsalwapele ja gago, mme fa o rekisa botsalwapele, o tshwana fela le Esau- o ka lela le go ikwatlhaya go ya kafa o batlang ka teng, mme ga go kitla go go thusa ka sepe. Go na le selo se le sengwe fela se le ka se dirang mme ke gore, “Tswang mo go ene, batho ba me, mme le se ka la nna le seabe mo maleong a gagwe!” Jaanong fa e le gore ga o akanye gore ke nepile, araba potso e e le nngwe fela. A go na le motho ope yo o tshelang yo o ka mpolelelang gore ke kereke efe kana ke kgato efe ya Modimo e e kileng ya tsosolosiwa mme ya boa morago ga gore e tsene mo mokgatlhong mme ya nna lekoko? Balang mo ditsong. Ga o kgone go bona ope- le fa e le nngwe.

E ne e le nako ya bosigogare mo Iseraele fa a ne a ikopanya le lefatshe mme a tlogela dilo tsa asemoya mme a tsena mo dipolotiking. E ne e le ka nako ya bosigogare kwa Nicaea fa kereke e ne e dira selo se se tshwanang. Jaanong ke bosigogare fa dikereke di kopana jaanong.

Jaanong fa Ahabe a ne a nyala Jesebele o ne a mo letla gore a tseye madi a puso mme a age matlo a mabedi a magolo a kobamelo ya ga Ashethorethe le Baale. E e neng e agetswe Baale e ne e le kgolo mo e leng gore Baiseraele botlhe ba ne ba ka ya go e obamela. Mme fa Constantine le kereke ba ne ba nyalana o ne a ba naya dikago tsa kereke, a ba a tlhoma dibeso le ditshwantsho, mme a rulaganya thulaganyo ya maemo a a kwa godimo e e neng e setse e ntse e bopiwa.

Fa Jesebele a sena go nna le maatla a puso o ne a pateletsa batho go nna mo bodumeding ja gagwe mme a bolaya baporofeti le baperesiti ba Modimo. Go ne ga nna maswe thata mo Elija, morongwa wa paka ya gagwe, a neng a akanya gore ke ene fela yo o setseng, mme Modimo o ne a na le ba bangwe ba le 7000 ba ba neng ba sa khubamela Baale. Mme gone jaanong mo madumeding ao a Baptist, Methodist, Presbyterian, jalo le jalo, go na le bangwe ba ba tla tswang mme ba boele kwa Modimong. Ke batla gore o itse gore ga ke kgatlhanong le batho e bile ga ke ise ke ko ke nne kgatlhanong le bone. Ke lekoko-le tsamaiso ya makoko e keleng kgatlhanong le yone. Ke tshwanetse go nna kgatlhanong le yone ka gonne Modimo o di tlhoile.

Jaanong a re emeng fano ka motsotso mme re bo re boeletsa se re se buileng ka kobamelo ya kwa Thiatira. Ke ne ka mmolelela gore ba ne ba obamela Apollo (yo e neng e le modimo wa letsatsi) mmogo le mmusimogolo. Jaanong Apollo yono o ne a bidiwa 'yo o tlhagisang bosula.' O ne a tlosa bosula mo bathong. O ne a ba segofatsa mme a nna modimo wa mmatota mo go bone. O ne a tshwanetse go ruta batho. O ne a tlhalosa ka kobamelo, meletlo ya tempele, tirelo ya medimo, ditlhabelo le loso le botshelo morago ga loso. Tsela e a neng a dira seno ka yone e ne e le ka moperofeti wa mosadi yo o neng a dutse mo setulong se se nang le setulo sa maoto a mararo. Hei! A o a e bona?? Moporofeti yo wa mosadi yo o bidiwang Jesebele o teng mme o ruta batho. Mme thuto ya gagwe e tsietsa batlhanka ba Modimo mme e ba dira gore ba dire kgokafalo Jaanong kgokafalo e kaya 'go obamela medingwana.' Seo ke sone se sekao sa sone sa semowa. Ke kgolagano e e seng kafa molaong. Kgolagano ya ga Ahabe le ya ga Constantine ka bobedi e ne e se kafa molaong. Boobabedi ba ne ba dira kgokafalo ya semowa. Moakafadi mongwe le mongwe o tla felela mo letsheng la molelo. Modimo o buile jalo.

Balang molaetsa... Kereke ya Paka ya Thiatira.

Download... Jezebel Religion.


  Ditemana ya re...

Yo o fenyang, le yo o bolokelang ditiro tsa me go ya kwa bofelong, ke ene yo ke tlaa mo nayang taolo mo merafeng:

Mme o tlaa e laola ka tsamma ya tshipi; fela jaaka dijana tsa mmopi di tle di thubaganngwe; jaaka le nna ke amogetse mo go Rre.

Mme ke tlaa mo naya naledi ya moso.

Tshenolo 2:26-28



Lokwalo le la Tshenolo.
Bonang ditsebe latelang.
(Laodikia - paka ya rona.)


English Newsletter Site.

Lokwalo le la
Tshenolo.

Modimo le
Bitsaanape.Index.

Evañgelio.
Yesu, a re itsephisa
mo libeñ cotle.

Kolobetso ya metsi.

 
 

Maru a legorimo.

Pilara ea Molelo.

Bomodimo jwa ga
Jeso Keresete.

Acts of the Prophet.

(English) 

Dipakeng tsa
Dikereke tse supa.

The Seven Seals.

(English) 

Lefoko le le Tshelang.
Molao wa tsalo.

Areke ya Noe.

 

Nako ya bofelo
dithuto.

Peo ya Kgogela.
Apole ?

Masaitseweng a
Babilone.

Click on an image to download PDFs or fullsize picture.


Acts of the Prophet.

(PDFs English)

The Two Babylons

by Rev Alexander Hislop.
(PDF English)

Mountainside and
rosebush in snow,
in China.

Lilelia ea Molelo.

Pilara ea Molelo.
- Houston 1950.

Light on pyramid
rock.


 


Molaetsa Hub... Balang molaetsa mo Mokaulengwe Branham.