Maatla a Phetolo ya Modimo.
<< fetileng
latelang >>
William Branham.Buisa molaetsa...
Maatla a Phetolo ya Modimo.Jaanong mo Lekwalong la Baroma, 12:1-2, re rata go bala Efangeli.
Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng.
Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno: mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo... le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.Jaanong, ga Morena a ratile, Ke rata go tsaya sethogo same mo mosong ono, sa: Maatla a Phetolo ya Modimo. Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno: mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo... le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.
Ke sethogo se segologolo se se tlwaelesegileng se se dirisitsweng ke baruti ba bantsi ka nako tsotlhe. Se sale sentse se dirisiwa go tloga ka nako e se neng se kwadiwa. Mme le fa gontse jalo, sengwe ka lefoko la Modimo, ke gore ga le ke le tsofala, ka gore ke Modimo. Ga le ke le tsofala. Jaanong mo kokomaneng engwe le engwe, go ka nna dingwaga kana gaufi le dingwaga tse di didikadike tse di masome mabedi le boferabobedi kana go feta foo, Lefoko le la Modimo le badilwe ke batho, baporisita, le jalo, mme ga le ke le nna legologolo. Ke sale kentse ke le bala, ka bonna, mo dingwageng tse di masome mararo le botlhano. Mme nako ngwe le ngwe ga ke le bala, ke fitlhela sengwe se sesha se ke neng ke sa selemoga lantlha ga ke le bala. Ka gore, le tlhotlheleditswe, Ke Modimo a le mo mokwalong. Le a bona, ke dikakanyo tsa Modimo tse di buang, mme di kwadilwe mo pampiring.
Gantsi, motho o a re, “Ee, jaanong, motho o kwadile Baebele.” Nyaa. Baebele ya re, ka boyone, gore Modimo o kwadile Baebele. Ke Lefoko la Modimo. Gape ga le ketla le palelwa. Jeso a re, “Legodimo le lefatshe di tla palelwa, di tla feta, mme Mafoko a Gagwe ga a kake a palelwa.” Mme ga le ketla le palelwa, ka go bo e le Modimo, ka gore ke karolo ya Gagwe. Mme ka go bo ole morwa le morwadi wa gagwe, o karolo ya lone, mme mo o go go dira karolo ya Gagwe. Jalo ke sone se re tang re kopana ga rona mmogo re kokoanetse Lefoko la Modimo.
Jaanong lefoko le fetotswe, ke ne ka le lebelela mo thanoding, maabane. Ga, ke ne ke ratile go timela ke nako e ke neng ke tshwanetse go bo ke le fa, ga ke ne ke bata setlhogo se ke ka buang ka ga sone, mme ke ne ka bona lefoko le, kana setlhogo se, ke raya Temana e. Mme mo thanoding ya re ke sengwe se se “sengwe se se fetotsweng.” Ke go “fetotswe.” Fetotswe, “go dirilwe pharologano le ka fa go ne gontse.” It's been, “mokgwa wa sone le sengwe le sengwe se se mo go sone”, go fetola.
Mme mo mosong ono ke akanya, mo go Genesise 1. Lefatshe le le ne le sena popego, gape le loleya, mme lefifi le ne le apere lefatshe; go se sepe fela ga e se tobekano. Mme ga lefatshe le le ne le le mo seemong se sentseng jalo, Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi, mme tebogo yotlhe ya lefatshe e ne ya fetoga; go tswa mo tobekanong, go nna tshimo ya of Edene. Ke Maatla a phetolo ya Modimo, e ka tsaya se e se sepe mme e dire sengwe se se itumedisang. Maatla a phetolo ya Modimo!
Mme ga re bala Ditemana, re tlhaloganya gore, Modimo o ne borataro— o tsere didikadike tsa dingwaga tse di thataro a baakanyetsa Edene e. Jaanong, e ka tswa e se lebaka le le leele mo go kalo; ke a akanyetsa, gape ke go tsaya mo Temaneng ga e reng “letsatsi le lengwe le Modimo ke sediksdike sa dingwaga mo lefatsheng.” ga Modimo a ka bala nako. Mme a o re o tsere dingwaga tse di didikadike tse thataro go dira lefatshe, gape o lemile peo e e simaneng mo lefatsheng. Go ne go na le sengwe le sengwe se se itekanetseng.
Ke akanya, makgetlho a mantsi, ga le bakgadi ba simolola go bala Lokwalo la Genesise, ba simolola go le kgala, ka gore le lebega e kare le a ipoeletsa, kana le latlhela fa le fale. Mme ga re ka elathoko ka nako e kgutshwane, pele gare tsena mo setlhogong sa rona, gore Moshe o ne a bona ponatshegelo. Mme Modimo o ne a bua le ene. Modimo o ne a bua le Moshe ba lebagantse difatlhogo, mafoko a gagwe a tswa mo dipounameng a tsena mo tsebeng. Jaanong, ga a ise a ko a bue le motho ope jalo, jaaka a ne a bua le Moshe. Jaanong Moshe e ne e le mongwe wa baporofeta ba ba golo thata. E ne e le tshwantsho ya ga Keresete. Mme, jaanong Modimo o kgona go bua, O na le lentswe. Le utulwe. Modimo o kgona go bua.
Gape Modimo o kgona go kwala. Modimo o kwadile Ditaelo tse di lesome ka mowana wa Gagwe. O kwadile mo makomeng a Babylon nako ngwe, ka monwana wa Gagwe. O ne a ikokobetsa mme a kwala mo motlhabeng nako nngwe, ka monwana wa Gagwe. Modimo o kgona go bua. Modimo o kgona go bala. Modimo o kgona go kwala. Modimo ke Motswedi wa ditshegofatso tsotlhe le Maatla, le botlhale jotlhe ja bomodimo, ke Modimo. Jalo he, re itse gore ke Ene fela Mmopi yo o teng. Ga gona mmopi yo mongwe ga e se Modimo. Satane ga kgone go bopa, gotlhelele, sa gagwe ke go senya se se setseng se bopilwe. MMe Modimo ke e ne Mmopi.
Jalo he, O bopile ka Lefoko la Gagwe. O ne a romela Lefoko la Gagwe. Jalo dipeo tsotle tse a di beileng mo lefatsheng, O ne a bopa dipeo tseo ka Lefoko la Gagwe, ka gore go ne go sena sepe sa do se dirisa go dira peo. O ne a di beile, mme di ne di le ka fa tlase ga metsi. O ne a re fela, “A go nne se, le a go nne sele.”
Jaanong re fitlhela gore, gantsi, go lebega e kare Baebele e a ipoeletsa kana e bua ka sengwe se e sa se reeng. Go fa sekai, mo go Genesis 1 re lemoga gore, “Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.” Mme A tswelela, mme dilo dile dintsi di ne tsa diragala mo lefatsheng. Jaanong re tla re fitlhela, gore go ne go sena motho yo o ka lemang mmu. “Go tswa foo Modimo a bopa motho ka lorole la mmu.” Yo o e ne e le motho yo o farologanyeng. “Mme a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.”
Motho wa ntlha o ne a le mo sepopong sa Modimo, e leng Mowa. Johane 4, a re, “Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.” Mme Modimo ke Mowa. Mme motho wa ntlha, yo o neng a mmopa, e ne e le motho yo mo moweng, gape o ne a le mo popegong le tshwano ya Modimo. Mme a ba a tsenya motho yo mo nameng, mme motho a robala. Jalo foo Modimo a ba atlamme a nna mo popegong ya motho, gore a rekolole motho yo o oleng ka ntata ya sebe. Ke yone polelo ya mmatota ya Efangeli, go ya ka fa ke bonang ka teng.
Jaanong, Modimo, mo dingwageng tse di didikadike, o jadile dipeo tse tsotlhe tse di itumedisang, kana O buile Lefoko la Gagwe. “Go tla nna ka tsla e e ntseng jaana. Setlhare se se tla nna. Mo go tla nna.” Sengwe le sengwe se ne se itekanetse. Go ne go siame. Mme O ne A laela peo nngwe le nngwe tseo gore di nna, di tla iphetolela go nna dijalo tsa mofuta o Lefoko la odimo buileng go re di tla o nna. Ga e ne e le setlhare sa moakere, se ne se tshwanelwa ke go ungwa moakere. Ga e ne e le sa mokolwanele, se tla ugwa mokolwane.
Ka gore Mmopi mogolo O sa tswa go romela Lefoko la Gagwe, mme Lefoko Peo le ne le le teng pele ga peo ya mmatota e bopiwa. Mme Lefoko la bopa peo. Le a bona, “O dirile lefatshe ka dilo tse di s bonafaleng.” Le a bona, O dirile lefatshe ka Lefoko la Gagwe. Modimo o buile sengwe le sengwe gore se nne teng mo lefatsheng.
Mme go bo e le Modimo, Mmopi, a bua dilo tsotlhe go re di nne teng mo lefatsheng, e tshwanetse go e ne e le lefoko le le itekanetseng. E ne e le lefelo le le ntle. E ne e le paradaese ya mmarota fano mo le fatshenga. Janaong, jaaka, lefelo lengwe lengwe le tshwnelwa ke go nna le ntlokgolo go lo gongwe. Bokopano jo bo tshwanetse ja nna le ntlokgolo, le kgaolo e e na le ntlokgolo, le kereke e na le ntlokgolo. Le Modimo o nale ntlokgolo. Mme jalo lefoko le legolo lle, naga e re nna mo go yone, e na le ntlokgolo. Mme jalo tshimo e e kgolo ya Edene e ne e na le ntllokgolo, mme ntlokgolo ya yone e ne e busiwa mo tshimong ya Edene, kana mo Edene, kwa botlhaba ja Tshimo. Mme Modimo o ne a baya morwa le monyadiwa wa morwa wa Gagwe, Adamo Le Efa, gore ba buse lepopo la Gagwe fano mo lefatsheng.
Modimo e ne e le rraagwe Adamo. “Adamo e ne e le... morwa wa Modimo,” go ya ka Ditemana. E ne e le morwa wa Modimo. Mme Modimo o ne a mo direla mothusi, a mo ntsha mo mmeleng wa gagwe; gongwe legopo gotswa fa godimo ga pelo ya gagwe, gore a anne gaufi le ene, mme a mo direla mothusi. E ne e ise e nne mosadi wa gagwe, gape e ne e ise e nne moth; O ne a sa tswa go bua fela. Mme ke gone ha mathata a tswang teng, Satane o ne a kopana le ene pele ga Adamo a kopana le ene. Jalo, e ne e le Lefoko la Gagwe fela le a neng A sa tswa go le bua.
-----
Mme rotlhe re santse re le mo setshwanong sa Modimo. Mme bangwe ba barwa ba Modimo ba bopologile, jaaka, tsamaya kgatlhanong le Lefoko la Gagwe le ka tsela e a e ree kaetseng gore re tsamaye mo go yone. Ke bata go bua sengwe, lefatshe le a re tsietsa gore re tswe mo tseleng, le re gogela gaufi le lone, mme kgakala le mmila o o thamaletseng o o mosesane o a re jadile mo go one, go nna barwa le barwadia Modimo. Sebe dirile selo se se se bosula mo barweng le le barwadi ba Modimo.-----
Jaanong go lona ba ba mo kgasong, gope ko le le gone, ke bata gore le amogele Keresete jaaka Mmoloki wa lona, mme le tlatswe ka Mowa wa gagwe, lona ba le le reeditseng kwantle koo. Mafoko a a buiwang mo mosong ono, a a wele mo pelong tsa lona. Mme le amogele Jeso lgone koo. Mme lepa botshelo ja gago , gape o leebelele gore o tsela jang morago ga moo. Mme tsayang Sefo ya motho yo o akanyang fa. Ga o ipona o dira sengwe se se kgatlhanong le Lefoko le, suta mo go sone, gone ka bonako. Le a bona? Ka gore, gona le Sefo e e kganelelang leso kgakala le wena, ke Lefoko la Modimo. Mafoko a gagwe ke Botshelo, mme a tla go kganelela kgakala le leso.Buisa molaetsa...
Maatla a Phetolo ya Modimo.